Zanele Muholi
Zanele Muholi | |
|---|---|
Muholi kwa moletlong wa mafatshefatshe wa batho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang ka ngwaga wa dikete pedi lesome le motso | |
| Tsalo | Ngwaga wa 1972 Umlazi, Durban Aforika Borwa |
| Thuto | Market Photo Workshop Toronto Metropolitan University |
| O itsegi ka | Go kapa ditshwantsho |
| O fetheletse | Seetsele sa Mbokodo, sa bomme ba Aforika Borwa mo botaking |
Zanele Muholi (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le bobedi)[1] ke motaki le molweladitshwanelo wa kwa Aforika Borwa o o kapang dinepe, a tsayang ditshwantsho tsa motshikhinyego gape a tsenya ditshwantsho. Tiro ya ga Muholi e itebagantse le lotso, bong le botsalano fa e sale ka dingwaga tsa dikete pedi di simologa, a kwala ebile a ipelela matshelo a batho ba Aforika Borwa ba bantsho, ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang, le ba ba fetotseng bong.[2] Muholi ga a itshupe e le wa bong bope o dirisa dikao tsa "bone",[3] a tlhalosa gore ke motho fela.[4]
Muholi o itlhalositse e le molweladitshwanelo tsa bataki eseng motaki.[5][6][7][8] O ikaeletse go netefatsa gore batho bantsho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang le ba ba fetotseng bong ba a bonagala. O ne a dira ditshekatsheko a bo a kwala dipolelo tsa melato e e dirilweng kgatlhanong le batho ba mofuta oo gore a tsibose setshaba ka go tsaya dikobo ka dikgoka e le go baakanya,[9][10] dipetso, HIV/AIDS.[11]
Muholi o ne a tlhophetswe go gaisanela seetsele sa go kapa dinepe ka ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano ss Deutsche Borse. O ne a amogela seetsele sa Infinity go tswa kwa International Center of Photography ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro, seetsele sa Chevalier de Odre des Arts et des Lettres ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro, thuto ya tlotla ya Royal Photographic Society ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabobedi le seetsele sa masome a mane le borataro sa Hasselblad ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le borataro.[12][13]
Muholi o ne a dira ditshupo ka Tlhakole a rogwa ngwaga go tseba Motsheganong a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le boraro kwa Maison europeenne de la photographie kwa Paris.[14] Tiro ya gagwe e ne ya supiwa gape ngwaga o o kwa Mudec-Museo delle Culture kwa Milan, go tswa ka Mopitlo a le masome a mararo le motso go tsena Phukwi a le masome mararo ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le boraro, a supa dinepe tsa gagwe tse mmala o montsho le o mosweu di le masome a marari tse di neng di tlhophetswe Mudec.[15]
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Zanele Muholi o tsholetswe a bo a godisediwa kwa Umlazi, Durban, KwaZulu-Natal. Rraagwe e ne e le Ashwell Tanji Banda Muholi mmaagwe e le Bester Muholi. Ke gofejane wa bana ba robabobedi. Rraagwe Muholi o ne a tlhokafala morago ga Muholi a sena go belegwa,[4] mmaagwe e ne e le mmereki wa mo malwapeng o a neng a tshwanelwa ke go tlogela bana ba gagwe a ya go berekela lolwapa lwa batho basweu ka nako ya puso ya tlhaolele kwa Aforika Borwa.[5] Muholi o godisitswe ke ba losika.[5]
Muholi o feditse dithuto tse di tseneletseng tsa go kapa dinepe kwa Market Photo Workshop kwa Newton, Johannesburg ka ngwaga wa dikete pedi le boraro, a dira ditshupo tsa gagwe a le nosi ta ntlha kwa Johannesburg Art Gallery ka ngwaga wa dikete pedi le bone. Ka ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe, o ne a aloga ka Master of Fine Arts go tswa kwa Toronto Metropolitan University, kwa pele go neng go bididwa Ryerson University, kwa Toronto, Canada. Tshekatsheko ya gagwe e ne e bua ka ditso tsa bomme ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang le sepolotiki mo Aforika Borwa morago ga puso ya tlhaolele.[16]
Ka Phalane a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro, o ne a thapiwa ke sekolo se segolwane sa University of the Arts Bremen kwa Germany go nna motlhatlhelela dithuto tsa go kapa dinepe le ditshwantsho tsa motshikhinyego.[17]
Go kapa dinepe
[fetola | Fetola Motswedi]Go kapa dinepe ga ga Muholi go tshwantshitswe le ka fa W.E.B DuBois a neng a koafatsa kemedi ya ma Aforika a kwa Amerika ka teng. Muholi le Du Bois ba dirile kokoanyo ya dinepe, ba bereka go koafatsa dikakanyo tse batho ba nang le tsone ka batho kgotsa dilo tse ba di tsayang dinepe. Muholi o bona tiro ya gagwe e le go bereka mmogo, a supa batho ba a ba tsaya ng dinepe e le batsaya karolo eseng batho fela. Lefoko batsaya karolo le dira gore Muholi a letle batsaya karolo ba gagwe go berekisana le ene ka methale e ba itsayang dinepe ka yone ese ene a ba bolelelang gore ba nne jang.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Muholi, Zanele (2014), "Vukani II (Paris)", Metropolitan Museum of Art, retrieved 28 September 2026
- ↑ Thomas, Kylie (1 October 2010). "Zanele Muholi's Intimate Archive: Photography and Post-apartheid Lesbian Lives". Safundi. 11 (4): 421–436. doi:10.1080/17533171.2010.511792. hdl:11427/24638. ISSN 1753-3171.
