Dukwi
(This page's format needs to be reviewed. You can help by editing it.)
Dukwi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa mo tseleng e kopanyang leya Francistown goya Nata. Mo palong ya batho ya ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe dipalo tsa batho dine di tsamaya ko sekete le makgolo ale borobabongwe le motso.
Kgosi ya motse wa Dukwi, Kgosi Bohedile Tlwaelang, a re o tshwentswe thata ke ditiragalo tse di tletseng mo motseng wa Dukwi tse mo go tsone batho bangwe ba gwebang ka dithoto tsa dithuso tsa bopelotlhomodi.Kgosi Tlwaelang o buile jalo ka Matlhatso kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke ba twantsho ya matlhoko a leruo ba kampa ya Dukwi ba ba neng ba abela batlhoki le dikhutsana dikobo di le masome a mararo.E rile a ntsha lefoko la kgalemo, Kgosi Tlwaelang a re e setse e le selo modiro gore batho ba motse oo le e e mabapi ya tengnyana teng ya Malelejwe, Tshwaane le Njutshaa ba gwebe ka dithuso tsa bopelotlhomogi jaaka dijo tsa dikhutsana.
A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore batho ba go nna jalo ba ananya dithoto tse ka dilo tse di se nang mosola jaaka bojalwa, mme e bile go supa gape fa batho bangwe ba ba tshwanetseng go tlhokomela bana le bogole le bagodi ba sena lerato mo go bone ka le bone ba na le seabe mo go rekiseng dithoto tseo.A re go tlhokega gore go nne le tsamaiso ya gore batho ba ba rekisang dithoto tse ba thusiwang ka tsone jaaka dijo le diaparo, ba ntshiwe mo mananeong a boipelego ka go supa fa ba sa tlhokane le tsone.O bile a kopa ba ofisi ya boipelego mo motseng oo gore fa ba na le bosupi jwa gore bangwe batho ba gweba ka dithoto tse ba di fiwang ba bule tsheko kgathanong le bone kwa kgotleng[1].
Mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta Rre Rayner Makosha o ne a iteela ba ofisi eo legofi, a re mo nakong ya gompieno ya kwelo tlase ya itsholelo, goromente o tlhokana le tse a ka thusang Batswana ka tsone go tswa mo lehumeng, ka jalo a kgothatsa Batswana ba ba nang le bokgoni go tsenya letsogo.Mogolwane wa ofisi ya matlhoko a leruo, Rre Gareutlwane Gaopatwe o ne a tlhalosa fa ofisi ya bone e tswa kgakala ka ditiro tsa bopelotlhomogi ka jaana e setse e agetse motlhoki mongwe ntlo kwa Nata, e bile e rile monongwaga ka kgwedi ya Lwetse ba ne ba rekela motlhoki mongwe dijo, diaparo le go mo fa madi a a ka tshwarang P900 fa godimo.A re ba dumela gore go dira jalo ba mo motlhaleng wa se se thailweng ke Tautona e leng go fa Batswana ba bangwe seriti mo botshelong le go thusa go nyeletsa lehuma[2].
[baakanya] Dikgoge tsa kwa ntle
[baakanya] Dipadi tse dingwe
Template:Botswana largest cities
Coordinates: 20°35′15″S 26°32′3″E / Expression error: Unexpected < operator. Expression error: Unexpected < operator.