Jump to content

Yunibesiti ya kapa

Go tswa ko Wikipedia
University of Cape Town
  • Universiteit van Kaapstad
  • iYunivesithi yaseKapa
Coat of arms of the University of Cape Town
Former names
South African College
MottoTempolete:Langx
Motto in English
"Good Hope"
TypePublic
Established1 Diphalane 1829; 196 years ago (1829-10-01)
Academic affiliation
EndowmentZAR 11.8 billion[1]
(US$901 million)[2]
ChancellorPrecious Moloi-Motsepe
Vice-ChancellorMosa Moshabela
Academic staff
1,176[3]
Administrative staff
3,179
Students28,233[4]
Undergraduates16,530[4]
Postgraduates11,193[4]
Location, ,
33°57′27″S 18°27′38″E / 33.95750°S 18.46056°E / -33.95750; 18.46056Coordinates: 33°57′27″S 18°27′38″E / 33.95750°S 18.46056°E / -33.95750; 18.46056
Campus4 suburban and 2 urban campuses
Colours        Light blue, dark blue, black, white
NicknameIkeys
MascotIkey Tiger
Websiteuct.ac.za
Setshwantsho:University of Cape Town banner.svg

Yunibesiti ya kapa ( UCT ) ( Afrikaans , Xhosa ) ke yunibesiti patlisiso ya setšhaba kwa kapa, mo Aforika Borwa .

E tlhomilwe ka 1829 jaaka Kholetšhe ya Aforikaborwa, e ne ya fiwa maemo a yunibesiti ka 1918, mme seno sa dira gore e nne yunibesiti ya bogologolo go gaisa mo Aforikaborwa le yunibesiti ya bogologolo go gaisa mo Aforika e e kwa Borwa jwa Sahara e e tswelelang go dira. [5] [6]

Yunibesiti ya Kapa (UCT) e rulagantswe ka mafapha a le 57 go ralala magoro a le marataro a a rutang didikirii ya bachelor ( NQF 7) go ya go ya bongaka ( NQF 10) ka puo ya Seesimane fela. [7] E na le baithuti ba le 30 000, le akaretsa dikhamphase di le thataro mo metsesetoropong ya Rondebosch, Hiddingh, Observatory, Mombray le Waterfront. Ke yone fela leloko la Aforika la Foramo ya Baeteledipele ba Diyunibesiti tsa Lefatshe Lotlhe ( GULF ) mo teng ga Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe Lotlhe, e e nang le diyunibesiti di le 26 tse di kwa godimo mo lefatsheng . [8]

Baithuti ba nako e e fetileng ba le batlhano, maloko a badiri, kgotsa babatlisisi ba ba amanang le Yunebesiti ya Kapa (UCT) ba ile ba gapa sekgele sa Nobel. Badiri ba le masome a robedi le borobabobedi ke karolo ya Sekolo sa Disaense sa Aforikaborwa . [9]

Ditso tsa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Yunibesiti ya Kapa e tlhomiwa kwa kopanong kwa Groote Kerk ka 1829 e le Kholetšhe ya Aforikaborwa, sekolo se segolwane sa makawana. Kholetšhe e ne e na le lefelo le lennye la thuto e kgolwane, le le neng la tlhagisiwa ka 1874 se se neng sa gola thata morago ga 1880, fa go ne go ribololwa ga gauta le ditaemane kwa bokone – le tlhokego ya bokgoni jwa meepo. E ne ya e fa maatla a madi a e neng e atlhoka go golang ga nna teng – go ne ga e naya kgothatso ya madi e e neng e e tlhoka go gola. Kholetšhe e ne ya gola go nna yunibesithi e e feletseng mo pakeng ya 1880 go ya go 1900, ka ntlha ya go okediwa ga matlole go tswa mo metsweding ya poraefete le puso.

Mo dingwageng tseno, kholetšhe e ne ya aga dilaboratori tsa yone tsa ntlha tsa saense, mme ya simolola mafapha a diminerale le thutafatshe go fitlhelela tlhokego ya badiri ba ba nang le bokgoni mo madirelong a a tlhagelelang a meepo ya ditaemane le gauta mo nageng. Setlhogo sa Yunebesiti ya Kapa se ne sa tlhamiwa ka 1859 ke Charles Davidson Bell, Molekanyetsi-Kakaretso wa Koloni ya Kapa ka nako eo . Charles Bell e ne e le motaki yo o nang le bokgoni yo gape a neng a tlhama dimentlele le setempe sa khutlotharo sa Kapa. kgatelopele e nngwe e kgolo mo nakong eno e ne e le go amogelwa ya basadi.

Ka 1886 moporofesa wa khemiseteri, Paul Daniel Hahn, o ne a dira gore lekgotla le dumele basadi ba le banè gore ba tsene mo tlelaseng ya gagwe ya khemiseteri ka tsela ya go leka. Ka ntlha ya tiro e e tlhomologileng ya baithuti ba basadi, kholetšhe e ne ya swetsa go amogela baithuti ba basadi ka dinako tsotlhe go tlotla Jubilee ya Taemane ya ga Kgosigadi Victoria ka 1887.

