William Andrew Smith
William Andrew Smith o tshotswe ka ngwaga wa 1802 a bo a tlhokafala ka ngwaga wa 1870. E ne ele tautona wa sekolo sa Amerika gape e le moruti.
Botshelo le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]William Andrew Smith o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferebongwe ka ngwaga wa 1802 kwa Fredericksburg, Virginia[1]. Ke ngwana wa Rre William le mme Mary (Porter) Smith[2]. Mme mmagwe William o tlhokafetse bakeng sa bolwetsi ka ngwaga wa 1804 fa Rre rragwe a bolailwe ke badire ka ene ba dikgwebo ka ngwaga wa 1813[2].
Rre Smith e ne e le moreri wa kereke ya Methodist Episcopal Church. O simolotse diteko tsa gagwe ka ngwaga wa 1825 a difeletsa ka ngwaga wa 1827 e na moreri. Rre Smith o ne a tlhophilwe gona tautona ya sekolo sa Randolph-Macon kwa Ashland, Virginia ka ngwaga wa 1846[1]. E ne ele porofesa wa maitsholo le filosophi ya botlhale kwa sekolong. Rre Smith o ne a sekgatlhanong le bokgoba. O ne a ntshitse metseletsele wa dithero tsa filosofi le ditiro tsa bokgoba tse dineng tsa supiwa kwa sekolong sa bokgoba jwa mo gae ko Amerika le ditiro tsa batlhokomedi ba makgoba ka ngwaga wa 1856[1].[3]
Ka ngwaga wa 1866, rre Smith o ne a tlhogela maemo a bo tautona. A tswelela ka goya gona moruti wa kereke ya Centenary kwa St. Louis ,Missouri. Ka ngwaga wa 1868 , o ne tlhophiwa go na tautona wa botlhano wa Sekolo sa Central (sebiwa Central Methodist University ka nako ya gompieno) ko Fayette , Missouri jaaka se ne se similola go bereka morago ga ntwa ya selegae ya Amerika[4].
Rre Smith o tlhokafetse ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola ga nngwe ka ngwaga wa 1870 kwa Richmond, Virginia[1].
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "William A. Smith (William Andrew), 1802-1870". Documenting the American South. University of North Carolina. Retrieved May 12, 2020.
- 1 2 ''Spann, J.R. (June 1916). "William Andrew Smith, D.D." The John P. Branch Historical Papers of Randolph-Macon College. IV (4): 347–363. Retrieved June 8, 2020
- ↑ ''Lectures on the Philosophy and Practice of Slavery". Documenting the American South. University of North Carolina. Retrieved May 12, 2020.
- ↑ "Past Presidents". Central Methodist University. Retrieved June 8, 2020.