Zikhona Sodlaka
Zikhona Sodlaka | |
|---|---|
| Tsalo | 7 June 1985 Mthatha, South Africa |
| Thuto | Shepstone College |
| Tiro |
|
| O itsegi ka | Generations |
Notable work | Zikhona Sodlaka Foundation |
Zikhona Sodlaka (o tshotswe ka Seetebosigo a supa ka 1985 kwa Mthatha)[1] ke modiragatsi wa Aforika Borwa yo o itsegeng thata ka dikarolo tsa gagwe tsa go tshameka mo motseletseleng wa thelebišene jaaka Shooting Stars, Rhythm City, Soul City, Intsika le Montana. Sodlaka o kile a tlhophiwa go bona Dietsele tsa Difilimi le Thelebišene tsa Aforika Borwa (SAFTA).[2]
Ke modiragatsi yo o tlhageletseng wa Aforika Borwa mo Tsha Tsha, Igazi, Generations[3][4][5] le filimi, The Two of Us le Mandela: Long Walk to Freedom.[6][7][8]
E ne e le motsayakarolo mo pakeng ya ntlha ya The Masked Singer Aforika Borwa jaaka The Fox mme o ne a apolwa ka Phatwe a le lesome le boferabongwe 2023. Ka 2023 o ne a amogela gape Sekgele sa Bosetšhaba sa Difilimi le Thelebišene ka ntlha ya tiragatso ya gagwe mo motseletseleng wa Showmax wa The Wife.[9]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Sodlaka o tsholetswe kwa Mthatha kwa Kapa Botlhaba, o goletse kwa KwaZulu-Natal. O tsene sekolo kwa Excelsior SSS mme a tswa mo mophatong wa boferabongwe. O amogetse dithuto tsa gagwe tse di setseng kwa sekolong se segolwane sa Warriors Rust kwa Margate.
O ne a ya kwa Shepstone College kwa a neng a dira dithuto tsa gagwe tsa thuto e kgolwane gone mme a ithutela Botsamaisi jwa Kgwebo. O ne a bona diploma ya gagwe mme a tswelela kwa Johannesburg mme a ikwadisa jaaka Moithuti wa IT mme a dira thuto ya dibalamakgolo kwa Havtec pele a tswelela go tswelela ka lorato lwa gagwe lwa botaki.
Bodiragatsi
[fetola | Fetola Motswedi]Thelebishine
[fetola | Fetola Motswedi]- After 9 (2007-2013)
- Rhythm City (2007)
- Skeem Saam (2011)
- Igazi (2016) as Schotho
- The Wife (2021 - 2022) as Mandisa
- Gqeberha: The Empire (2023) as Bulelwa Mxenge
filimi
[fetola | Fetola Motswedi]- Mandela: Long Walk to Freedom (2013)
- Thina sobabili:The two of us (2014)
- Inhliziyo Yethu (2017)
- Mister Bob (2011)
Dietsele le ditlhopho
[fetola | Fetola Motswedi]Dietsele tsa Royalty Soapie
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Motlhophiwa/ tiro | Seetsele | Maduo | Ref. |
|---|---|---|---|---|
| 2024 | Outstanding Lead Actress | O fentse | [10] |
South Africa Film and Television Awards
[fetola | Fetola Motswedi]| Ngwaga | Motlhophiwa/ tiro | Seetsele | Maduo | Ref. |
|---|---|---|---|---|
| 2024 | Ene | Best Actress in a Telenovela | O fentse | [11][12] |
References
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Zikhonda Sodlaka, TVSA". tvsa.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Komani Sibabalwe, Adeaga Favour (3 September 2019). "Zikhona Sodlaka biography: Age, speech, profile, Nomhle Nkonyeni, Generations, Instagram and contact details". briefly.co.za.
- ↑ "Getting To Know Zikhona Sodlaka". zalebs.com. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "10 Facts You Didn't Know About Zikhona Sodlaka". mytvnews.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Sapa. "Final act: Axed Generations stars go to court". The M&G Online. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Why We Love Zikhona Sodlaka". redlive.co.za. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "TopStories | City Press". News24. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Vourlias, Christopher (22 September 2015). "South Africa Sets Drama for Foreign-language Oscar Race". Variety. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ "Zikhona Sodlaka on her win". Youth Village. 23 October 2023.
- ↑ Birjalal, Alyssia (27 August 2024). "'House of Zwide' and 'The River' win big at the 7th Royalty Soapie Awards". Independent Online. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Ferreira, Thinus (5 September 2024). "2024's SAFTA nominations announced: See all the dominators and new categories at this year's event". South Africa: News24. Retrieved 29 Phalane 2025.
- ↑ Ferreira, Thinus (26 October 2024). "18 SAFTAs full winners list: Shaka iLembe crowned king with 12 wins". South Africa: News24. Retrieved 29 Phalane 2025.