Wikipedia:Today's featured article/Phukwi 5, 2022
Toropo ya Gaborone e agetswe fa gare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, mo borwabotlhaba jwa Botswana, gape e gaufi le molelwane wa Aforika Borwa. Toropo e e, nale lebala la difofane la Sir Seretse Khama kwa difofane di gorogelang teng. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya metse e e mo borwabotlhaba. Melao ya Botswana,lephata la selegae. Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs kana GC fa ba e boka .
Gaborone o ne a agiwa go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960 fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, fa e nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso . Toropo e ke nngwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aforika Borwa ka ngwaga wa 1980.Bala di feletse