Jump to content

Zibani Chikanda

Go tswa ko Wikipedia

Zibani Chikanda (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le botlhano(1985) ke motshameki wa pele wa mabole wa Botswana yo o neng a tshameka mo kgaisanong ya bokete jo bo magareng. O ne a gapa bronze medal mo metshamekong ya 2015 African Games le silver medal mo metshamekong ya 2015 African Championships.

O ne gape a nna mmampodi wa bosetšhaba ka makgetlo a le robongwe, a fenya ditlhopho tse di latelanang go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009)go fitlha ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bosupa (2017).[1] Ka ntlha ya diphitlhelelo tsa gagwe, o ne a bidiwa motshameki wa ngwaga ke Khomišene ya Bosetšhaba ya Metshameko ya Botswana ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016).

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Chikanda tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le botlhano( 1985) kwa Mathangwane, e leng motsana o o mo Kgaolong ya Bogare ya Botswana. O ne a tsena sekolo sa McConnell Senior Secondary School kwa Tutume e e gaufi, kwa tshimologong o ne a tlhoma mogopolo mo motshamekong wa volleyball pele ga mogolowe Buzani a mo pateletsa go leka motshameko wa mabole.[2] O simolotse go ikatisa ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi (2002) mme a ikgaoganya le motshameko ono morago ga go fetsa sekolo.[2] Ka ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa (2007) o ne a kwadisetswa mo Botswana Defence Force, koo a neng a kgona go boela mo seraleng jaaka leloko la Eastern Military Garrison boxing club, eo a neng a e emela mo tirong ya gagwe ya go nna motshameki wa mmampodi. [2]

Botshelo jwa go nna mmampodi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009), Chikanda o ne a bitswa lekgetlo la ntlha go tla go tshameka mo setlhopheng sa bosetšhaba sa Botswana. [2]Moragonyana mo ngwageng oo o ne a fenya dikgaisano tsa gagwe tsa ntlha tsa bosetšhaba di le robongwe ka phenyo e e tshesane mo go Gomotsang Gaasite. [3]Kgaisano ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba e ne e le 2011 Zone 4 African Championships, kwa a neng a le leloko le le nosi la Team Botswana le le paletsweng ke go gapa dimetale.[4] O ne a bona katlego e e lekanyeditsweng mo seemong sa boditšhabatšhaba mo dingwageng tse tharo tse di latelang, mme maduo a gagwe a a tlhomologileng e ne e le go gapa sekgele sa boronse kwa Sejaneng sa Ditšhaba sa Aforika sa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012). [5]

Mosebetsi wa hae o ile wa tsoswa hape ka Mmesa 2015 ho Zone 4 African Championships e Pretoria, moo a ileng a hapa dintwa tsa hae tse tharo tseleng ya ho fumana kgauta. [2][6]Dikgwedi tse nne morago ga moo, o ne a fitlha kwa makgaolakgannyeng a Dikgaisano tsa Seaforika kwa Casablanca, a fenngwa ke motshameki wa kgaisano ya lefatshe ya boronse Hosam Bakr Abdin. [7]O ne a tsweletsa katlego ya gagwe kwa Metshamekong ya Aforika ka kgwedi ya Lwetse, a fitlha kwa makgaolakgannyeng a bo a ya gae ka sekgele sa boronse. [2] [8]O ne a tsaya karolo mo Metshamekong ya Lefatshe ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015) kwa Doha, a fenngwa ke Aljaž Venko wa kwa Slovenia mo motshamekong wa ntlha. [9] Ka kgwedi ya Sedimonthole o ne a bidiwa motshameki wa mabole wa ngwaga ke Botswana Boxing Association.[10]O ne gape a bidiwa motshameki wa ngwaga ke Khomišene ya Bosetšhaba ya Metshameko ya Botswana dikgwedi di le mmalwa morago ga moo, a fenya motshameki wa lebelo wa maemo a lefatshe Isaac Makwala le Ofentse Bakwadi wa karateka ka tlotlo.[11]

O simolotse ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016) ka go boeletsa phitlhelelo ya gagwe ya go gapa sekgele sa gouta kwa Zone 4 African Championships ka kgwedi ya Ferikgong. [12]Mo kgaisanong ya African Olympic Qualification Tournament morago ga dikgwedi tse pedi, o ne a fenya Titus Joseph wa Namibia mo kgaisanong ya ntlha pele a fenngwa ke Anauel Ngamissengue. [13]Chikanda o ne a etelela pele kgaisano ya interclub e e neng e tshwaretswe kwa Eastern Military Garrison kwa Selebi-Phikwe, lefelo la gagwe la go katisa. [14]Ke ngwaga wa bobedi ka tatelano a bidiwa motshameki wa motshameko wa mabole wa ngwaga ke Botswana Boxing Association.[15]

O ne a tlhagelela mo metshamekong ya 2017 African Championships kwa Brazzaville, fela o ne a itewa ke Ngamissengué mo ntweng ya gagwe ya ntlha. [16]Ntwa ya gagwe ya bofelo e ne e le kwa 2017 National Championships kwa Gaborone, kwa a neng a kgona go fenya sereto sa gagwe sa bosupa sa naga ka go latelana pele a tlogela. [1]

Ditlamorago tsa boithaopo

[fetola | Fetola Motswedi]

