Zulaikha Patel (o o tshotsweng ka 2002)[1] ke molweladitshwanelo o o kgatlhanong le kgetholo ya lotso le mmala wa kwa Aforika Borwa. O nnile sekao sa ntwa kgatlhanong le molao wa sekolo sa basetsana sa Pretoria Girls High School, mabapi le meriri ya basetsana ba bantsho ka 2016, a le dingwaga di le lesome le boraro. Ene le ba a neng a tsena sekolo le bone ba ne ba tshwara ditshupetso tse di neng tsa baka phetogo mo molaong wa sekolo le dipatlisiso tsa magatwe a kgethololo ya lotso le mmala lwa sekolong seo. O inotswe a re "go nkopa go fetola moriri wa me go tshwana le go nkopa go sutlha bontsho jwa me."[2]
Zulaikha Patel o tsholetswe kwa Aforika Borwa, mo lolwapeng lwa ditso tse pedi ebong motho montsho wa Aforika Borwa le mo India. Ka bongwana jwa gagwe, lonyalo lwa batsadi ba gagwe ba ditso tse di farologaneng, go ne go bodiwa ka lone gangwe le gape. O supile gore fa a gola o ne a kgethololwa ke dintlha ka bobedi tsa lolwapa lwa gagwe ka a tlhakantse ditso, a ikutlwa a sa kgone go wela mo lotlhakoreng lope lwa ngwao ya gagwe. Fa a le ngwana, Patel o ne a re maiphitlhelo a gagwe a ntlha le kgethololo ya lotso le mmala a ne a tswa mo lotlhakoreng lwa lolwapa lwa gagwe lwa lotso lwa India le gore teme e ne e ba kgaoganya. Mo lotlhakoreng lwa ga mmaagwe, o ne a tlhalosa ka fa batho ba motse wa ga mmaagwe ba neng ba mo kgalela moriri wa gagwe, se se neng sa baka dipuisano le go itshekatsheka ka moriri wa gagwe o o tshophegileng ka tlholego.[3]
Sekolo sa Pretoria Girls High School se kwa Pretoria, kwa Aforika Borwa. Sekolo se se simolotswe ka 1902 e le sa batho basweu fela fa se sale se tlhamiwa go fitlhelela ka 1990, dikolo tsa Aforika Borwa di ne di kgaogane ka ditso pele ga puso ya tlhaolele, mme fa e sale ka 1990, sekolo seo se buletswe basetsana ba ditso tsotlhe. Go ya ka CNN, molao wa Pretoria Girls ga o nankole meriri ya se Aforika e e thata, mme se na le melawana ya tebego, e akaretsa e e buang gore meriri yotlhe e tshwanetse go nna phepa e tsamaelana le paka ya sekolo. Barutabana ba ne ba boleletse baithuti gore meriri ya bone ya batho bantsho e tlharaletse e tshwanetse go bofiwa.[4][5] Go ne go bonahala gore bare meriri ya basetsana e tshwanetse go tlhamaladiwa kgotsa ya bofiwa eseng go kamiwa fela e lesitswe.[1]
Zulaikha Patel o ne a le gareng ga baithuti ba ba neng ba eteletse pele ditshupelo kgatlhanobf le sekolo sa Pretoria Girls High School, kgatlhanong le molao wa moriri wa sekolo seo.[6]
Mo tshekatshekong ya 2017 ya melao ya sekolo, kgaolo ya masome mabedi le bosupa e ne e kwadile ka fa mogwanto wa 2016 wa sekolo sa Pretoria High School for Girls e duleng mo maiphitlhelong a letsatsi le letsatsi a baithuti ka melao ya tebego. Le ntswa molao o ne o papamaditse ditshetlana di tshwana le botho, tekatekano, le go akarediwa, baithuti ba ne ba bega fa ditshetlana tse gantsi di sa tsamaisane le ka fa melao e dirisiwang ka teng. Morago ga tiragalo e, lephata la thuto la Gauteng le ne la seegela kwa thoko molao wa meriri la laela sekolo go kwalolola molao go na le tlaleletso ya baithuti. Kgaolo ya masome mabedi le bosupa e ne ya akaretsa phetogo e, e le sekai sa ka fa melao ya tebego e tshwanetseng go tsamaelana le ditshireletso tsa seriti, tekatekano le ngwao.[2]
Ditiro tsa ga Zulaikha Patel di ne tsa rotloetsa megwanto e mengwe kwa Aforika Borwa, kwa Lawson Brown High School kwa Kapa Botlhaba le kwa St Michael's school for Girls kwa Bloemfontein kwa batsadi ba neng ba nna le seabe mo mogwantong. Batho lefatshe ka bophara, ba ne ba simolola go abelana ditshwantsho tsa meriri ya bone mo maranyaneng ba supa fa ba le seopo sengwe le baithuti ba basetsana kwa Pretoria Girls High School. Metswedi ya dikgang ya mafatshefatshe e ne ya bega ka se.[7] Megwanto e e ne e supa fa kgaogano ya ditso e santse e le teng, le ntswa puso ya tlhaolele e ne ya fela ka 1991.
Go gatelela ga ga Patel go ne ga gwetlha megwanto e mentsi le phetogo. Tona wa thuto wa Gauteng Panyaza Lesufi o ne a etela sekolo sa Pretoria Girls High School go utlwa dilelo tsa baithuti ba bantsho, e seng ka molao wa moriri fela mme gape e le ka tlhaolele ya lotso le mmala kwa sekolong seo. Sekai, basetsana ga ba letlelelwe go bua diteme tsa Aforika mo sekolong, ba ka bua Sekgoa le Afrikaans fela. Patrick Gaspard, moemedi wa United States kwa Aforika Borwa o ne a kwala mo maranyane a twitter are "ditshaba tsotlhe di na le melao, nako tse dingwe melao eo e a gatelela e tlhoke go senolwa le go lwantshiwa. Kopo ya mo maranyaneng e ne ya tshwara menwana e ka nna dikete di le masome mabedi le botlhano ka letsatsi.[8] Lephata la thuto la Gauteng le ne la seegela kwa thoko molao wa moriri.[6]
Mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, Patel o ne a atolosa tiro ya gagwe go gwetlha ka fa mohama wa bontle le dikao dingwe di supang dielo tse di kgatlhanong le bontsho ka teng.[9]
Patel o ne a lemogiwa e le ene a mmotlana mo lenaaneng la BBC News la basadi ba ba lekgolo ka 2016. O amogetse dietsele tse dingwe di le dintsi jaaka sa bobegadikgang sa banana ba le lekgolo ba ba nang le thotloetso ka 2017 kwa Aforika Borwa, seetsele sa Breaking Down Borders ka 2018, le se sesha saa Aforika a le lekgolo a a nang le thotloetsho ka 2019.[10]
Ka 2017, motshwantshi wa mo loboteng Lexi Bella o ne a taka e le tlotla ya va Zilaikha Patel kwa New York morago ga go tlhotlhelediwa ke go lwela ditshwanelo ga gagwe kwa Aforika Borwa. Setshwantsho seo ke se se tletsetletseng sa ga Patel ka mogwanto a supa moriri wa gagwe wa tlholego le lebole le tsholeditswe kwa godimo e le sesupo sa kgololesego.[11]
Batho ba maemo ba supile kemo nokeng ya bone le kgatlhego mo go Zulaikha Patel ba akaretsa Solange Knowles, o a neng a mo akgola mo maranyaneng a twitter (a bidiwang X gompieno) a mo akgolela tiro ya gagwe mo letsholong leo.[12]