Jump to content

Wole Soyinka

Go tswa ko Wikipedia
Wole Soyinka
Wole Soyinka in 2018 (3x4 cropped)
Soyinka ka ngwaga wa 2018
Tsalo
Akinwande Oluwole Babatunde Soyinka

(1934-07-13) 13 July 1934 (age 92)

Akinwande Oluwole Babatunde Soyinka[1] (o tshotswe ka 13 Phukwi 1934) ke mokwadi wa padi le metshameko, ga mmogo le mmoki, wa kwa Nigeria. O kwadile dipadi tse tharo, dikgolaganyo tse lesome tsa dikhutshwe, metshameko e masome-mabedi le botlhano, le dibuka ka gagwe tse tlhano.[2] O buile gape a ranola dikwalo tse pedi, ga mmogo le go kwala dipego le dikhutshwe tsa dipampiri tsa dikgang le bagatisi ba bangwe ba go nna jalo. O ne a atswiwa ka tota ya Nobel Prize in Literature ya 1986.[3]

O tsaletswe mo lelapeng la batho ba ngwao ya seYoruba e e neng e amogetse tumelo ya seAnglican, mo legaeng la Aké, Abeokuta.[4][5] Soyinka o ithutile kwa Government College, Ibadan, a bo a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa University College, Ibadan. E rile a sa ntse e le moithuti, o ne a nna mongwe wa basimolodise ba Pyrate Confraternity.[6] Soyinka o ne a tlogela Nigeria a ya go ithuta kwa Enyelane, mo Yunibesithi ya Leeds. Mo go yone nako eo, o ne a nna moeteledipele wa mmakasine wa sekolo, The Eagle, pele fa a ka nna mokwadi yo a feletseng, mo 'ngwageng tsa bo 1950.[7] Kwa Enyelane, o ne a simolola go kwala dikhutshwe le go dira direkoto tsa dithathelelo-dithuto tsa ba BBC. O kwadile metshameko e se kana ka sepe, e e neng ya diragatswa mo seromamoweng le mo ntlong tsa metshameko mo Nigeria le Enyelane, segolo bogolo mo Royal Court Theatre.[8]

  1. ↑ Dauda & Falola 2021, p. 34.
  2. ↑ Gibbs, James (1986). Wole Soyinka. Basingstoke: Macmillan. p. 3. ISBN 9780333305287.
  3. ↑ Abdullahi, Idowu (11 October 2024). "Nobel Laureate award exposed me to danger". The Punch. Retrieved 6 January 2026.
  4. ↑ "Professor Wole Soyinka – DAWN Commission". Retrieved 18 February 2026
  5. ↑ "About Wole Soyinka". Wole Soyinka Lecture Series. Retrieved 18 February 2026.
  6. ↑ "About Wole Soyinka". Wole Soyinka Lecture Series. Retrieved 18 February 2026.
  7. ↑ "Wole Soyinka – Narrative Landscape Press". Retrieved 18 February 2026.
  8. ↑ "Black Plays 1960s". Royal Court - Living Archive. Retrieved 18 February 2026.