Tshokatshaa

Go tswa ko Wikipedia
Tshokatshaa is located in Botswana
Tshokatshaa
Location of Tshokatshaa

Tshokotshaa ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a boferabobedi mo bophirima jwa motse wa Nata, kwa bokone jwa tsela e e kopanang le ya Nata go ya Maun. Motse o o ne o nale palo ya batho ba le makgolo a mane,masome a botlhano le boferabobedi mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 , gape o nale sekolo se se potana.[1]

Lemang tse di bogadi di gaufi[fetola | Fetola Motswedi]

Balemi ba kgaolo ya Nhabe ba gakolotswe go lema dipeo tse di bogadi bo gaufi go itepatepanya le seemo sa dipula tse di boutsana tsa lefatshe leno.Go ne go bua molemi wa kgaolo eo, Mme Kgotso Wright a bula semmuso letsatsi la balemi kwa motseng wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe.? A re ke nako ya gore balemi ba lemele go ja le go rekisa gore ba akole maduo a temo ya bone.E rile a bua tebang le moono o o reng Methale e mesha ya temo, twantsho tlala le lehuma, a re fa ba ka lema dijalo tse di tlhabolotsweng, ba tlhagola, ba lwantsha diji mo masimong le go tsenya menontshane ba ka bona thobo e e lekaneng go ba jesa le ba masika ga mmogo le go rekisa gore ba bone madi a go ithusa.Mme Wright a re letsatsi la balemi le rotloetsa gore go nne le kgaisano e e ka rotloetsang go bereka ka tlhoafalo go ntsha dijo tsa tlhwatlhwa ga mmogo le go tokafatsa kgotsa go oketsa thobo.O kopile balemi gore ba tlhoafalele temo gore ba fedise tumelo ya gore temo ga e ntshe maduo a a nametsang jaaka diteemane, diphologolo le tse dingwe.A re puso e phutholotse letsogo go thusa balemi ka mananeo a a tshwanang le?ISPAAD, diterekere go lemela balemi, go ba phakisa menontshane le dipeo tse di tlhabolotsweng, thotloetso go lema ka ditselana le tse dingwe.

E rile a itebaganya le ba lephata la temothuo, a re ba tshwanetse ba ntsha lentswe ka nako ya fa ba kopane le maphata a a tshwanang le la tikologo, diphologolo le bojanala, a a reng a tlaa felela a itsapisa bangwe go lema ka jaana diphologolo di senya thata mo temong.A re fa e ne e se ka tshenyo ya diphologolo temo le yone e ka bo e galalediwa fela jaaka tsone e bile e tsenya madi a a bonalang fela jaaka tsone.? O ba kopile gore ba se ka ba nna ba didimala fa ba kopane mo dipuisanong mme lentswe la bone le utlwale.E rile a latlhela la gagwe, Mme Olebogeng Ramokgalo, yo tiro e neng e tshwaretswe kwa tshimong ya gagwe, a re e re le ntswa a ne a kopana le mathata mangwe jaaka letlhoko la terekere ka nako fela o ne a kgona go lema ka nako.A re temo e tlhoka motho yo o nang le bopelotelele ka jaana e na le dikgwetlho le tiro e ntsi, a re ga e batle ditshwakga ka jaana molemi fa a le setshwakaga ga kgone go tlhagola masimo mme o tlogela dijwalo go hupediwa ke mohero.Fa a ntsha la gagwe Rre Forembi Forembi, molemi wa masimo a Matsaodi o ne a re ene o dirisa koloi ya gagwe ya Hilux 4x4 go lema tshimo ya gagwe ya diekere tse lesome mme a re o bona go le botoka go na le go hira terekere ka a re o dirisa madi a a kana ka P3 000 fela.A re fa a lemile sentle o kgona go ja a bo a rekisa mme a bone madi a a fetang a a a dirisitseng mo temong, a tlhalosa fa ene a ise a kopane le mathata ape fela, fa e se gore tiro ya teng e tlhoka bopelotelele le lorato.

Kgosi o akgolelwa tiro e ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Mothusa Tona wa Dikgaolo Mme Botlogile Tshireletso o galaleditse Kgosi ya motse wa Tsokotshaa mo kgaolong potlana ya Nhabe go bo a gagamaditse kobamelo ya dinako tsa taolo ya thekiso ya majalwa a masesane a a dirwang mo malwapeng. Mothusa Tona o dirile jalo fa a ne a buwa mo Phuthegong ya kgotla kwa motseng oo mo bekeng e e fetileng, morago ga gore Kgosi Motsamai a mmolelele gore go gagamatsa melao ya taolo ya majwalwa ao go buseditse motse wa gagwe maduo ka jaanong batho ba gagwe ba a laolesega, a re le dintwa tse di tshesane di fokotsegile mo motseng.O ne a tlhalosa fa ba bogosi ba na le dithata tsa go laola go nowa ga majalwa a masesane mo metseng e seng fela go tlogelela boikarabelo joo ba molao.A re seemo sa kwa Kutamogoree se a itumedisa ka jaana setshaba sa motse oo le sone se supa fa se ratile Kgato eo. Kwa motseng o o mabapi wa Lepashe, mothusa tona o ne a gakolola Kgosi ya motse, Kgosi Mmoloki Tshabisa go gagamaletsa setoropo barui ba ba lesang leruo la bone le tsena mo masimo a babangwe.A re fa go sa tsewe Kgato ka bofefo, balemi ba tlaa tswa kwa masimo ba iphotlhere mme seo se oketse lehuma.Kgosi Tshabisa o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore bontsi ja barui bao ba tseetswe dikgato kwa ntle ga ba se kae fela ba dikgang tsa bone di santseng di le fa pele ga lekgotla.A re seemo sa go tlhagela ga dikgomo mo masimong kwa motseng wa gagwe se bifisiwa ke gore terata e e kgaoganyang masimo le mahudiso ga e ise e fele fa e sale e simolola go agiwa, mme tiro ya yone e ntsi ka jalo ga se e e ka kgonegang go fediwa ka lenaneo la Ipelegeng.A re go tlhoka terata eo go dira gore motsamao wa dikgomo o nne bokete go laolesega.

Mothusa Tona o ne a tsamaya mo metseng e supa ya tengnyanateng mo kgaolong potlana ya Tutume go lekodisa banni ba metse eo ka fa puso e ikaelelang go tlhabolola matshelo a bone ka teng, mme a ama dilo di tshwana le go tokafatsa ditlhaeletsanyo le kgokelo ya motlakase kwa metseng eo.Banni ba metse eo ba ne ba amogela mafoko a ga mothusa tona, mme ba re dilo tseo di ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo metseng ya bone. Mothusa Tona o tsamaile kwa metseng ya Lepashe, Kutamogoree, Maposa, Manxotae, Sepako, Dzoroga le Tshokatshaa.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Tutume

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-06.

Coordinates: 20°6′8″S 25°26′19″E / 20.10222°S 25.43861°E / -20.10222; 25.43861