Amantle Montsho

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Mme Amantle Montsho)

Amantle Montsho, o tshotswe ka Phukwi a tlhola ga nne ngwaga wa 1983, kwa motsaneng wa Mabudutsamo, kgaolo ele ya Ngamiland, mo Botswana. Ke mme wa motabogi wa lobelo le lekhutshwane, a itebagantse le lebelo la 400 metres. O ne a emela lefatshe la gagwe ka ngwaga wa 2004 le 2008 mo kgaisanyong ya Summer Olympic, mme a fitlhelela ko legatong la bofelo ka motsotso wa bofelo.

Amantle Montsho
Amantle Montsho mo kgaisanong ya Bislett Games 2011
Tsalo (1983-07-04) July 4, 1983 (age 40)
LetsoBotswana

O tseneletse gape dikgaisanyo tsa world Championships in Athletics le IAAF World Indoor Championships. Mo bo gompienong ke mmampudi mo lefatsheng lotlhe mo kgaisanyong ya gagwe ya lebelo la basadi la dimetara tsa makgolo a mane a fenya mo nakong ya 49.56 kwa Daegu.

Amantle o ne a seegelwa fa thoko ngwaga tse pedi morago ga go nna le maduo a a supang fa a na le motswako wa Methylhexaneamine mo mmeleng wa gagwe fa a sena go tlhatlhubiwa ko metshamekong ya 2014 Commonwealth Games.

Amantle Montsho yo a fentseng ga bedi bo mmampudi jwa lebelo lwa di metara tse makgolo a mane mo Aferika, go ikgapela seetsele sa gauta. O ne itirela leina gape mo metshamekong ya 2007 All-Africa Games, 2010 IAAF Continetal Cup le 2010 CommonWealth Games. Phenyo ya gagwe mo motshamekong wa Commonwealth ya mo dira Motswana wa ntlha go fenya gauta mo Kgaisanyong e.

Nako ya gagwe e a gaisang thata ka yone mo lebelong la di metara tse lekgolo ke metsotswana e 11.60. Mo lebelong la di metara tse makgaolo a mabedi o ne gatisa nako ya metsotswna e 22.94, le metsotswana e 49.56 mo di metareng tse makgolo a mane. O ikatisa ko Dakar, Senegal mo High Perfomance Training Center.

O santse a tshwere tlotla ya bo mmampudi mo lebelong la di metara tse makgolo a mane mo lefatsheng la gagwe ga mmogo le a kwa ntle.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Amantle Montsho narrowly defeated Alyson Felix to become Botswana's first World or Olympic track and field champion in 2011.

O kile a tsenelela di kgaisanyo tsa 2004 Olympic Games, le 2006 Commonwealth Games ga mmogo le sejana sa mafatshe sa mabelo ka ngwaga wa 2005 le 200, mme a tlhoka lesego la go fitlhelela ko legatong la bofelo la kgaisanyo.

O fentse seetsele sa selefera mo kgaisanyong ya mabelo a 2006 African Championships le seetsele sa gauta mo mabelong a 2007 All-Africa Games.

Kwa metshamekong ya Mafatshe otlhe a Aferika, o ne a fetsa a le mo maemong a botlhano mo lebelong la selekanyo sa makgolo a mabedi.[1] Mo kgaisanong ya mabelo a 2006 IAAF World Cup o ne a fetsa a le mo maemong a borataro mo 4x400 metres relay. O ne a fenya ka nako ya gagwe ya metsotso e le 49.83 mo kgaisanong ya mabelo a African Championships in Athletics. Mme o ne a itirela leina ka e le motswana wa ntlha go fenya mo nakonyaneng e kalo.

E ne ya sala e le dikgakagamalo ka phenyo e ya bommampudi mo motshamekong o.

O tlabogile kwa dikgaisanong tsa 2008 IAAF World Indoor Championships mme ga a ka a fitlhelela kwa legatong la bofelo morago ga go sa dira bontle mo legatong le le isang kwa makgaolakganyeng.

Montsho o ne a tsenelela mabelo a mafatshe otlhe e le lantlha ko 2008 Beijing Olympics, mme nako ya gagwe ya 51.18 ya mo tlogela mo maemong a bofelo mo lebelong le. Ngwaga o o latelang, o tabogile mo nakong ya 49.89 mo legatong le le mo fetiseditseng kwa makgaolakganyeng a dikaisanyo tsa 2009 World Championships, mo mabelong aneng e lekane go ka mo fetisetsa kwa makgaolakganyeng a selekanyo sa 400 m. O tabogile ka bonya mo makgaolakganyeng fa go tshwantshangwa le se a se dirileng mo legatong le le fetisetsang kwa makgaolakganyeng ka go rialo a nna phokojwe oko morago. O feditse ngwaga a le mo legatong la botlhano mo dikgaisanong tsa 2009 IAAF World Athletics tsa makgaolakgang.

