Jump to content

Winnie Mashaba

Go tswa ko Wikipedia

Winnie Mashaba ke seopedi sa efangele sa Aforikaborwa, mogasi wa thelebišene, le mosadi wa kgwebo . O bonwe le go golela kwa motseng wa Kgoši Phasha kwa Steelpoort, mme o ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha ya Exodus 20 ka ngwaga wa 2000.[1]

Botshelo jwa bogologolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Winnie Mashaba o tsene sekolo kwa Sekolosegolong sa Mashupje mme a se tlogela ka bonako morago ga go falola Kereiti ya 11 ka 1998 go tsweletsa lorato lwa gagwe lwa mmino wa seefangele. O ne a bona katlego ya gagwe ya ntlha fa a sena go ya kwa Solly Moholo. Ka bonako morago ga go dira tlhopho, o ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha, Exodus 20 e e golotsweng ka 2000.[ O ne a tlhophiwa mo dikgele di le dintsi, go akaretsa le Kora for Best African Spiritual Female ka 2005. Dikgele tse dingwe di akaretsa South African Music Awards (SAMA), South African Gospel Awards le Metro FM Music Awards. Ka 2010 o ne a bidiwa Best Female Artist kwa Crown Gospel Awards. O ne a nna moanelwamotlaleletsi wa thelebišene mo thulaganyong ya Dumisa ka ngwaga wa 2015.

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.news24.com/drum/celebs/news/its-only-the-beginning-of-great-things-dr-winnie-mashaba-celebrates-25-years-in-the-music-industry-20230313