Setswana

From Wikipedia
Jump to: navigation, search
South Africa 2001 Tswana speakers proportion map.svg

Setswana ke puo ee buiwang mo mafatsheng a Afrika Borwa, Botswana, Namibia le Zimbabwe. Ke nngwe ya dipuo tsa semmuso kwa Afrika Borwa fa kwa Botswana gone e le puo ee tsewang e le yone ya lefatshe ka bophara. Banni bangwe ba Botswana ba tsalwa ba sa bue Setswana jaaka Bakgalagadi, Bakalanga le ba bangwe. Ba se ithuta mo mebileng le kwa sekolong. Molao moteo wa Zimbabwe o moshe o kaya puo ya setswana e le nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa lefatshe leo.

Kgotla ya Batswana[baakanya | edit source]

Kgotla e kaiwa mo setsong sa Setswana jaaka lefelo la botlhokwatlhokwa. Ke felo kwa melao ya morafe e dirwang gone le ditsheko di tsenelang gone. Kgotla ngwe le ngwe, go ya ka Setswana, e biletswa boreaitse go thaya kgotla gore go sireletswe kgosi le morafe. Go epelwa lenaka la mere kgotla lenaka le beiwa mo mpontsheng go ya ka thato ya kgosi le baeletsi ba gagwe. Kgotla e agiwa go ya ka bogolo jwa morafe mme e agiwa jaaka seripagare sa kgolokwe.

Gantsi, ke Kgosi, borangwanaagwe le bao ba tlhopilweng ke ntlo ya kwa kgosing ba ba dirang le go fetola melao ya morafe. Manno kwa kgotla a dulwa go ya ka maemo a motho mo morafeng. Batlhanka le batlhoki ba dula kgakala xle kgosi. Bomatwetwe, batlhabani ba diganka le bahumi ba dula gaufi le kgosi. Ke gone fa mannong fa moo go neng gp bonwa gore ke mang yo nang le meraka e mentsi, e e sasailang ka metlhape ya dikgomo le letsomane la dinku.

Kgotla, kwa dipitso tsa morafe di tshwarelwang gone, ka gale e agiwa gaufi le kwa kgosing ka magong a ditlhare tsa mokgalo le moselesele, mme e agiwa ka mokwa yo o latelang:

  • Manno a kgotla - gantsi ka fa tlase ga setlhare.
  • Lepatlelo la kgotla – go amogela bao ba tla emang ka dinao kwa kgotla
  • Leobo – moago e ruletsweng ka bojang.
  • Leiso – kwa molelo o besiwang gone go ithuthafatsa, go apaya tota le go baya metsi mo isong.
  • Lesaka la dikgomo.
  • Ntlwana – e agiwa ka kwa morago ga lesaka

Kgotla e e kwa godimodimo ke kgotla ya kgosi. Mme yona e latelwa ke dikgotla tsa dikgosana le dikgotla tsa malapa. Senno sa kgotla se dirisiwa kwa kgotla fela, ga se tswe ka kgotla. Mme senno seno se dirwa ka legong la setlhare sa mokgalo, morolwana kgotsa mokabi. Dinno gantsi di betliwa ke banna ba motse.Mo malatsing a gompieno dikgotla di fetogile go tsamaya le dinako. Sepodisa le meago mengwe ya puso e agiwa gaufi kgotsa go nna karolo ya kgotla.

Losika la puo ya Setswana le Merafe e mengwe[baakanya | edit source]

Setswana se sikana thata le Sesotho, puo e e buiwang kwa Afrika Borwa le Lesotho. Se se dira gore babui ba dipuo tse ba tlhaloganyane motlhofo go gaisa ba dipuo tse dingwe tse di mabapi[1].Le fa go ntse jalo Puo ya Setswana ga e tshwane thata le ya Sesotho,di nale modumo o o di farologanyang mme ebile seo se ka tlhalogangwa botoka ke babui ba Botswana le Lesotho [2].

Nalane[baakanya | edit source]

Nalane ya setswana e tshwanetse ya bo e wela fa go tse dingwe tse di filthegileng go fitisisa mo lefatsheng. Seno se dirwa makete le go fitisisa ka ntata ya gore ga e a kwalwa mofatshe, e sale e le mafoko a molomo a a fitisiwang go tswa go batsoga-pele go ya kwa baneng. Botshelo jwa boteduputswa ba setswana, bo fitlhelwa gantsi mo dipokong le mo dikwalong dingwe tsa di padi le dikgankhutswe. Maitlhomo magolo a karolo e, ke go leka go kopanya fa go kgonagalang, tsa botshelo jwa maloba, mme fela re rata go rotloetsa batswana go bala le go kwala setswana.

Setswana mo Afrika Borwa[baakanya | edit source]

Go ya ka bodulo, Puo ya Setswana e phatlaletseng thata mo Afrika Borwa mme e buiwa thata ke merahe ee ko Bechuanaland Protectorate, Bokone-Botlhababa Probinsi ya Kapa (British Bechuanaland and Griqualand West),Bogare,Bophirima ba Free State le Bophirima ba Transvaal. Legale bogolo ba ditulô tse di mo sekakeng se se senang metsi sa Kalahari ebile sena le baduli ba ba nnye ka palo.

Go na le Merahe mengwe ee dirisang pou ya Setswana entswa e se merahe ya Batswana.Yone e akaretsa BaKalanga, BaHerero, Madamara, BaKoba, BaMbukushu,BaSubia, BaKgalagadi, BaSarwa, jalo jalo.Merahe ya BaTswana ka bo yone e ka faroganngwa ka dikarolo tse nne,e leng, Bogareng,Borwa, Bokone le Botlhaba. Dikarolo tse tharo tsa ntlha di ka kaiwa e le tsona tse di dirang diteme tsa Bophirima tsa Setswana.


Bontsi jwa batho ba ba buang Setswana ba fitlhelwa kwa lefatsheng la Aforika Borwa bogolo segolo mo diporofenseng tsa Bokone Bophirima (North West) le Kapa Bokone. Batswana ba Aferika Borwa ba ka nna didikadike di le 3.4 fa Batswana ba Botswana ba ka nna sedikadike le go feta (gongwe 1.3). Batswana ba Namibia le Ba Zimbabwe ba palo potlana. Legale ditirelo tsa kgaso tsa Namibia di gasa gape ka Setswana.

Setswana ke puo e e monatenate, e e nonneng ka e bile e buiwa mo mafatsheng a mane a a mo borwa jwa Aferika. Baithuti bangwe ba dipuo bare Setswana ke nngwe ya dipuo tse di matswakabele thata go gaisa tse dingwe tsa borwa jwa Aferika.

Setswana se na le manatetsha puo a mantsi jaaka diane, dithamalakwane le maele.

Dikgoge tsa kwa ntle[baakanya | edit source]