Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Botswana

Lefatshe ja Botswana (Setswana)
Republic of Botswana (Sekgoa)
Flag of Botswana
Folaga
Coat of arms of Botswana
Sekano sa setshaba
Motto: Pula
Mošate
and largest city
Gaborone
24°39.5′S 25°54.5′E / 24.6583°S 25.9083°E / -24.6583; 25.9083
Diteme tsa semmusôSekgoa[1]
National languageSetswana[1]
Merafe ya Batho
(2012[2])
Sedumedi
Demonym(s)
  • Batswana
  • Motswana
GovernmentUnitary dominant-party parliamentary republic with an executive presidency[4][5]
• President
Mokgweetsi Masisi[6]
Slumber Tsogwane
Phandu Skelemani
LegislatureNational Assembly
Independence 
• Established (Constitution)
30 Lwêtse 1966
Fatshe
• Total
581,730 km2 (224,610 sq mi)[7] (47th)
• Water (%)
2.7
Batho
• 2021 estimate
2,588,423[8][9] (145th)
• 2022 census
2,346,179[10]
• Bokete
4.1/km2 (10.6/sq mi) (231st)
GDP (PPP)2022 estimate
• Total
$43.474 billion[11] (120)
• Per capita
$19,287[11] (99)
GDP (nominal)2022 estimate
• Total
$16.948 billion[11] (120)
• Per capita
$7,519[12] (101)
Gini (2015)Positive decrease 53.3[13]
high
HDI (2019)Increase 0.735[14]
high · 100th
MadiPula (BWP)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time[15])
Date formatyyyy-mm-dd
dd/mm/yyyya
Driving sideleft
Calling code+267
Internet TLD.bw

Lefatshe ja Botswana le kwa borwa jwa Aforika, ke lefatshe lê lê dikaganyêditswêng ke a mangwê, ka jalo ga le a bapa le lewatle. Pele ga le tsaya boipusô ka kgwedi ya Phalane e tlhôla masomemararo ka ngwaga wa sekete, makgolo maheramongwe, masomemarataro le metsomerataro (1966) mo go Enyelane le ne le bidiwa Bechuanaland. Lefatshe ja Botswana le dikaganyêditswê ke la Aforika Borwa kwa borwa-botlhaba go fitlha kwa borwa-bophirima, Namibia kwa bophirima, Zambia kwa bokône le Zimbabwe kwa bokône-botlhaba. Lefatshe lê lê bidiwa Botswana, le rêêlelwa ka bannibantsi ba lône eleng Batswana ka lotsô.

Pina ya setshaba ya Botswana ke fatshe lêno la rona, ê e tlhamilwêng ke Rre K T Motsete.

Madi a a dirisiwang kwa Botswana ke Pula.

Botswana ke lefatshe lê lê farologanyeng le mafatshe a mangwê mo Aforika. Morago ga pusô ya Enyelane, Botswana o ne a tsaya boipusô ka di-30 tsa Lwêtse 1966. Morago ga boipusô, lefatshe ja Botswana le ne la dirisanya mmôgô le pusô ya Enyelane go itlhabolola. Babusi ba Botswana ka nakô êo ba ne ba leka ka bojotlhê go ntsha Botswana mo tlalêng. Tomokoraga e nê ya busa lefatshe jêno e êtêlêtswe pele ke Serêtsê Khama, tautona wa ntlha wa Botswana.

Gompijêno Botswana ke lengwe ja mafatshe a a tlhabologang ka bofêfo mô lefatshing ka bophara. Ntswa mafatshe a mangwê mo Aforika a tshwênngwa ke tlala le tsê dingwe jaaka dintwa le tsiêtsôsetshaba, Botswana e sa e kgôna go fênya mmaba mô e bileng e bilêng sekai mo Aforika.

Lenanêô ja tirisômêtse mô Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe ja Botswana le ntse le nosiwa mêtse ke makalana a a farologaneng mô dingwagêng difetileng. Water Utilities Corporation e ntse e nosa ditorôpô le ditorôpôkgolo. Mô godimo ga môo, kômpône êno, e ntse e tshwaragane le Lephata ja Mêtse le Dikhansele tsa Dikgaolô ka bokete jwa mêtse go abiwa le mafelo a mangwê a lefatshe leno. Maikaêlêlô a Lenanêô ja go Dira Diphêtogô mô Mhamêng wa Mêtse ke go rarabolola ditsamaisô tsêno marara, go bêng jalo go nne bonôlô go isa mêtse kwa bathung.Eeng sê se tlamilêng gore go diragadiwê Lenanêô ja go Dira Diphêtogô mô Mhamêng wa Mêtse? Kanokô ya Lenanêôlegolo ja Setshaba ja Phatlalatsô Mêtse ja 2005-2006, le ne la re go diriwê diphêtogôdigolo mô mhamêng wa mêtse, mme dingwe tsa tsônê e le gore, go kgaoganngwê tsamaisô ya mhama wa mêtse le makalana a mangwê a a thusang ka ditirêlô. Morago ga dikanokô tsêo, ba ne ba gakolola gore Water Utilities Corporation e tsêyê tsamaisô yôtlhê ya go nosa lefatshe jêno[16].

