Xoli Zondi
Xoli Zondi | |
|---|---|
| Tsalo | Xolisile Zondi 17 September 1983 Mpumalanga, South Africa |
| Maina amangwe | Xoli Zondi-Zamisa |
| Alma mater | Durban University of Technology |
| Tiro | Actress, Model |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2004–present |
| Mosadi | Phiwokuhle Zamisa (m. 2017) |
| Bana | 2 |
Xolisile Zamisa (Née Zondi) kgotsa fela Xoli Zondi-Zamisa (o tshotswe ka letsatsi la bo lesome lle bosupa ka Lwetse 1983), ke modiragatsi le motlelara wa Aforika Borwa. O tumile thata ka dikarolo tsa gagwe mo difiliming tsa thelebišene tsa Family Bonds, Generations le Single Galz.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Zondi o tshotswe Lwetse a le lesome le bosupa 1983 kwa Hammarsdale, Aforika Borwa. O weditse diploma ya dithuto tsa drama kwa Yunibesithing ya Thekenoloji ya Durban ka 2003.[1]
O na le morwadi a le mongwe yo o bidiwang Mandy go tswa mo botsalanong a sa ntse a le monnye thata, kwa a neng a ima teng a le dingwaga di le lesome le borataro.[2][3] O nyetswe ke Phiwokuhle Zamisa, mokhanselara wa kgotlana, kwa lenyalo le le neng la ketekelwa teng ka Sedimonthole a tlhola gabedi ka 2017.[4][5][6] Banyalani ba ba na le morwadi a le mongwe, Ukusa Zamisa yo o tshotsweng Phalane a le masome mabedi le borataro ka 2018.[7][8]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2004, o ne a simolola go diragatsa mo didrameng tsa bobogelo. Ka 2006, o ne a tsenelela motshameko wa metlae wa SABC1 wa Family Bonds mme a tshameka karolo ya "Winnie".[9] Motseletsele oo o ne wa ratwa thata, mme o ne a tswelela go tshameka karolo eo go fitlha ka 2009.[10] Morago ga moo, o ne a tshameka karolo e e tumileng ya "Zodwa Mabena" mo soapie ya SABC1 ya Generations go tloga ka 2010 go fitlha ka 2014.[11][12] Mo karolong eno, o ne a tlhophelwa Sekgele sa Modiragatsi yo o Tlhomologileng wa Motshegetsi kwa Dikabong tsa Royalty Soapie tsa 2013.[13] Ka 2013, o ne a tlhagelela mo kgaolong ya borataro ya "Hamba Voetsek" ya paka ya botlhano ya motseletsele wa dibuka tsa e.tv wa eKasi: Our Stories ka seabe sa "Smangele".[1] Ka 2014, o ne a tshameka karolo ya "Ntsiki", mo polelong ya SABC1 ya Single Galz.
Ka 2016, o ne a tshameka karolo ya go tshegetsa "Nqobile Gigaba" mo motseletseleng wa drama ya Mzansi Magic, Greed and Desire.[14] Ka 2020, o ne a tsenelela motseletsele wa drama wa e.tv, Imbewu e le moanelwa yo o lwalang tlhaloganyo "Violet".[15][16]
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Filimi | Karolo | Genre | Ref. |
|---|---|---|---|---|
| 2006 | Family Bonds | Winnie | TV series | |
| 2010 | Generations | Zodwa Mabena | TV series | |
| 2013 | eKasi: Our Stories | Smangele | TV series | |
| 2014 | Zaziwa | Herself | TV series | |
| 2014 | Mzansi Love | Londiwe | TV series | |
| 2014 | Single Galz | Ntsiki | TV series | |
| 2015 | Him, Her & the Guys | Ntombi Mkhize | TV series | |
| 2015 | Zabalaza | Amahle | TV series | |
| 2016 | Greed and Desire | Nqobile Gigaba | TV series | |
| 2017 | Easy Money | Khosi | TV series | |
| 2019 | Isipho | Nkanyezi Shezi | TV series | |
| 2021 | Imbewu: The Seed | Violeta Vilakazi | TV Series |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Xoli Zondi: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "Xoli Zondi shares her joy". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Faeza. "Actress Xoli Zondi didn't let pregnancy at a young age get her down". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "PICTURES: Generations actress says I do". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025. 30 Phalane 2025.
- ↑ Faeza. "Pics: Inside Xoli Zondi's traditional wedding". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Newly-wed Xoli Zondi shares her love story: From seperation [sic] to marriage". TimesLIVE. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Mkhize, Lesego. "IN PICS: Actress Xoli Zondi reveals pregnancy". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Gwala, Nompilo. "PIC: Xoli Zondi gives birth to her daughter". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "Catching up with Xoli Zondi". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Ex-Generations Actress Xoli Zondi Says She Won't Date 'Pretty Boys". Youth Village. 17 October 2016. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "Generations' Xoli is chasing a dream". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "Is there life after Zodwa?". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ "Nominees announced for the Royalty Soapie Awards Mzansi Magic's popular ISIBAYA leads with 19 nominations". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Digital, Drum. "Xoli's back on our screens". Drum. Retrieved 30 Phalane 2025.
- ↑ Mazibuko, Nonkululeko. "Xoli Zondi-Zamisa takes on mental illness in her new role on Imbewu". Drum. Retrieved 30 Phalane 2015.
- ↑ "Xoli Zondi-Zamisa Returns To TV With Role On Imbewu: The Seed". iHarare News. 13 October 2020. Retrieved 30 Phalane 2025.