Basarwa

Go tswa ko Wikipedia

Basarwa ke batho ba Botswana. Basarwa ke bone batho ba ntlha go nna mo Botswana. Batswana ba ne be goroga mo Botswana dingwaga tse di ntsi tse di fetileng. Ba ne ba tseela Basarwa lefatshe, ba bo ba dira gore Basarwa ba tshabele ko sekakeng. Ke ka moo gompieno Basarwa ba nnang ko sekakeng le ko merakeng.

Ditso tsa pele[fetola | Fetola Motswedi]

1000- to 2000-year-old San-paintings near Murewa Zimbabwe

Tshekatsheko ya ditso e supa fa bangwe ba letso la basarwa ba sale ba nnile mo sekakeng sa kgaolo ya kgalagadi.Mme bontsi ja letso la Basarwa mo kgaolong ya borwa jwa Aferika ba ne ba patelediwa go nna mo kgaolong eo. Basarwa ba kalahari ba nnile mo lehumeng fa bahumi ba ba nnang go bapa le bone ba ba rontshitse ditshwanelo tsa go nna le lehatshe.Morago ga nako ee sa fedising pelo Botswana ga mmogo le Namibia, ba ne ba fithela bonno jwa bone bo fokoditswe mo go fiteletseng.[1]

Basarwa ba Kalahari[fetola | Fetola Motswedi]

Basarwa ke batho ba thata e itsiweng ele batsomi. Go nneng ga matlong a a sa akaegeng, Basarwa ba tshedile ka go tsoma diphologolo le go bapala diphologolo tsa naga.Bontsi jwa batho mo borwa jwa Afreka ba ne ba itsesiwe ngwao ya Basarwa ga mmogo le teme ya bone go dirisa setshwantsho sa motshikenyego.[2]

Kgotla kgolo ya ditsheko[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya ferikgong a thola masome a mabedi le bosupa ngogola ,Basarwa ba ne ba fenya tsheko kgathanong le puso mo Botswana ko kgotla kgolo ya ditshekelo morago ga go kganelwa go amana le metsi a a nowang mo di dibeng tse di kwa ba nnang teng.Barrister Gordon Bennett e ne e le moemedi wa basarwa ko tshekong jaaka fa baathodi ba supa fa puso ya Botswana e le molato go fa thuso ee sa nametseng.Gangwe le gape, puso ya Botswana e ne bolelelwa gore e duele dituelo tsa go tsenelela tsheko ga Basarwa.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]