Dingwaga tsa 1902 go ya go 1918 di ne tsa bona go tlhomiwa ga Sekolo sa Kalafi, ga simololwa dithuto tsa boenjenere le Lefapha la Thuto. Yunebesiti ya kapa e ne ya tlhongwa semmuso jaaka yunibesiti ka 1918, mo motheong wa ga Alfred Beit le dimpho tse dingwe tse dintsi tse di tswang kwa go bagwebi ba meepo Julius Wernher le Otto Beit . Yunibesiti e ntšha gape e ne ya ngoka tshegetso e e seng kana ka sepe go tswa mo bathong ba ba e eletsang molemo mo kgaolong ya Kapa mme, lekgetlo la ntlha, e ne ya ngoka thebolelo e e bonalang ya puso.

Pono go tswa kwa botlhaba jwa Khamphase e e Kwa Godimo kwa Groote Schuur mo dithabeng tsa Devil’s Peak; yunibesiti ya Kapa e ne ya fudugela fano ka 1928.

Ka 1928, Yunibesiti e ne ya kgona go fudusetsa bontsi jwa dikago tsa yone kwa Groote Schuur mo dithabeng tsa Devil’s Peak, mo lefatsheng le le neng le abetswe setšhaba ke Cecil John Rhodes jaaka lefelo la yunibesiti ya bosetšhaba. Yunibesiti e ne ya keteka dingwaga di le lekgolo tsa yone ngwaga o o latelang.

Nako ya Tlhaolele

[fetola | Fetola Motswedi]

Kwa ntle ga go itlhoma jaaka yunibesithi e e di gogang kwa pele ya patlisiso le go ruta mo dingwageng tse di neng tsa latela, UCT e ne ya itirela leina la sefane la "Moscow on the Hill" ka nako ya 1960 go ya go 1990 ka ntlha ya go nna kgatlhanong le tlhaolele, segolobogolo mo thutong e kgolwane.[5] Ka 1968 yunibesithi e ne ya gogela morago go tlhomiwa ga motlhatlheledi wa montsho, Archie Mafeje, ka fa tlase ga kgatelelo ya puso e e neng e e itsisitse jaaka setheo sa thuto sa basweu. Seno se ne sa dira gore makgolokgolo a baithuti a dire boipelaetso jwa malatsi a le robongwe; sekai sa ntlha sa go ganana le tlhaolele ke basweu ba ba gatelang pele.[11]

Yunibesithi e ne ya amogela setlhopha sa yone sa ntlha se sennye sa baithuti ba bantsho ka dingwaga tsa bo 1920. Palo ya baithuti ba bantsho e ne ya nna kwa tlase go fitlha ka dingwaga tsa bo 1980 le bo 90, fa setheo, se bala le go amogela matshwao a phetogo mo nageng, se ne se itlama mo thulaganyong ya ka boomo le e e rulagantsweng ya phetogo ya ka fa gare.

Go tloga ka dingwaga tsa bo 1980 go ya kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo 1990, palo ya baithuti ba bantsho ba ba neng ba amogelwa kwa yunibesithing e ne ya tlhatloga ka diperesente di le 35. Ka 2004, mo e ka nnang halofo ya baithuti ba UCT ba le 20 000 e ne e le bantsho mme ka fa tlase fela ga halofo ya setlhopha sa baithuti e ne e le basadi. Gompieno yunibesiti eno e ipelafatsa ka go nna le nngwe ya dikhamphase tse di farologaneng thata mo Aforikaborwa.[12]

Motlha wa morago ga Tlhaolele

[fetola | Fetola Motswedi]

Rhodes Must Fall (#RhodesMustFall mo metsweding ya dikgang ya loago) e ne e le mokgatlho wa boipelaetso o o simolotseng ka la bo 9 Mopitlwe 2015, kwa tshimologong o ne o lebisitswe kgatlhanong le sefikantswe kwa Yunibesithing ya Motsekapa (UCT) se se gopolang Cecil Rhodes. Letsholo la go tlosa sefikantswe le ne la tlhokomelwa lefatshe ka bophara[13][14] mme la dira gore go nne le mokgatlho o o anameng wa go "tlosa bokoloniale" mo thutong go ralala Aforika Borwa.[14][15] Ka di 9 Moranang 2015, morago ga boutu ya Lekgotla la UCT bosigo jo bo fetileng, sefikantswe se ne sa tlosiwa.

