Barolong Seboni

Go tswa ko Wikipedia

Barolong Seboni (o tshotswe ka ngwaga wa 1957) mme ebile ke mmoki le moithuti wa Botswana. One a amogela tlotla ya BA ya go tswa mo Sekolong se Segolwane sa Mmadikolo le setlhankana sa gagwe sa Maemo a ntlha sa Masetase(masters) gotswa mo sekolong sa Mmadikolo sa Wisconsin–Madison. O ranoletse diane tsa setswana go ya kwa puong ya sekgoa. O ne gape le tsebe mo pampiring ya dikgang ya The Guardian mme o berekile gape mo seromamoweng[1].

Se a se kwalang mo mabokong a gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mokwadi ebong Barolo Seboni ke monngwe wa batho ba ba fiwang tlotla e e tseneletseng fa go tliwa kwa mererong ya tsa poko.O nale talente e e tseneletseng ebile e kgatlisa mo go maswe.Gantsi fa mokwadi a kwala maboko a gagwe o dirisa mafoko a a nang le molotsana yo o tlisang monate mo puong ya setswana mme se se natefalele babadi kgotsa babadi.Seboni o simolotse go kwala maboko a gagwe fa a le dingwaga tse di lesome le boferabobedi,mme a tswelela a ntse a thswareletse fela go fitlha a tswela a dira dikgatiso tsa gagwe fa a le kwa sekolong[2].

Dibuka tse a di gatlisetseng[fetola | Fetola Motswedi]

Leina la buka Ngwaga wa kgatiso lefelo la kgatliso
Windsongs of the Kgalagadi 1994 Gaborone
A collection of New Short stories and Poetry from Botswana 1993 Gaborone
Looking for Tomorrow; Bakamoso Jwa Rona 1994 Gaborone
Lovesongs 1994 Gaborone, Botswana
Lighting the Fire; an anthology of Literature for Secondary Schools 2002 Botswana,Gaborone
An Anthology of Botswana Poetry 2002 Morula Publishers and Black Accents Publications

[3]

Dingwaga tsa pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Barolaganyi Seboni o simolotse go bereka ka ngwaga wa 1978 e le morutabana mo dikolong tse di kgolwane tsa Mater Spei College, Francistown, gone mo Botswana go fitlha ka ngwaga 1983.Mme e rile go tsweng foo o ne a tlhapiwa kwa Mmadikolo wa lefatshe la Botswana e le modiri wa lekoko le le dirang le tsa ditlhabololo go fitlha ka ngwaga wa 1984.O ne a tswelela ka go atlega mo botselong mme a felela a tlhapiwa e le modiri wa Motlhatlhanyi wa dithuto tse dikgolwane kwa Mmadikolo mme a bowa a atlolosiwa maemo gape go nna yo mogolwane go fitlha ka ngwaga wa 2022[4].

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

Barolong Seboni

  1. http://en.wikipedia.org/wiki/The_Guardian
  2. http://www.uiowa.edu/~iwp/EVEN/documents/SeboniWhyIWrite.pdf
  3. www.bseboni.blogspot.com
  4. www.bseboni.blogspot.com