2011 Zone 4 African Championships kwa Gaborone, Botswana (middleweight) [5]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O latlhegetswe ke Josephat Mufayi (Zimbabwe) PTS

2012 African Cup of Nations kwa Gaborone, Botswana (middleweight)[17]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O ne a fenngwa ke Mohamed Amine Meskini (Tunisia) 18- 23
  • O fentse Steven Masiyambumbi (Zimbabwe) 22- 8
  • O ne a fenngwa ke Sofiane Tabi (Algeria) 12 -20 3rd place, bronze medalist ((s)

2015 Botswana Best of the Best Tournament kwa Gaborone, Botswana (boima jo bo bobebe)[18]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O latlhegetswe ke Thabang Motsewabeng 0 -3 2nd place, silver medalist ((s)

2015 Zone 4 African Championships kwa Pretoria, South Africa (middleweight)[19]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O ne a fenya Vidal Antonio Galeta (Angola) 3 -0
  • O ne a fenngwa ke Siphiwe Lusizi (Afrika Borwa) WO
  • O ne a fenya Lourenço Cossa (Mozambique) 3 -0 1st place, gold medalist ((s)

2015 African Championships kwa Casablanca, Morocco (middleweight)[20]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O fentse Mayk Miyenikoue Nruguen (Gabon) 3 -0
  • O ne a fenya Lassina Keita (Mali) TKO2
  • O ne a fenya John Koudeha (Togo) TKO2
  • O ne a fenngwa ke Hosam Bakr Abdin (Egypt) 0 -3 2nd place, silver medalist ((s)

2015 African Games kwa Brazzaville, Congo (boima jo bo fa gare)[21]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O ne a fenya Getachew Akililu (Ethiopia) TKO2
  • O ne a fenya Lourenço Cossa (Mozambique) 3- 0
  • O latlhegetswe ke Glory L'Muala (DR Congo) 0 -3 3rd place, bronze medalist ((s)

2015 World Championships kwa Doha, Qatar (middleweight)[22]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O ne a fenngwa ke Aljaž Venko (Slovenia) 0 -3

2016 Zone 4 African Championships in Maputo, Mozambique (middleweight)[12]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O fentse Thanda Mkhatjwa (Swaziland) TKO
  • O ne a fenya Sinamiso Ntuli (South Africa) 3- 0 1st place, gold medalist (s)

2016 African Olympic Qualification Tournament in Yaoundé, Cameroon (middleweight) [13]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O ne a fenya Titus Joseph (Namibia) 3- 0
  • O ne a fenngwa ke Anauel Ngamissengue (Congo) 0-3

2017 African Championships in Brazzaville, Congo (middleweight) [23]

[fetola | Fetola Motswedi]
  • O latlhegetswe ke Anauel Ngamissengue (Congo) KO1
  1. 1 2 Masanako, Neo (21 February 2018). "Curtain falls for Chikanda". The Midweek Sun. Retrieved 25 July 2020.
  2. 1 2 3 4 5 6 Batlotleng, Baleseng (February–March 2018). "The slow but steady rise of Zibani Chikanda". Kutlwano. Vol. 55, no. 4. Archived from the original on 27 July 2020. Retrieved 25 July 2020
  3. "Upcoming youngsters unstoppable at national boxing championships". The Sunday Standard. 2 December 2009. Retrieved 25 July 2020.
  4. Botswana sets her eyes on Africa boxing championships and beyond". The Sunday Standard. 19 May 2011. Retrieved 26 July 2020
  5. 1 2 ZIBANI CHIKANDA – 75 KG". AIBA. Archived from the original on 27 July 2020. Retrieved 25 July 2020.
  6. Botswana looks to conquer Africa as the region is vanquished". The Sunday Standard. 3 May 2015. Retrieved 26 July 2020.
  7. Tsheko, Lefoko (2 September 2015). "Boxing team wins four medals". Botswana Daily News. Retrieved 26 July 2020.
  8. Team Botswana well on course to obtain 20 medals". The Botswana Gazette. 17 September 2015. Retrieved 26 July 2020.
  9. Batlotleng, Baleseng (11 October 2015). "Bagwasi, Chikanda eliminated". Botswana Daily News. Retrieved 26 July 2020.
  10. Debswana, BoBA reward 2014/15 star boxer". The Midweek Sun. 10 December 2015. Retrieved 26 July 2020.
  11. "Sibanda's treble illuminates BNSC Awards". The Botswana Gazette. 23 June 2016. Retrieved 26 July 2020.
  12. 1 2 Zone 4 African Championships". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020.
  13. 1 2 African Olympic Qualifier". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020
  14. "Chikanda headlines boxing tournament". Botswana Guardian. 12 July 2016. Retrieved 26 July 2020.
  15. Kolantsho, Calistus (21 November 2016). "EMG's Chikanda Scoops Top Boxing Award". The Monitor. Retrieved 26 July 2020
  16. Eloué, James Golden (21 June 2017). "18e Championnats africains de Boxe : Ngamissengué a encore mis KO". adiac-congo.com (in French). Retrieved 26 July 2020.
  17. "4.African Cup of Nations". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020.
  18. Botswana Best of the Best Tournament". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020.
  19. Zone 4 African Championships". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020.
  20. "18.African Championships". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020.
  21. 11.All-Africa Games". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020.
  22. 18.World Championships". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020
  23. 19.African Championships". amateur-boxing.strefa.pl. Retrieved 25 July 2020