Mookane

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motsana wa Mookane)
Mookane is located in Botswana
Mookane
Location of Mookane

Mookane ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o o sekgele sa dikilomitara di le lekgolo le masome a matlhano go tswa Bokone-botlhaba jwa toropo kgolo Gaborone, e bile motse o o nale dikolo tse di potlana le tse digolwane gammogo le kokelwana. Mookane ke motse o dikaganyeditsweng ke metse e tshwanang le Dibete, Mmaphashalala le Phala Road. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele 2,297.

Mokhanselara o ikuela mo pusong[fetola | Fetola Motswedi]

Mokhanselara wa Mookane Rre Timothy Mmopi a re o kopa gore puso e bee letlhoko la tsela kwa motseng wa bone kwa pele ka jaana e ka tokafatsa kanamiso ditirelo kwa motseng wa bone.Rre Mmopi o buile mafoko a kwa phuthegong ya Kgotla e e neng e biditswe ke Tona wa botshogo Rre DR Rev John Seakgosing kwa Mookane ka Labobedi.Mokhanselara a re o kopa tona go ema nokeng tona wa dipalamo le ditlhaeletsano Rre Frank Ramsden le Mopalamente wa Mahalapye botlhaba Mmaetsho Botlogile Tshireletso fa ba bua ka letlhoko la tsela eo kwa Palamenteng.O ne a tswelela ka go tlhalosa gore tsela e tlhokafala thata kwa motseng wa bone ka jaana metse e e gaufi e tsaya dithuso le ditlamelo tsedingwe kwa go bone mme tsela e ka khutshwafatsa mosepele o batho ba o tsayang fa ba tla kwa motseng wa bone.A re metse e tshwana le Mmaphashalala, Dovedale le Poloka e tsaya ditlamelo di tshwana le tsa botsogo kwa go bone mme a tlhalosa fa tsela e ka thusa gore batho ba kgone go fefosa dithuso bogolo jang ka motse wa Mookane le one o tsaya ditlamelo kwa Mahalapye.

Mmopi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ditsela tsa motse wa bone di sa siama mme a tlatsa ka gore matshelo a balwetse le bomme ba ba itsholofetseng a mo diphatseng bogolo jang fa go tlhokafala gore molwetse a fefosediwe kwa sepateleng.Tsela ya rona e dikhuti tse di ka nnang tsa tsosetsa bangwe ditlhabi kana tsa gakaletsa balwetse ditlhabi.Mokhanselara o ne a tlhalosa fa go tlhokafala ga sekontere go baya motse wa bone ka fa mosing fa go tla mo dipalamong tsa sechaba ka jaana ba ba nang le keletso ya go simolola kgwebo eo ba felela ba tlogela ka jaana ba sa dire dipoelo tsa sepe ka tsela e felela e senya dipalamo tsa bone.Le fa go ntse jalo Mmopi o ne a kopa tona ya botsogo gore e re nako e itsholelo e tokafalang tsela ya motse wa bone e nne nngwe ya dilo tse di tlaa fiwang maemo a ntlha.

Barutabana ba amogela Kopo[fetola | Fetola Motswedi]

Barutabana ba dikole tse dikgolwane mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba amogetse kopo ya lephata la thuto ya go ruta baithuti ba dikole tseo morago ga dinako tsa tiro le ka mahelo a beke.Barutabana ba dirile tumelano e mo bekeng e e fetileng, e le tsela nngwe ya go diragatsa kopo ya lephata la thuto ya go ruta bana morago ga dinako tsa tiro le ka mafelo a beke go emisetsa dinako tse bana ba neng ba sa rutwe ka tsone ka ntlha ya ngalo ditiro ya badirelapuso e e neng ya goga dikgwedi tse pedi.Megokgo ya dikole tseo, e e akaretsang mothusa mogokgo wa sekole sa Shoshong Senior Secondary Rre Bremer Mapii, mogokgo wa sekole sa Mookane Community Junior Secondary Rre Solomon Setswe le mogokgo wa sekole sa Sefhare Community Junior Secondary Mme Lesedi Gaotingwe ba re ba dumelane go ruta bana go tloga metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya bone mo tshokologong go tsena metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya botlhano mo maitseboeng.Rre Bremer le Rre Setswe gammogo le Mme Gaotingwe ba re ka ntlha ya tumelano ya barutabana le lephata la thuto, ba na le tsholofelo ya gore baithuti ba mophato wa boraro le wa botlhano ba tlaa kgona go kwala ditlhatlhobo tsa bone ka tshosologo ka jaana ba tlaa bo ba rutilwe le dithuto tse di neng di saletse kwa morago.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Mahalapye-Mookane

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]


Coordinates: 23°41′15″S 26°39′41″E / 23.68750°S 26.66139°E / -23.68750; 26.66139