Jump to content

Zainub Verjee

Go tswa ko Wikipedia

Zainub Verjee CM [1] (o bonwe ka ngwaga wa 1956) ke motaki wa bidio, mokwadi, le motsamaisi wa kwa Canada, yo a bonetsweng kwa Kenya.

Verjee o tsholetswe kwa Nairobi ka ngwaga wa 1956, ke wa losika lwa bone lwa ma-Kenya [2][3]. O ne a fudugela kwa Canada ka ngwaga wa 1970 go ya go ithuta ikonomi kwa sekolo sa ithutelo tiro ya Simon Fraser. [4][5][6][7][8].

Tiro Ka dingwaga tsa bo1990, o ne a dira dingwaga di le lesome jaaka motsamaisi wa Western Front Society[9] kwa Vancouver.[10] [11]O ne a itsege gape ka go nna motsamaisi yo o matlhagatlhaga wa botaki mo lephateng la pholisi ya setso le bodipolomasi jwa setso ka dingwaga tse di fetang masome a mararo(30). [12][13] Masomesome ano a dingwaga a tiro mo lephateng a ne a isa kwa go tlhophiweng ga maloko a komiti, le go lalediwa go bua mo diforamong tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba. [14][15]

Mo godimo ga go dira mo Women in Focus, Citizen's Forum on Canada's Future - The Spicer Commission, Canada Council for the Arts, le Department of Canadian Heritage, o ne a thapiwa ke Gordon Campbell, morutabana wa Canada le Ratoropo wa bo35 wa Vancouver mo Vancouver Arts Initiative ya gagwe. Boto ya ga Verjee ya go thapa batho e ne ya simolola B.C. Boto ya Botaki e e neng ya dira gore go tlhamiwe B.C. Khansele ya Botsweretshi.[16]

Ka dingwaga tsa bo 1980-2000, o ne a dira mo tirong ya pholisi ya setso kwa Canada le boditšhabatšhaba mo mererong ya tiro ya bataki, tekatekano ya bomorafe le kgwebisano ya setso.[17] Ka 2017 o ne a tlhophiwa go nna motsamaisi wa International Art Gallery kwa Jubilee International Arts Festival kwa Lisbon. Verjee o ne a tlhomiwa ka ngwaga wa 2015 mme ga jaana ke motsamaisi wa khuduthamaga ya Ontario Association of Art Galleries. 20][26]

Verjee o ne a tsenngwa mo hisetoring ya tiro ya basadi kwa British Columbia. 27]

O ne a kwala lekwalo, mo boemong jwa bataki ba le 75000, go Tonakgolo ya Canada ka kgang ya Lotseno lwa Motheo. Se se ne sa dira gore a etelele pele mokgatlho o o neng o lebagane le kgang ya lotseno lwa motheo lwa bataki, e e fetogileng kgang ya boditšhabatšhaba.

Ka selemo sa 2021, o ne a nna le pontsho ya gagwe ya Speech Acts kwa Centre A: Vancouver International Centre for Contemporary Asian Art.

Ka kgwedi ya Tlhakole 2020 o ne a fiwa sekgele sa 2020 Governor General's Award in Visual and Media Arts for "outstanding contribution to the arts". Ka 2021 o ne a fiwa maemo a bongaka a tlotlo ke OCAD University go lemoga seabe sa gagwe se se tlhomologileng mo botaking, go lekalekana ga bomorafe le bong O ne a tlhophiwa jaaka Modirammogo yo Mogolo wa Massey College kwa University of Toronto ka letlhabula la 2021.Pelenyana o ne a tlhophiwa jaaka McLaughlin College Fellow kwa York University. Ka 2022, o ne a fiwa Doctor of Fine Arts, honoris causa, ke Nova Scotia College of Art and Design NSCAD University, Halifax.O ne a fiwa degree ya tlotlo ya Doctor of Fine Arts ke Simon Fraser University, Burnaby ka Spring Convocation ya 2023.Thuso ya gagwe mo thulaganyong ya go nna mmulatsela wa theatre ya kgolegelo kwa Canada le go nna le seabe se segolo mo go tlhamiweng ga British Columbia Arts Council e ne ya lemogiwa ke Yunibesiti ya Victoria ka go mo fa kemo ya tlotlo ya Doctor of Fine Arts mo Spring Convocation ka 2023.

  1. General, Office of the Secretary to the Governor (December 22, 2023). "Governor General announces new appointments to the Order of Canada and promotions within the Order". The Governor General of Canada.
  2. Ismailimail (October 4, 2017). "Nomadic Architecture showcased two decades ago at Burnaby Jamatkhana". Ismailimail. Retrieved March 11, 2018
  3. National Gallery of Canada (January 27, 2006). "Artists in Canada". Artists in Canada. Retrieved March 11, 2018
  4. Heather, Rosemary (September 25, 2017). "In Visible Colours". Canadian Art. Retrieved March 11, 2018
  5. "Author - Zainub Verjee". canadianart.ca. Retrieved 2021-04-30
  6. >. Kinesis
  7. "Innovation and Its Discontents: How Our Broken Patent System Is Endangering Innovation and Progress, and What to Do About It - Leonardo, Volume 39, Issue 2". leonardo.info. April 2006. Retrieved 2021-04-30.
  8. Verjee, Zainub (2016). "Elsewhere, within Here: The Politics of Home". Asian Diasporic Visual Cultures and the Americas. 2 (3): 310–322. doi:10.1163/23523085-00203010
  9. Whispered Art History : Twenty Years at the Western Front. Arsenal Pulp Press. 1993. ISBN 978-0-88978-261-7
  10. Verjee, Zainub (March 2012). "Essay: Ahasiw is Canada". ghostkeeper.gruntarchives.org. Retrieved 2021-04-30
  11. Diamond, Dr. Sara (2015). "Action Agenda: Vancouver's Prescient Media Arts" (PDF). isea2015.org. Archived from the original on November 25, 2018. Retrieved 2021-04-30.
  12. "AGM Appoints Four New Members to the Board of Directors". mymississauga.ca. 2017-06-14. Retrieved 2021-04-30
  13. rajah, Niranjan. "Zainub Verjee: From Signifier To Signified". otherplaces.mano-ramo.ca. Retrieved 2021-04-30
  14. "AGM Appoints Four New Members to the Board of Directors". mymississauga.ca. 2017-06-14. Retrieved 2021-04-30.
  15. Ismailimail (September 14, 2016). “Women in Leadership: Zainub Verjee Reflects on the state of culture sector and offers inspirational insights". Ismailimail. Retrieved November 26, 2018
  16. "Artist - Zainub Verjee". vtape.org. Retrieved March 11, 2018
  17. "Zainub Verjee: Can the arts world fight systemic racism in a real way instead of resorting to tokenism?". The Georgia Straight. June 16, 2020