Jump to content

Yasmeen Khan (motshameki wa kirikete)

Go tswa ko Wikipedia

Yasmeen Khan (yo o tshotsweng ka Firikgong ka 1999) ke motshameki wa kirikete wa kwa Namibia ebile e le mokapotene wa pele wa setlhopha sa bosetshaba sa kirikete sa basadi.[1][2] Ga jaana ke mothusa mokapotene wa setlhopha, o tshameka jaaka mmitse wa letsogo la moja, motiki wa letsogo la moja wa lebelo le le fa gare, le motshwari wa diwikete ka dinako dingwe.

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Khan o belegetswe kwa George, kwa kgaolong ya Kapa Bophirima kwa Aforika Borwa.[1][3] Ene le batsadi ba gagwe ba ne ba fudugela kwa Namibia fa a ne a le ka fa tlase ga ngwaga,[3] mme o godiseditswe kwa Windhoek.[4] Rraagwe o tswa kwa Karachi, Pakistan, mme o rata kirikete thata.[4][5] Mmaagwe e ne o rata metshameko le go feta.[4]

Fa Khan a sa ntse a le monnye, o ne a lebelela kirikete mo thelebisheneng le rraagwe. Gape o ne a tshameka motshameko oo kwa kwa lwapeng la bone.[3] Ka 2022, o ne a gakologelwa le The Express Tribune ka go etela Karachi a le dingwaga di le thataro, le go bona basimane ba tshameka kerikete mo mebileng: "... go ne go le thata, mme go lebega go le monate".[4] Fa a le dingwaga di le some, o ne a ikutlwa a godile go ka nna leloko la setlhopha sa basimane sa kirikete kwa sekolong se se potlana, mme a swetsa go tsaya motshameko ka tsela ya semmuso.[3]

Kwa tshimologong, Khan o ne a tshamekela setlhopha sa basimane ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boraro. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a tlhatlogela kwa setlhopheng sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le lesome le bosupa, go tswa foo a tlhatlogela kwa setlhopheng sa bobedi, mme kwa bofelong a tlhatlogela kwa setlhopheng sa ntlha. O ne a iponna gore go thata go tshameka le basimane, ka gonne ba ne ba itaya kgwele thata e bile e tika ka bonako. Gape ba ne ba tlhola ba dira metlae ka basetsana ba ba tshamekang kerikete, mme Khan o rile batshameki ka ene ga ba ise ba ko ba mo nyenyefatse.[5] Ba a neng a ba sala morago thata, e ne e le batshameki ba kirikete ba kwa Pakistan e bong Shahid Afridi, mme segolobogolo Younis Khan,[4] yo o neng a tlhotlheletsa mokgwa wa gagwe wa go itaya kgwele.[5] Gape o ne a tlhotlhelediwa ke Novak Djokovic le Alyssa Healy.[3][4]

Ngwaga morago ga go simolola go tshameka kirikete ya sekolo, Khan o ne a tsena mo setlhopheng sa bosetshaba sa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boraro Ka 2013, fa a na le dingwaga di le lesome le bone, o ne a bilediwa kwa setlhopheng sa bosetshaba sa basadi. Ka ngwaga wa 2018, morago ga go fetsa sekolo se segolo, o ne a tsaya ngwaga go ikatisetsa le go tshamekela lefatshe la gagwe.[5]

Tiro ya mo gae

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo gae kwa Namibia, Khan o tshamekela Zebras Cricket Club, jaaka motshameki wa makgonatsotlhe,[3]

Khan o ne a tlhophiwa ke setlhopha sa kgaolo ya Bophirima go tshameka mo setlheng sa 2021/22 sa thulaganyo ya kgaolo e le ya Basadi ya Cricket South Africa. O ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha ka Tlhakole a le lesome le bobedi ka 2022, mo motshamekong kgatlhanong le KwaZulu-Natal Inland .[6]

Tiro ya boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2013, morago ga go bitswa mo setlhopheng sa bosetshaba a na le dingwaga di le lesome le bone, Khan o ne a tshamekela setlhopha seo mo kgaisanong e e neng e tshwaretswe kwa Tanzania moragonyana mo ngwageng oo. Le fa go ntse jalo, ka nako eo ya botshelo jwa gagwe o ne a baya thulaganyo ya sekolo le maitlamo a gagwe kwa pele.[5]