#FeesMustFall e ne e le mokgatlho wa boipelaetso jwa baithuti[16] o o neng o tlhotlheleditswe ka tsela e e sa tlhamalalang ke boipelaetso jwa RhodesMustFall. E simolotse semmuso kwa Yunibesithing ya Witwatersrand mme ya anamela kwa UCT le kwa Yunibesithing ya Rhodes mme morago ga moo kwa diyunibesithing tsotlhe tsa Aforika Borwa. E kopile gore go fedisiwe dikoketso tsa dituelo tsa dithuto tsa ngwaga wa dithuto wa 2016. Go ne ga tlhaga dikopo tse di farologaneng tse di jaaka go fedisiwa ga dituelo le go tlosiwa ga bokoloniale mo thutong e kgolwane mo go neng ga baka diphetogo tse dikgolo kwa diyunibesithing tsa puso tsa Aforikaborwa.[17] Kwa UCT, Senate e ne ya simolola thulaganyo e e anameng ya go fetola kharikhulamo mme yunibesiti e ne ya simolola thulaganyo ya go naya dikago mo khamphaseng maina a mašwa (sekao se se tlhomologileng thata e ne e le fa Jameson Hall e ne e bidiwa Sarah Baartman Hall; thulaganyo e e neng ya simolola ka 2019, mme ya wediwa ka moletlo ka 2025).[18]

Ka Lwetse 2019, moithuti wa dithuto tsa Difilimi le Bobegakgang Uyinene Mrwetyana o ne a timelela. Morago ga gore baagi le mapodisi ba simolole go batla, setopo sa gagwe se ne sa bonwa kwa kgaolong ya Cape Flats kwa Cape Town mme Luyanda Botha o ne a tshwarwa le go bonwa molato wa petelelo le polao ya gagwe.[19] Loso lwa gagwe le petelelo le loso lwa basadi ba bangwe di ne tsa tsosa selelo se se anameng sa setšhaba se se neng sa baka go tswalwa ga khamphase[20] le ditshupetso mo khamphaseng, kwa lefelong la Palamente kwa Cape Town CBD le kwa dikhamphaseng go ralala Aforika Borwa.

Morago ga moo, Moporesitente Ramaphosa o ne a itsise[21] diphetogo tse di jaaka dikotlhao tse di bogale tsa batlolamolao ba thobalano le go senolwa phatlalatsa ga Rejisetara ya Bosetšhaba ya Batlolamolao ba Thobalano go thibela tirisodikgoka ya thobalano le ya mmele kgatlhanong le basadi le bana.[22] Mo godimo ga moo, go ne ga tlhongwa Mokgatlho wa Uyinene Mrwetyana mme ga tlhamiwa letlole le le kgethegileng ka leina la gagwe go tlamela baithuti ba basadi mo Legorong la Dithuto tsa Batho ka dithuso tsa madi a go ithuta.[23]

Ka Mopitlwe 2020, UCT e ne ya bula Setheo sa Saense ya Methapo kwa Bookelong jwa Groote Schuur ka tirisanommogo le Puso ya Porofense ya Kapa Bophirima, e leng lefelo la ntlha le le kgethegileng la go ithuta le go tlhama dikalafi tsa mathata a methapo le a tlhaloganyo mo Aforika.[24]

Ka Diphalane 2025, go ne ga itsisiwe gore UCT e tla tshwara Samiti ya ntlha ya Lefatshe Lotlhe ya Thuto ya Thuto e e Kwa Godimo ya Times (THE) mo Aforika. Samiti e tla tshwarwa go tloga ka la bo 29 Lwetse go fitlha ka la bo 1 Diphalane 2026, mme e tla bitsa makgolokgolo a baeteledipele ba lefatshe lotlhe mo thutong e kgolwane, dipatlisiso, pholisi, kgwebo, le setšhaba. Setlhogo sa Samiti ya 2026 ke, "Kitso, tshiamiso, le isagwe: Diyunibesiti mo motlheng wa botlhale".[25]

Khamphase

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Annual Report for 2017 (PDF). University of Cape Town. p. 127. Archived from the original (PDF) on 11 April 2019. Retrieved 1 September 2018.
  2. "Sars Rates Of Exchange: US$ rate for Jan 2017". tools.sars.gov.za. Retrieved 22 January 2022.
  3. Annual Report for 2020 (PDF). University of Cape Town. p. 60. Archived (PDF) from the original on 8 January 2022. Retrieved 17 April 2022.
  4. 4.0 4.1 4.2 Annual Report for 2020 (PDF). University of Cape Town. p. 30. Archived (PDF) from the original on 8 January 2022. Retrieved 17 April 2022.
  5. University of Cape Town. "History introduction". uct.ac.za. Retrieved 25 May 2020.
  6. "Home | University of Cape Town". www.uct.ac.za. Retrieved 2025-07-24.
  7. "CHE | Council on Higher Education | Regulatory body for Higher Education in South Africa | Education | Innovation | University | South Africa". che.ac.za. Retrieved 25 May 2020.
  8. "Global University Leaders Forum Members" (PDF). Archived from the original (PDF) on 19 May 2018. Retrieved 18 May 2018.
  9. "Academy of Science of South Africa members". University of Cape Town. Retrieved 30 March 2020.