Zineb Triki

Zineb Triki (o belegwe ka 1980) ke motshameki wa difilimi wa Mofora-Moroccan. O itsege thata ka go tshameka karolo ya ga Nadia El Mansour mo thelebisheneng ya Sefora ya The Bureau.
Kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Zineb Triki o belegwe ka 1980 kwa Casablanca, Morocco. O ne a tsena sekolo sa Sefora, koo a neng a ithuta go tshameka motshameko le go bina mmino wa classic. O ne a fudugela kwa Paris a le dingwaga di le 15 go ya kwa sekolong se segolwane.[ 1]
O ne a bona dikirii ya saense ya dipolotiki kwa Yunibesithing ya McGill kwa Canada. O ne a dira internship kwa ntlokgolo ya UN kwa NY ka 2003. O ne a bona setankana sa master's mo go tsa Maranyane a sepolotiki kwa Yunibesithing ya Sorbonne kwa Paris, morago a bona dikirii e nngwe ya master mo go tlhagiseng ditshwantsho le mantswe kwa Paris. [1]
Zineb Triki o simolotse tiro ya gagwe ya go nna motshameki ka tlhoafalo go tloga ka 2009, ka ditiro tse dikhutshwane mo 14h05 le The Misadventures of Franck and Martha. Ditiragalo tsa gagwe tsa ntlha tsa difilimi e ne e le mo Deux fenêtres ka 2013 le La Marche verte (2016). E ne e le thelebišene ya The Bureau e e mo tlisitseng kwa pele ka seabe sa gagwe sa Nadia El Mansour, yo o tshamekang lorato lwa morongwa wa matlhale Guillaume Debailly (Mathieu Kassovitz).
Go tshameka ga gagwe jaaka mmaagwe Nassim mo filiming ya 2017 De toutes mes forces go ne ga tlhalosiwa jaaka "go phatsima, mo karolong e khutshwane le e e thata".[ 4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] Kenza Alaoui (23 July 2015). "Une Marocaine dans la cour des grands". Maroc Hebdo. Retrieved 21 July 2017.
[2] Tahar Ben Jelloun (13 July 2015). "Zineb Triki". Le 360. Archived from the original on 8 June 2017. Retrieved 21 July 2017.
[3] "Zineb Triki". Voici.fr. Retrieved 12 August 2017.
[4] Michel Litout (3 May 2017). "Cinéma : Choisir sa vie, ne pas la subir". L'Independant. Archived from the original on 14 August 2017. Retrieved 12 August 2017.