Willem Konjore
| Motlotlegi Moruti Willem Konjore | |
|---|---|
| Tona wa banana, metshameko le ngwao | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | John Mutorwa |
| Morago Ga Gagwe | Kazenambo Kazenambo |
| Tona wa tsa tikologo le bojanala | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Pele Ga Gagwe | Philemon Malima |
| Morago Ga Gagwe | Netumbo Nandi-Ndaitwah |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Phukwi a le malatsi a le masome mararo ngwaga wa 1945 Kais, Namibia |
| O Tlhokafetse | Seetebosigo a le lesome le motso ngwaga wa 2021 Windhoek, Namibia |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Mo/Bakapelo | Elsie Anastasia Konjore |
| Bana | ba robabongwe |
| Bonno | Vaalgras, kwa kgaolong ya Karas |
| Tiro | Mopolotiki |
Moruti Willem Konjore (o o tshotsweng ka Phukwi a le malatsi a a masome mararo ngwaga wa 1945 a tlhokafala ka Seetebosigo a le lesome le motso ngwaga wa 2021) e ne e le mopolotiki kwa Namibia. E ne e le leloko la palamente gape e le motsamaisa dipuisano tsa palamente, o berekile mo palamenteng go tswa ka 2005 go tsena 2010.
Botshelo jwa a ale mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Konjore o tshotswe ka Phukwi a le masome mararo ngwaga wa 1945 kwa Kais, motsana o o kwa kgaolong e e bidiwang Karas gompieno. O ithutetse borutabana go tswa ka 1966 go tsena 1967 kwa St. Joseph's Teacher Training Centre kwa Dobra, a ithutela boruti kwa Diocese of Keetmanshoop le Mariental go tswa ka 1976 go tsena 1979. Go tswa ka 1968 go tsena 19990 o ne a bereka mo dikolong tse di farologaneng, pele e le morutabana kwa Tses kwa bokone jwa Namibia, morago e le mogokgo kwa Khorixas.[1]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]E le leloko la SWAPO, Konjore e ne e le leloko la palamente ya Namibia kwa tshimologong ya palamente ka 1989 go fitlhelela kwa phelelong ya ditlhopho tsa palamente ya botlhano ka 2010. O berekile e le mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente e go stwa ka 2000 go tsena 2005.[2]
O ne a tlhomiwa tona wa tsa tikologo le bojanala ka 2005, a fudusediwa kwa lephateng la banana, tirelo, metshameko le ngwao ka 2008.[1]
Konjore o ne a nyetse Elsie Atanasia Konjore go tswa kwa Vaalgras. Ba ne ba na le bana ba batlhano. Mosadi wa gagwe o nea tlhokafala ka 2013.[3] Ka letsatsi la bagaka ka 2014 o ne a fiwa tlotla ya "Most Brilliant Order of the sun, ya maemo a bobedi.[4] Willem Konjore o tlhokafetse ka Seetebosigo a le malatsia a lesome ngwaga wa 2021 kwa Windhoek.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Konjore Willem". Parliament of Namibia. Retrieved 07 October 2025.
- ↑ Willem Konjore at Namibia Institute for Democracy
- ↑ Upula, Levi. "Beloved Mother of Vaalgras laid to rest". SWAPO. Archived from the original on 30 August 2018. Retrieved 07 October 2025.
- ↑ "Namibians honoured by President". New Era. 28 August 2014. Archived from the original on 29 June 2018. Retrieved 07 October 2025.
- ↑ "Voormalige parlementslid en minister, eerwaarde Willem Konjore, sterf in Windhoek" [Former Head of Parliament and Minister, Honourable Willem Konjore, dies in Windhoek]. Republikein (in Afrikaans). NAMPA. 11 June 2021.