- ↑ O'Hagan, Sean (2 November 2020). "Zanele Muholi's Queer South Africa: 'I do not dare shoot at night. It is not safe'". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 28 September 2026
- 1 2 Willis, Raquel (23 April 2019). "Zanele Muholi Forever Changed the Image of Black Queer South Africans". Out. Retrieved 28 September 2026.
The Durbanite is quick to explain that more specific terms discussing gender nonconformity and queerness don't exist in their original Zulu language.
- 1 2 3 "Zanele Muholi: Dark Lioness". 1843. 24 April 2018. Archived from the original on 22 May 2018. Retrieved 28 September 2026
- ↑ "'Photography saved my life' – the year-long exposure of visual activist Zanele Muholi". The Guardian. 14 July 2017. Retrieved 28 Septemmber 2026
- ↑ Raél Jero Salley. African Arts. Los Angeles: Winter 2012. Vol. 45, Iss. 4; pg. 58, 12 pgs
- ↑ McGarry, Aidan; Erhart, Itir; Eslen-Ziya, Hande; Jenzen, Olu; Korkut, Umut, eds. (9 December 2019). The Aesthetics of Global Protest: Visual Culture and Communication. Amsterdam University Press. doi:10.2307/j.ctvswx8bm.7. ISBN 978-90-485-4450-9. JSTOR j.ctvswx8bm.
- ↑ Bucher, Nathalie Rosa (30 April 2010). "Law Failing Lesbians on "Corrective Rape"". Inter Press Service. Archived from the original on 30 April 2010. Retrieved 28 September 2026
- ↑ Thomas, Kylie. "Homophobia, Injustice and 'Corrective Rape' in Post-Apartheid South Africa". The Centre for the Study of Violence and Reconciliation. Retrieved 28 September 2026
- ↑ Poulain, Alexandra (20 December 2019). "Gazing Back: Decolonial Strategies in Zanele Muholi's "Faces and Phases"". Commonwealth Essays and Studies. 42. doi:10.4000/ces.1262. Retrieved 10 July 2026 – via ResearchGate.
- ↑ "Hasselblad Award Winner 2026". Hasselblad Foundation. 6 February 2026. Retrieved 28 September 2026
- ↑ Sawa, Dale Berning (13 March 2026). "South African photographer Zanele Muholi: 'My mother worked for a white family. I remember the pools I wasn't allowed to swim in'". The Guardian. Retrieved 28 September 2026
- ↑ "Zanele Muholi : pour la première fois en France, l'artiste activiste est à l'honneur dans une rétrospective fascinante". Cosmopolitan.fr. 14 February 2023. Retrieved 28 September 2026
- ↑ "Muholi. A Visual Activist". Mudec – Museo delle Culture di Milano (in Italian). Retrieved 28 September 2026
- ↑ Muholi, Zanele. Mapping Our Histories: A Visual History of Black Lesbians in Post-Apartheid South Africa (PDF) (MFA thesis). Ryerson University. Archived from the original (PDF) on 18 July 2011. Retrieved 28 September 2026– via zanelemuholi.com.
- ↑ "HFK Bremen". hfk-bremen.de.