Khan o ne a tshamekela Namibia mo motshamekong wa Women's Twenty20 International (WT20I) ka Phatwe a le masome mabedi ka 2018, kgatlhanong le Malawi mo kgaisanong 2018 Botswana Cricket Association Women's T20I Series kwa Gaborone, Botswana.[7] O ne gape a eteleletse setlhopha pele[7] mo motshamekong wa bone wa ntlhantlha wa WT20I.[8] Moragonyana mo kgaisanong eo, o ne a etelela Namibia pele go ya kwa makgaolakgannyeng,[8] go akaretsa le go nosa masome marataro le motso kgatlhanong le Lesotho.[9] Mo makgaolakgannyeng, kwa Namibia e neng ya fenya Sierra Leone ka wiwikete di robabongwe, o ne a nna motshameki wa motshameko ka go dira metabogo e le masome mararo le bosupa mo dikgweleng di masome mararo le boferabobedi.[8]

Ka Firikgong wa 2019, Khan o ne a etelela Namibia pele metseletseleng ya metshameko e e neng e tshamekiwa kwa Walvis Bay, Namibia[10] kgatlhanong le Zimbabwe. Dikgwedi tse tharo morago ga hoo, o ne a etelela pele Namibia mo motseletseleng o mongwe wa metshameko, kgatlhanong le Botswana kwa Windhoek.[11] Namibia e ne ya latlhegelwa ke motseletsele wa ntlha,[10][12] mme ya fenya wa bobedi,[11] ka Khan a le kwa godimo ga sekagare sa go itaya kgwele mo motseletseleng wa bofelo.[13]

Khan o ne a nna mokapotene wa setlhopha sa gagwe kwa kgaisanong ya ICC Women's Qualifier Africa kwa Harare, Zimbabwe. Morago ga go fenya setlhopha sa B, Namibia e ne ya fenngwa ke Zimbabwe kwa makgaolakgannyeng, mme go ya ka Khan, setlhopha se ne sa tsaya "... dilo tse dintsi tse di siameng ... "[14] Ka jalo Zimbabwe e ne ya iponna phatlha kwa kgaisanong ya 2019 ICC Women's World Twenty20 Qualifier le kgaisano ya 2021 Women's Cricket World Cup Qualifier.[15] Le fa go ntse jalo, ka International Cricket Council (ICC) e ne ya thibela Zimbabwe go tsaya karolo mo metshamekong ya ICC ka nakwana,[16][17] Namibia e ne ya tsaya maemo a setlhopha sa Zimbabwe mo motshamekong wa ntlha wa dikgaisanong tse pedi tseo.[18][19]

Ka Phatwe wa 2019, Khan o ne a etelela Namibia pele mo Twenty20 Qualifier, e e neng e tshwaretswe kwa Scotland.[20][21][22] O ne a le motshameki yo o dirileng metabogo e e eteletseng kwa pele, ka metabogo e le masome a matlhano le botlhano mo metshamekong e le metlhano.[23]

Ka ngwaga wa 2020, Khan o ne a ithola marapo a go nna mokapotene wa setlhopha, ka gonne dithuto tsa gagwe di ne di mo rwesa maikarabelo a mantsi.[5] Ka nako yone eo, morago ga go gobala mo mokwatleng, o ne a simolola go nna motshwari wa diwikete, e e leng tiro e a e tsereng fa go thusa setlhopha sa bosetshaba go dira jalo.[4]

Ka Motsheganong 2021, Khan o ne a tlhophiwa go nna motlatsa-mokapotene wa Namibia wa kgaisano ya 2021 Kwibuka Women's T20 kwa Kigali, Rwanda.[24] Mo motshamekong wa bolesome, kgatlhanong le Botswana, o ne a nosa 31*,[25] mme mo seka-makgaolakgannyeng a ntlha, kgatlhanong le Nigeria, o ne a nna motshameki wa motshameko, ka 78*. Morago ga fa Kenya e sena go fenya Namibia kwa makgaolakgannyeng, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa kgaisano,[26] se se tlhophilweng ke Rwanda Cricket Association.[27] Ka Lwetse wa 2021, o ne a tshameka mo kgaisanong ya ICC Women's T20 World Cup Africa Qualifier kwa Gaborone, Botswana, kwa Namibia e feditseng e le nngwe ya ditlhopha tse nne tse di tseneng mo kgaisanong e e latelang.[28] Mo kabo-dimphong ya ngwaga le ngwaga ya 2020/21 ya Namibia, o ne a tlhophiwa jaaka motshameki yoo betsang kgwele go gaisa, wa ngwaga wa setlhopha sa bosetshaba. [29]

Ka Moranang wa 2022, Khan o ne a tshameka mo 2022 Capricorn Women's Tri-Series kwa Windhoek. Mo motshamekong wa ntlha wa kgaisano, magareng ga Namibia le Zimbabwe, o ne a nosa masome a mararo le borataro go nna le seabe se segolo mo phenyong ya ntlha ya Namibia kgatlhanong le leloko le le tletseng la ICC.[30][31] Zimbabwe e ne ya fenya Namibia kwa makgaolakgannyeng a metshameko e meraro, ka diwikete di le supa.[32]