Ngwaga wa 2010 o ne a fitlhela mompudu o ole ka setlhare wa mo tlela sentle:o ne a ataamela gaufi kwa dikgaisanong tsa 2010 IAAF World Indoor Championships: ka go etelela dikgaisano tsa mo gae le mo legatong le le fetisetsang kwa makgaolakganyeng. O ile a gaisiwa mo a feletseng a filwe seetsele sa kgotlho ke mme Vania Stambolova. O ne a tla sentle mo dikgaisanong tsa kwa ntle mo lebelong la 400 m ka go taaboga, a fenya mme Gabriel Tiacoh mo nakong ya 50.35 seconds – gongwe e kanna bobedi fa pele ga motabogi ka ene ebong Ndeye Fatou Soumah yo o ileng a fetsa morago ga gagwe.[2]

O ne a sireletsa totla ya gagwe ya bomampudi jwa lefatshe ka bophara mo lebelong la 400 m kwa dikgaisanong tsa 2010 African Championships in Athletics ka go taboga mo nakong ya 50.03 seconds.[3]

Mo dikgaisanong tsa 2010 Diamond League o ne a fenya ko lebelong la Bislett, mme gape a nna mo boemong jwa bobedi mo lebelong la 400 m. A le fa morago ga motabogi ka ene ebong Allyson Felix. Montsho, ka nako e e kwa godimo ya ngwaga kwa dikgaisanong tsa 2010 Continental Cup kwa a neng a emetse Aferika, o ne a fenya Debbie Dunn go fenya seetsele sa gauta mo nakong ya 49.89 seconds.[4]

O ne a tswelela ka go taboga le kwa dikgaisanong tsa 2010 Commonwealth Games. O ile a nna moabogi wa ntlha mo Botswana go fenya gauta mo metshamekong eo, ka go fenya lebelo la 400 m mo nakong ya 50.10 second.[5][6]

O ne gape a thusa setlhopha sa Botswana mo lebelong la neelano la 4x400m la makgaolakgang mme ba fetsa ba le mo maemonga bosupa.

Katlego ya setlhopha[fetola | Fetola Motswedi]

2009.
2004 Olympic Games Athens, Greece 6th (heats) 400 m
2005 World Championships Helsinki, Finland 7th (heats) 400 m
2006 Commonwealth Games Melbourne, Australia 5th (semis) {0}400 m{/0}
African Championships Bambous, Mauritius 2nd {0}400 m{/0}
2007 All-Africa Games Algiers, Algeria 1st 400 m
Maemo a botlhano 200 m
World Championships Osaka, Japan 4th (semis) 400 m
2008 Bomampudi jwa moteng lefatshe ka bophara Valencia, Spain 5th (semis) 400 m
African Championships Addis Ababa, Ethiopia 1st 400 m CR
Metshameko ya mafatshefatshe Beijing, China maemo a borobabobedi 400 m
World Championships Berlin, Germany maemo a borobabobedi 400 m
2010 Bomampudi jwa moteng lefatshe ka bophara Doha, Qatar 4th 400 m
African Championships Nairobi, Kenya 1st 400 m
Continental Cup Split, Croatia 1st 400 m
Commonwealth Games New Delhi, India 1st 400 m
6th 4×400 m relay
2011 World Championships Daegu, South Korea 1st 400 m
All-Africa Games Maputo, Mozambique 1st 400 m

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "2007 All-Africa Games, women's 200 m final". Archived from the original on 2007-10-10. Retrieved 2023-09-30.
  2. Ramsak, Bob (2010-04-19). World-leading 50.35 by Montsho in Abidjan. IAAF. Retrieved on 2010-04-24.
  3. Negash, Elshadai (2010-07-30). Rudisha sizzles 1:42.84 in Nairobi as Kenya collects three golds in Nairobi – African champs, day 3. IAAF. Retrieved on 2010-10-15.
  4. EVENT Report – Women's 400 Metres. IAAF. Retrieved on 2010-10-15.
  5. Statistics of the Games. 2010 Commonwealth Games. Retrieved on 2010-10-15.
  6. Rowbottom, Mike (2010-10-09). Langat breaks Games 1500m record, Turner leads high hurdles sweep for England in Delhi – Commonwealth Games Day Three. IAAF. Retrieved on 2010-10-15.