Yawa Djigbodi Tsègan
Chantal Yawa Djigbodi Tségan (o belegwe ka 1971) ke mopolotiki wa kwa Togo yo e neng e le Tautona wa Kokoano Bosetšhaba ya naga eo magareng ga Ferikgong 2019 le Seetebosigo 2024.
Dithutego le botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Chantal Yawa Djigbodi Tségan o belegwe ka 5 Phatwe 1971 kwa Kpélé-Agavé kwa Kloto. O na le Master's in Business Law go tswa kwa Yunibesithing ya Benin kwa Togo le Diploma of Tax Inspection go tswa kwa National School of Taxes ya Clermont-Ferrand kwa France.[ 1]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Tségan e ne e le motlhatlhobi wa lekgetho, a direla Lefapha la Dikgwebo Tse Dikgolo. [1]O ne gape a dira kwa Directorate General of Taxes mme ka Diphalane 2010 o ne a nna tlhogo ya badiri ba Lefapha la Dipalangwa. [ 1]
Tségan o ne a tlhophiwa go nna leloko la Kokoano Bosetšhaba go emela Kloto-Kpelé ka Phukwi 2013 le gape ka Sedimonthole 2018, fa a ne a nna moemedi wa ntlha wa Kokoano. [2] [3] Ke leloko la mokgatlho wa Tautona Faure Gnassingbe, Union for the Republic (UNIR) mme o ntse a le motshwaramatlotlo go tloga ka Phalane 2017. [2][5][6]
Tségan o ne a tlhophiwa go nna Tautona wa Kokoano ka di 23 Ferikgong 2019 ka 88 ya diboutu di le 89, mme ke mosadi wa ntlha go nna le maemo ao. Le fa go ntse jalo, go tlhatlosediwa ga gagwe mo maemong a go ne ga tshwaiwa diphoso ke maloko a kganetso jaaka karolo ya maiteko a ga Gnassingbe a go taka setshwantsho sa temokerasi le fa go ntse go na le "kgatelelo le go boga". [9]
Ka Sedimonthole wa 2020, Tségan o ne a eteletse pele mokgatlho wa boditšhabatšhaba wa Francophonie o o neng o bega ka ditlhopho tsa kakaretso kwa Niger, a bolela gore ditlhopho di ne tsa tshwarwa "ka kagiso le maemo a a phepa". [10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "BIOGRAPHIE SOMMAIRE DE LA PRESIDENTE DE L'ASSEMBLEE NATIONALE" (in French). Assemblée Nationale Togolaise. Archived from the original on 2020-01-10. Retrieved 2021-01-20.
[2] "Togo : Yawa Tsegan Djigbodi becomes the first president of the national assembly in the history of the country". Togo First. 24 January 2019. Retrieved 20 January 2021.
[3] "Qui est Yawa Tsegan, la nouvelle présidente de l'Assemblée nationale?" (in French). Alome.com. 24 January 2010. Retrieved 20 January 2021.
[4] "Togo : Yawa Djigbodi Tségan, première femme élue présidente de l'Assemblée nationale" (in French). Jeune Afrique. 24 January 2019. Retrieved 20 January 2021.
[5] "Togo : Chantal Yawa Tsègan, la femme la plus puissante de la politique togolaise" (in French). TogoMatin. 24 January 2019. Retrieved 20 January 2021.
[6] "Togo elects first female head of National Assembly". Agence France Presse. 24 January 2019. Retrieved 20 January 2021.
[7] "Togo elects first female head of National Assembly". SABC News. 24 January 2019. Retrieved 20 January 2021.
[8] "Yawa Tsegan elected first female Speaker of Togo's parliament". APA-Lome. 24 January 2019. Archived from the original on 17 October 2022. Retrieved 20 January 2021.
[9] Ahlijah, Wolali K. (4 February 2019). "Faure Gnassingbé: Togo's Master of Tricks". Vanguard Africa. Retrieved 20 January 2021.
[10] "Élections au Niger - LA MISSION D'OBSERVATION DE L'OIF CONDUITE PAR YAWA TSEGAN DONNE SON QUITUS AU PROCESSUS ELECTORAL" (in French). Togo Reveil. 30 December 2020. Retrieved 20 January 2021