Jump to content

Zakeeya Patel

Go tswa ko Wikipedia
Zakeeya Patel
Patel in 2020
Tsalo (1988-01-06) January 6, 1988 (age 38)
Durban, Kwa-Zulu Natal, South Africa
Alma materUniversity of Cape Town
TiroActress, presenter
Dingwaga tsa a le mo tirong2008–present
Bolele1.56 m (5 ft 1 in)
MosadiRob Price (m. 2017)
Bana1

Zakeeya Patel (o tshotswe ka letsatsi la borataro ka Firikgong 1988), ke modiragatsi le mogasi wa Aforika Borwa.[1] O itsege thata ka dikarolo tsa gagwe mo motseletseleng wa difilimi tsa Isidingo, 7de Laan le High Rollers.[2]

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Patel o tsholetswe kwa Durban, kwa Aforika Borwa. O tswa mo losikeng lwa Baindia mo letlhakoreng la ga rraagwe mme ke wa lotso lwa Mmala mo go la ga mmaagwe.[3] O alogile ka Dikirii ya BA Honors mo Bobogelong le Bodiragatsi go tswa kwa Yunibesithing ya Motsekapa.

Ka 2005, o ne a tshameka karolo ya 'Samantha Sharma' mo setshwantshong sa thelebišene sa Isidingo. Moragonyana pontsho eno e ne ya ratwa thata. Go sa le jalo ka 2013, o ne a nna mmampodi wa Setlha sa bo 6 sa Strictly Come Dancing ( mofuta wa Aforikaborwa wa go Bina le Dinaledi). Ka 2012, o ne a tlhagelela mo filiming ya metlae ya Material mme a tshameka karolo ya 'Aisha Kaif'.[4] Mme ka 2013, o ne a tlhagelela mo pontshong ya High Rollers. Ka 2014, o ne a tlhagelela ka terama ya serala ya Emotional Creature e mo go yone a neng a bona tshono ya go dira le molweladitshwanelo yo o tumileng wa Moamerika le mokwadi Eve Ensler.[5]

Ka 2018, o ne a tshameka mo filiming ya The Docket Ka 2019, o ne a tlhagelela mo motseletseleng wa ntlha wa Netflix Shadow. Ka one ngwaga oo, o ne a tshameka mo filiming ya Showmax e e tlhotlheletsang ya The Girl from St. Mo bokhutlong jwa 2019, o ne a tshameka karolo ya go tshegetsa mo filiming ya 3 Days to Go. Ka 2020, o ne a tshameka mo filiming e e latelang ya 2012 ya Material e e bidiwang New Material.[4]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Patel o ne a nyala moitseanape wa itsholelo e bong Rob Price mo moletlong wa ditumelo tse di farologaneng tsa ditso tse dintsi ka Ngwanaitseele 2017.[4] Ba ne ba fudugela kwa Los Angeles, kwa California ka Sedimonthole 2019.[6]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Seabe Dinopolo Ref.
2012 Material Aisha Kaif
2013 Nothing for Mahala Nurse Taz
2013 Previously on Childrens Hospital Africa Short
2015 Die Pro Jasmine Farat
2015 The Jakes Are Missing Nancy
2019 3 Days to Go Candice
2020 New Material

Thelebishine

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Setlhogo Karolo Dinopolo Ref.
2013 The Wild Amita Kahn
2013 High Rollers Dhanni Rangila
2014 7de Laan Video Blog Girl
2014 Mzansi Love: Big City Love Buhle Patel
2014 Skwizas Lydia
2015–16 Isidingo Samantha Sharma
2017 Thula's Vine Kim K
2018 The Docket Lexie Patel
2019 The Girl from St. Agnes Sharon McMahon
2019 Shadow Sarah
  1. "Zakeeya Patel". briefly. 24 November 2020. Retrieved 28 Phalane 2025
  2. "SA's Zakeeya Patel on making it big in Hollywood". The South African. 24 November 2020. Retrieved 28 Phalane 2025.