Kwa ntle ga lebala

[fetola | Fetola Motswedi]

ka ngwaga wa 2022, Khan o ne a ithuta tsa tlhaeletsano le ditshwantsho.[4] O rata mmino, mme ka dinako tse dingwe o tshameka katara, e seng ka tsela e a neng a ka rata ka yone. Gape ke mokapaditshwantsho le motlhami.[5]

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 "Yasmeen Khan". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
  2. "Yasmeen Khan looking forward to putting Namibia in the spotlight". International Cricket Council. Retrieved 15 February 2025.
  3. 1 2 3 4 5 6 Uugwanga, Michael (5 November 2020). "Khan taking cricket by storm". Confidente. Retrieved 15 February 2025.
  4. 1 2 3 4 5 6 7 8 Raheel, Natasha (28 April 2022). "Meet Yasmeen: Namibia's star cricketer". The Express Tribune. Retrieved 15 February 2025.
  5. 1 2 3 4 5 6 7 "Interview: Yasmeen Khan – Vice Captain of Namibia Women's Cricket Team". Female Cricket. 17 April 2022. Retrieved 15 February 202.
  6. End of the innings". Western Province Women's Cricket. Facebook. 12 February 2022. Retrieved 15 February 2025.
  7. 1 2 "2nd Match, Botswana Cricket Association Women's T20I Series at Gaborone (Oval 2), Aug 20 2018". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  8. 1 2 3 "Botswana 7s tournament: A complete round-up". Women's Criczone. 30 August 2018. Archived from the original on 4 January 2019. Retrieved 16 February 2025.
  9. "Full Scorecard of NAM Women vs LES Women 11th Match 2018 - Score Report". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  10. 1 2 "Zimbabwe Women tour of Namibia - Cricket Schedules, Updates, Results". ESPNcricinfo. Retrieved 15 February 2025.
  11. 1 2 "Botswana Women tour of Namibia, BOT-W in Namibia 2019 score, Match schedules, fixtures, points table, results, news". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  12. Sibanda, Mehluli (13 January 2019). "Lady Chevrons buzzing after white wash". The Sunday News (Bulawayo). Retrieved 16 February 2025.
  13. "Botswana Women in Namibia T20I Series, 2019 - Namibia Women Cricket Team Records & Stats". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  14. "'Even though we have lost, we take a lot of positives' – Namibia skipper Yasmeen Khan". www.icc-cricket.com. 14 May 2019. Retrieved 16 February 2025.
  15. "Just two steps away from World Cup spots for teams in Women's Qualifiers". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  16. "ICC board and full council concludes in London". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  17. "Zimbabwe suspended by ICC over 'government interference'". ESPN Cricinfo. Retrieved 15 February 2025.
  18. "Nigeria awarded men's T20 World Cup Qualifiers entry". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  19. "Namibia and Nigeria to compete in ICC Women's and Men's T20 World Cup Qualifiers". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  20. "Match official appointments and squads announced for ICC Women's T20 World Cup Qualifier 2019". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  21. "Namibia announces women's cricket World Cup qualifier squad". Xinhua News. Archived from the original on 22 August 2019. Retrieved 16 February 2025.
  22. "Captains ready for Women's T20 World Cup Qualifier". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  23. "ICC Women's T20 World Cup Qualifier, 2019 - Namibia Women: Batting and bowling averages". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  24. "Irene van Zyl backs Namibia batting to come good in Kwibuka T20 Tournament". Women's CricZone. Retrieved 16 February 2025.
  25. "Full Scorecard of NAM Women vs BOT Women 6th Match 2021 - Score Report". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  26. "Kenya win fourth Kwibuka Women's Twenty20 title in Kigali". Daily Nation. 13 June 2021. Retrieved 16 February 2025.
  27. "Global Game: Kenya win the Kwibuka T20 Women Tournament, beat Namibia in Finals". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  28. Schütz, Helge (16 September 2021). "Namibia through to semis". The Namibian. Retrieved 16 February 2025.
  29. "Newsletter - An Exciting Year for Cricket Namibia". cricexec. 1 March 2022. Retrieved 16 February 2025.
  30. Nixon, Andrew (20 April 2022). "Namibia women beat Zimbabwe in closely fought contest". Cricket Europe. Retrieved 16 February 2025.
  31. Schütz, Helge (22 April 2022). "Great start by the Capricorn Eagles". The Namibian. Retrieved 16 February 2025.
  32. "Full Scorecard of NAM Women vs Zim Women Final 2022 - Score Report". ESPNcricinfo. Retrieved 16 February 2025.
[fetola | Fetola Motswedi]