Zeynab Habib

Zeynab Habib (Oloukèmi Zeynab Abibou;o tshotswe ka Lwetse 25, 1975) ke moopedi wa mmino wa lefatshe wa SeYoruba wa kwa Beninese yo o tsholetsweng kwa Abidjan, Ivory Coast. O ne a gapa Kora Awards ka 2005 mo setlhopheng sa Best Female Artist in West Africa mme o ntse a le National Goodwill Ambassador wa UNICEF go tloga ka 2007.[1][2]
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Rraagwe Zeynab Habib e ne e le moenjenere wa didirisiwa tsa eleketeroniki mme mmaagwe e ne e le mogwebi. Ke ngwana wa borobedi mo batsading ba gagwe mme o godiseditswe mo lelapeng le legolo la Bamoseleme, le bana ba bangwe ba le 16.[ 3]
Fa a ntse a gola, Zeynab o ne a tsenela dikgaisano tsa sekolo tse di amanang le kopelo. Moragonyana o ne a ikwadisa kwa General Education College ya Allada ka 1993. Le fa a ne a fetsa mophato wa A kwa sekolong sa gagwe sa sekontari, o ne a tlogela sekolo go ya go dira tiro ya kopelo. [1] [[https://web.archive.org/web/20160312102642/http://www.lapressedujour.net/archives/46918 3]] O ne a simolola go dira ditshupo tsa selegae go akaretsa go nna moamogedi wa bareng ya karaoke kwa Alex's Hotel kwa Cotonou, Benin, go feta ngwaga. [https://web.archive.org/web/20170608084919/http://globalworld.skyrock.com/3265372562-Zeynab-Habib-BIOGRAPHIE-ET-VIE-D-ARTISTE.html [4]][3]
Zeynab o amogetse tlotlo ya boditšhabatšhaba ka mmino wa gagwe, go akaretsa le go tswa go UNICEF. Go tloga ka Diphalane 2015, e ne e le moemedi wa bosetšhaba wa UNICEF kwa Benin. [2]
Ka nako ya mmino ka 2005, o ne a ngoka kgatlhego ya setlhopha sa mmino sa Super Quartz, se moragonyana se neng sa mo thapa gore a opele mo go sone. Se se ne sa mo fa tshono ya go kopana le go dirisana le diopedi tse di itsegeng tsa nako eo, go akaretsa Fifi Rafiatou, Awilo Longomba, Jacky Rapon, Jimi Hope, Nel Oliver (Fespam, Congo), Back Médio, KiriKanta le Madou Isbat. [3][4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Personnes | Africultures". Africultures (in French). Retrieved 2017-11-23.
[2] Ribouis, Olivier. "Zeynab, l'élégance sans extravagance". La Nouvelle Tribune (in French). Archived from the original on 2019-08-15. Retrieved 2017-11-30.
[3] "Marché des Arts du Spectacle Africain (Masa) 2016 : Zeynab honore le Bénin en Côte-d'Ivoire | La Presse du Jour". www.lapressedujour.net. Archived from the original on 2016-03-12. Retrieved 2017-11-23.
[4] globalworld (2015-11-22). "Zeynab Habib: BIOGRAPHIE ET VIE D'ARTISTE". Skyrock (in French). Archived from the original on 2017-06-08. Retrieved 2017-11-23.