Mmatshumo

Go tswa ko Wikipedia
Mmatshumo is located in Botswana
Mmatshumo
Location of Mmatshumo

Mmatshumo ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bapile le lefelo la Makgadikgadi Pan. Motsana o o nale sekolo se potana le kokelwana, agape le palo ya batho e ne e le makgolo a borobabobedi,masome a borataro le botlhano mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1] Mo bokone jwa motsana wa Mmatshumo go nale setlhaketlhake sa Khubu gape mo borwa jwa motse go nale moepe wa diteemane wa Damtshaa yo o eteletsweng pele ke kompone ya Debswana. Tsela e e kopanyang Letlhakane mo borwa go ya Mmatshumo e tsentswe sekontere.

Bogosi jwa kwa Mmatshumo[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go itaaana ka noga e utlwa ka lobaka lo lo leele tebang le yo o tla a tlhatlhamang kgosi Jacob Baganetseng fa a sena go fologa setilo ka ntlha ya bofofu ngogola morafe wa Mmatshumo o ne wa amogela Rre Keletswaretse Phetsogang.Morafe o ne wa amogela Rre Phetsogang kwa kgotleng ya Mmatshumo fa a ne a tlhomamiswa semmuso jaaka kgosi ya motse o ke Kgosi Gonkgang Mankgatau wa kwa Rakops.E rile a rolela morafe kgosi ya bone kgosi Mankgatau a tlhalosa fa a sa itumelela tshologo ya bone ka jaana kgosi a tshwanelwa ke go rolelwa mo atleng tsa bone.O ne a tlhalosa fa kgosi e bewa mo diatleng tsa morafe otlhe wa motse mme a rotloetsa kgosi Phetsogang go tla go dira ka maatlametlo le kagiso a tlatsa ka gore o tshwanetse go nna bori ebile a na le nonofo ka nako tsotlhe fa a afa morafe dithuso. A re jaaka a dumetse fa a tla a apara kobo ya bogosi teme ya sepolotiki e tshwanetse ya ilwa ke loleme la gagwe ka go sa nneng jalo o tla a kgaoganya morafe ka yone. Kgosi Mankgatau o tsweletse a mo tlhalosetsa fa tiro ya bogosi e kgonwa ka go kopa dikgakololo mo bagolong le go bereka le dikomiti tsotlhe tsa motse bogolo jang ya ditlhabololo.

Batsadi ka go farologana ba ne ba kopa kgosi Phetsogang go lebala diphapang tsa bone fa ba ne ba santse ba le mo mererong ya bogosi mme a ikanye go bopaganya morafe wa motse o ka go o tsaya ka tekatekano mo tlharabololong ya mathata a one.Molaodi wa kgaolo Rre Rapetse Mathumo ene o ne a lebogela morafe wa Mmatshumo go nna pelotelele mo tharabolong ya mathata a a neng a apere bogosi jwa motse wa bone ntleng ga tshololo ya madi jaaka go a tle go diragale mo mafatsheng a mangwe.Rre Mathumo o ne a kaya seo fa e le boikarabelo jo Batswana mo lefatsheng leno ka bophara ba ka bo supang go somarela kagiso ga mmogo le puso ya batho ka batho e ‘fatshe leno le ikgantshang ka yone.Fa a latlhela la gagwe kgosi Phetsogang o ne a tshephisa morafe wa Mmatshumo fa a tla a bereka le one ka tekatekano ntleng le kgethololo ebile a dira ka bonatla go netefatsa gore ditlhabololo tse di neng di emisitswe tsi! ke bogosi di tswelela pele.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-06.

Coordinates: 21°8′44″S 25°39′36″E / 21.14556°S 25.66000°E / -21.14556; 25.66000