Main Page

From Wikipedia
Jump to: navigation, search
Amogelesega mo Wikipedia,
Go na le di article di le 514.

Ensaetlolopedia Ya Mahala

Amogelesega mo Wikipedia, tirisanyommogo e maikaelelo a yone e leng go leka go ensaeklopidia ka diteme tsa mafatshe a a farologanyeng, mme ebile e sa sokamela ka letlhakoreng lepe e bile e dirisiwa ke mongwe le mongwe mo interneteng mahala. Wikipedia ga e duelelwe, e bile e ka dirisiwa go batla tlhaloso ya sepe fela kgotsa go tsenya sengwe, le go baakanya tse di setseng di tsentswe. Ka gore mongwe le mongwe o kgone go tsenya se a se batlang, Wikipedia ga e kake ya tshepisa ya gore se o tla se filthelang fa ke boammaaruri jo bo tletseng. O ka lekeletsa ka Sandbox. Tswana Wikipedia e, e na le di article di le 514. Go tsaya malebane go bona gore o ka kwala eng, o ka tlhola gore batho ba kopile eng.

A o kile wa utlwa...

Dikoranta tse di kwadilweng

Gaborone

Gaborone, Sekgowa /ˌɡæbəˈrn/ or /ˌxɑːbəˈrn/), ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi Kgosi Gabarone) Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana e na le palo ya batho ba ba 191,776 tse di gatisitsweng ka ngwaga wa 2006 go ya ka dipatlisiso, se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.


Toropo ya Gaborone e fithelwa magare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, ko ntlheng ya borwabotlhaba jwa Botswana, gape e le gaufi le mololwane wa Aferika borwa. Toropo e e dirisa lebala la difofane la Sir Seretse Khama. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya borwabotlhaba. Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs .

Ka gonne toropo e ga ene mathata a merafe gape e gaufi le metsi a a phepa, toropo e e agetswe go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960s fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate le tsaya puso, le bo le nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, tse di bitswang mafelo a marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso a. Toropo e e nggwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong. Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aferika borwaka ngwaga wa 1980. ►Read more

Dinepe tsa letsatsi 

Kgosi Seepapitso IV ( o tlhokafetse ka di 24 tsa kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2010) e ne e le kgosi ya morafe wa ga Ngwaketse mo Botswana. E ne e le morwa kgosi Kgosi Bathoen II mme o ne a tlhophiwa go etelela pele Ntlo ya Dikgosi dingwaga di le mmalwa gape e le mongwe wa dikgosi tse di neng di nale seriti ebile di tlotlwa fela thata mo Botswana. Rre Seepapitso o diretse lefatshe la gagwe gape e le moemedi kwa United States of America le kwa China.

E ne e le mogaka, e le Rraarona kwa Ntlong ya Dikgosi,mme ebile a ne a tlotla thata bogosi ka a ne a sa batle bogosi bo gatakiwa ka dinao.O ne a ngomolwa pelo ke diemo dingwe tse di neng di sa tlotle bogosi.Nako tsotlhe fa emelela a buisa morafe o ne a ngoka theetso ya setŝhaba. Jaaka a ne a direla Ntlo ya Dikgosi ka lobaka le ka nna dingwaga tse di masome a mararo o ne a sa buse fela, ka boeteledipele jwa ga Rre Seepapitso, Ntlo ya Dikgosi e ne e gakolola goromente wa puso ya lefatŝhe ka dikgang tse di neng di ama lefatshe ngwe tsa tsone di akaretsa :go tlosiwa ga Batswakwa ba ba senang teta ya go nna mo lefatsheng.

Wikipedia's sister projects

Dipuo

Dipuo tsa Aforika Borwa

Afrikaans · English · seSotho · Sesotho sa Leboa (Sepedi) · isiNdebele · SiSwati · Xitsonga · Tshivenda · isiXhosa · isiZulu

Dipuo tsa mo Botswana

Afrikaans · English · Ikalanga · Setswana · sheKgalagadi

Other African languages

Akan · አማርኛ · Bamanankan · Chi-Chewa · Ɛʋɛ · Fulfude · Luganda · هَوُسَ · Ìgbo · Kongo · Gĩkũyũ · Malagasy · Lingala · Kinyarwanda · Oromoo · Kirundi · Sängö · chiShona · Soomaaliga · Kiswahili · ትግርኛ · chiTumbuka · Twi · Wolof · Yorùbá ·

Full list.