Mogapi

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motsana wa Mogapi)
Mogapi is located in Botswana
Mogapi
Location of Mogapi

Mogapi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mane le bosupa mo borwa jwa toropo ya Selebi-Phikwe gape o kwa tlase ga dikhilomethara tse di sa feteng lekgolo go tsweng molelwaneng wa Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete, makgolo a mabedi le borataro.

Banni ba Mogapi ba kopa katloloso ya Ditlhabolo[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Mogapi kwa kgaolong ya Bobirwa ba rotse matshwenyego a kgaolo ya bone, a ba reng a akaretsa letlhoko la koloi e ba ka e dirisang go tshwara dirukutlhi.Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa kgaolo Rre Ponatshego Kedikilwe kwa motseng wa Mogapi bosheng.E ne ya re ba tswelela, ba re go na le mathata a didirisiwa jaaka kapari kana dikarata tse di ka ba supang gore ke ba twantsho borukutlhi. Ka jalo ga go bonolo go tshwara dirukutlhi ka ba se na sesupo sa tiro eo. Ba ne ba re batho ba ba setlang kwa sekolong le ba Ipelegeng ga ba duelwe ka nako.Mogolwane wa sepodisi sa kgaolo ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe Rre Langanani Mudongo a re ba Ipelegeng ba a hirwa mathata ke gore bontsi ke bomme fela, mme borre ba le teng mo motseng wa Mogapi sa bone e le go nwa majalwa fela kwa dipotong, mme kwa Ipelegeng ba seo.

Rre Mudongo o tladitse ka gore go na le tlhaelo ya koloi e e tlaa bong e patorola mo motseng oo bosigo, mme seo se bakwa ke gore kgaolo ya bone e aname jaaka ba lebeletse metse ya Tobane, Sefhophe, Mogapi le kgaolwana ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe. A re ntlha e nngwe ke gore beng ba leruo ba thapa badisa ba leruo la bone go tswa foo ba tsene ka lenga la seloko, gape ga ba duele babereki ba bone mme kwa bofelong mmereki o ituela ka leruo go bona se a se jang.O kgothaditse beng ba leruo go ne ba etela meraka ya bone go bona gore seemo se ntse jang, go itsa gore go nne le dikgang tsa go utswiwa ga leruo.Mogolwane wa lekalana la metsi Rre Monametsi Ramusu a re go na le dikgwetlho tsa metsi jaaka ka boipuso go ne ga nna le tlhaelo ya metsi. O tladitse ka gore seo se bakwa k e gore ba dirisa motlakase go pompa metsi,mme fa go na le kgaogo ya motlakase go nna le tlhaelo ya metsi.

Mogapi o wetswe ke seru[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Mogapi e nnile mongwe wa metse e e wetsweng ke merwalela morago ga go newa ke pula e e bokete e se na go na kwa motseng o o boseng.Banni ba motse o ba iphitlhetse ba le mo legoeleleng, matlo a bone a sena go wa fa bangwe ba ile ba latlhegelwa ke diruiwa tsa bone.Kgosi ya motse, Kgosi Boago Monnawapula, a re motse wa gagwe o amilwe ke merwalela mme se se bakilwe ke matangwana a a epilweng mo gare ga motse ga mmogo le metsi a a tswang kwa thabeng a tla ka masetla.A re metsi ao a bakile tshenyo e ntsi ka matlo mangwe a ole, fa diruiwa di tshwana le dikoko di tserwe ke metsi.Kgosi o boletse fa e ne e le la ntlha a bona pula e na ka bokete jo kwa Mogapi e bile tsela ya Selibe Phikwe-Lerala e ne e sa tsamaege, dikoloi di sa kgone go ralala metsi.Batho ba ba amilweng ke dipula tse ba setse ba filwe ditante ga mmogo le dijo go nama ba sietse mo go tsone go fitlhelela ba baakanya matlo a bone.Le fa go ntse jalo kgosi o rotloeditse ba malwapa a a amegileng go aga matlo a a thata e seng a mmu ka a senyega motlhofo.A re go tlaa dirwa sengwe ka matangwana a go fokotsa tshenyo e e ka bakiwang ke metsi, bogolo jang ka a re pula e e fitlhetse ba sa ipaakanya.

Mongwe monni yo o amegileng, Mme Maipelo Simon, a re metsi a ne a tsena a le mantsi mo ntlong ya gagwe ya mmu, a re ka pula e ne e na go le bosigo ba ne ba eme fela go se na kwa ba sielang teng.A re go ne go le modumo batho ba kua ba bangwe go ba tswa thuso.Mme Oaitse Mpitse ene a re ntlo ya gagwe e ole, mme metsi a ralala motse wa gagwe.A re le fa dilwana tsa gagwe di kolobile, ga di a senyega mme go senyegile dijo.Le fa go ntse jalo mme yoo le ene o filwe tante go nama a letetse mo go yone go fitlhelela seemo se siama.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]


Coordinates: 22°19′25″S 27°50′30″E / 22.32361°S 27.84167°E / -22.32361; 27.84167