Dipôlôtiki le pusô ya Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

E sale lefatshe ja Botswana le tsaya boipusô ka ngwaga wa 1966, le bilê le êtêlêtswê pele ke Phuthêgô ya Botswana Democratic Party ê, le mo bogompijênong, e ntseng e busa fela. Tautona ya lefatshe ja Botswana ke Rre Mokgwêêtsi Eric Keabêtswe Masisi, yô a amogilêng maêmô ana mô go Rre Ian Khama. Pusô ya lefatshe ja Botswana ke ya batho ka batho, mme sêno se raya gore mongwe le mongwe o na le tshwanêlô ya go tlhôpa phuthêgô e a akanyang gore e ka mo tswa mosola mô tsamaisông ya lefatshe a phuthologilê[17].Go kagisô ê e rênang lefatshe ka bophara mme sê se dire gore mafatshemantsi a batle go itsalanya le jônê. Batswana ka bontsi ke batho ba ba ratang go itse le gônê go tlhaloganya ka mafatshe a sele, jalo se baka tirisanyômmôgô fa gare ga mafatshe.

Phemêlô[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nakô ya boipusô, lefatshe ja Botswana le bile le sena sesôlê sê se nitameng. E ne e le morago ga gore Masôlê a Rotesia le a Aforika Borwa a lwantshiwê ke mephatô ya ZIPRA le MK [14] mme Botswana Defence Force (BDF) ya tlhamiwa ka ngwaga wa 1977[18]. Tautona ê nê e le molaodi wa sesôlè gape a le dithata tsa go ka êtêlêla lefatshe gape. Sesôlê sa Botswana se maloko a ka tshwara selekanyo sa 12,000.

Go latêla phetogô ya sepôlôtiki sa Aforika Borwa, sesôlê sa Botswana sa nê sa itlama go sirêlêtsa diphôlôgôlô tsa tlhôlêgê, go thusa batho ka nakô ya fa ba wêtswe ke dibetsa tsa tlhôlêgô, gape le go lêre kagisô. Lefatshe ja United States ke lengwe lê le thusang Botswana ka ditlhabololô, le sônê sesôlê sa Botswana, ka bontsi jwa basônê ba fiwa ithuthuntshô ke ba lefatshe ja U.S. Ithuthuntshô êna e tsêwa e le ya kônôkônô[19].

Diteme tsa Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Teme ê e buiwang mô Botswana ke Setswana, ke sônê se golaganyang merafe ê farologanyeng go utlwana. Ka gore go merafe ê e farologanyeng, Botswana o nale diteme tsê dingwe tsê di buiwang ke merafe êo, jaaka:

Teme Morafe
Sesarwa Barwa
Sekgôthu Bakgôthu
Sebirwa Babirwa
Sesubiya Basubiya
Sekalaka Bakalaka
Sekgalagadi Bakgalagadi
Sehambukushu Bahambukushu
Seherero Baherero
Sengwato Bangwato
Setswapong Batswapong

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "About Our Country". Gov.bw. Retrieved 2022-04-17. Botswana has a number of tribes across the country, collectively known as Batswana. The official language is English and Setswana is the national language, although there are other spoken languages.
  2. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named cia
  3. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named pew
  4. "Africa :: Botswana – The World Factbook - Central Intelligence Agency". www.cia.gov. Retrieved 17 December 2019.
  5. Selolwane, Onalenna (2002). "Monopoly Politikos: How Botswana's Opposition Parties Have Helped Sustain One-Party Dominance". African Sociological Review. 6 (1): 68–90. doi:10.4314/asr.v6i1.23203. JSTOR 24487673.
  6. "Masisi to Lead Botswana as Khama Steps Down After a Decade". Bloomberg.com. 28 March 2018. https://www.bloomberg.com/news/articles/2018-03-28/masisi-to-lead-botswana-as-khama-steps-down-after-decade-at-helm. 
  7. Global Forest Resources Assessment 2015 – Country Report – Botswana (PDF). fao.org (Report). United Nations Food and Agriculture Organization. 2015. p. 9. Total Country Area ('000)ha / 58 173
  8. ""World Population Prospects 2022"". population.un.org. United Nations Department of Economic and Social Affairs, Population Division. Retrieved July 17, 2022.
  9. "World Population Prospects 2022: Demographic indicators by region, subregion and country, annually for 1950-2100" (XSLX). population.un.org ("Total Population, as of 1 July (thousands)"). United Nations Department of Economic and Social Affairs, Population Division. Retrieved July 17, 2022.
  10. Statistics Botswana (May 2022). "2022 POPULATION AND HOUSING CENSUS PRELIMINARY RESULTS V2" (PDF). Statistics Botswana. Retrieved 2 July 2022.
  11. 11.0 11.1 11.2 "IMF Country Specific Data". Retrieved 10 August 2019.
  12. "IMF Country Specific Data". Retrieved 10 August 2019.
  13. "GINI index (World Bank estimate)". World Bank. Archived from the original on 13 December 2017. Retrieved 20 April 2019.
  14. "Human Development Report 2020" (PDF) (in Sekgoa). United Nations Development Programme. 15 December 2020. Retrieved 15 December 2020.
  15. Chapter: 01:04 (20 July 1984). "Interpretation Act 1984 (§40(1))". Archived from the original on 28 March 2017. Retrieved 11 September 2020.
  16. www.mmewr.gov.bw/downloads/download.php?dir
  17. http://en.wikipedia.org/wiki/Politics_of_Botswana
  18. http://en.wikipedia.org/wiki/Botswana_Defence_Force
  19. http://en.wikipedia.org/wiki/Botswana_Defence_Force

</noinclude>


Cite error: <ref> tags exist for a group named "lower-alpha", but no corresponding <references group="lower-alpha"/> tag was found