Jump to content

Zipporah Nawa

Go tswa ko Wikipedia

Zipporah Noisey Nawa (o o tshotsweng ka Mopitlo a rogwa ngwaga wa 1945 a tlhokafala ka Ngwanatsele a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2007) ke morutabana, mopolotiki le leloko la palamente wa kwa Aforika Borwa.

Botshelo jwa Gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Zipporah Nawa o tshotswe ka Mopitlo a rogwa ngwaga wa 1945 kwa motseng wa Walmansthal kwa Pretoria. O amogetse dithuto tsa gagwe tsa borutabana kwa Emmarentia College kwa Bela-Bela, kwa kgaolong ya Limpopo. O rutile ka nakwana kwa Hammanskraal le Panko (Masube) go fitlhelela a ya Louis Trichardt (Makhado) go ruta kwa sekolong sa mo gae. Fa a ntse a ruta, o ne a nna matlhagatlhaga mo tshukatshukong ya kgololesego ya kgaolo eo, a dira tiro ya ANC ka sephiri.

Fa a boela Hamamnskraal, o ne a fitlhela gore kgaolo e nnile bontlha jwa puso e ntsha ya Bophuthatswana e e neng e sa letlelele go tsaya karolo mo diphathing tse dintsi mo palamenteng le mo botshelong. Ka jalo o ne a patelesega go nna leloko la bokopano jwa barutabana ba Bophuthatswana, mme mo sephiring a tswelela ka go bereka le ANC le batho ba tshwana le morekisi Deboy Mokoena. Mmogo ba tlhamile ditlhophana kwa tlase ga lefatshe tsa Umkhonto we Sizwe (MK)  kwa Hammanskraal. Gareng ga batho ba ba neng ba ba tlhophile ke morwa Mokoena, Dithupe, o o itsegeng ke dithaka tsa gagwe e le Stix morago ga gore a tlole molelwane. Go ne go na le Monageng Patrick Xoliso Mmakou o o tlhokafetseng morago ka Seetebosigo a le malatsi a mane ngwaga wa 1989 kwa Swaziland fa bomo e thunya e e neng e epetswe ke makgotla a tshireletso a Aforika Borwa. Mr Mokoena o ne a tsenya Patrick Bapela, kgotsa Raymond  Mogale, o a neng a sikana le Zipporah Nawa. Bapela o ne a tsenya morwae o motona Lebogang Lance mo ditirong tsa MK.