Werda, Botswana

Go tswa ko Wikipedia
Werda, Botswana is located in Botswana
Werda, Botswana
Location of Werda

Werda ke motsana o o mo kgaolwaneng ya Kgalagadi ya mo Botswana. Motse o o bapile le molelwane wa Aferika Borwa. Mo palo batho ya ngwaga wa 2011 o ne nale batho bale 3621.[1]

Mokoduwa go tsoswa yo o itsosang[fetola | Fetola Motswedi]

Go ne go rena boitumelo jo bogolo thata kwa motseng wa Werda, bosheng, fa Mme Magdeline Van Wky a ne a abelwa ntlo ya dikamore tse pedi ke mokgatlho wa Dipula tsa Letlhogonolo.Rre Elias Joseph Sethomo yo e leng moeteledipele wa mokgatlho oo o tlhalositse gore ba o kwadisitse semmuso ka kgwedi ya Tlhakole monongwaga.O tsweletse a tlhalosa fa ene le bangwe ba ne ba bopa mokgatlho o go leka go ntshana mo lehumeng le go thusa puso go fitlhelela lengwe la matshego a tebelo pele ya setshaba la tshaba e e kutlwelo botlhoko.Rre Sethomo a re go nna leloko la bone, motho o tshwanelwa ke go ntsha P120, e le madi a boloko. Fa a setse a na le batho ba robabongwe o tsaya P650. lekgetho la ntlha, la bobedi P1 300, la boraro P3 000, la bone P4 000, la bofelo la botlhano e le P40 000, mme motho a kgone go agelwa ntlo, a rekelwe koloi kana a rekelwe dikgomo ka one.O gateletse thata gore ka lorato, bopelotelele, tshwaragano le kemonokeng ya maloko ba ka kgona go fitlhelela ditoro tsa bone. A re ba ne ba tsaya tshwetso ya go agela Mme Van Wky ka go bona a se na bonno jo bo kgatlhisang le fa a ne a ise a tsene mo kgatong ya bofelo ya go agelwa ntlo. Fa a amogela ntlo, Mme Van Wky o ne a leboga maloko a mokgatlho wa gagwe, ka a ne a se na fa a latsang tlhogo teng. Tirelo Setshogela wa motse wa Tshabong le ene o ne a nna lesego ka go abelwa motshine o o tlhatswang diaparo, ka le ene e le mongwe wa batho ba ba tlhokileng lesego.E ne e rile a amogela baeng Kgosi Keleofile Phihadu a galaletsa thata ba Dipula tsa Letlhogonolo ka lerato la bone le le ntshang setshaba mo lehumeng le go tsibogela tema e e segilweng ke Tautona ya go ogola ba bangwe mo lehumeng.A re ba tsene mo motseng ka go ipega ka tlhamalalo kwa boeteledipeleng jwa motse, mme go supa sentle fa ba na le boammaaruri. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Mme Bake Mathule o ne a eleletsa Dipula tsa Letlhogonolo masego le matlhogonolo gore ba gole. Bomme ka bontsi ba ne ba tshologetse modiro o ka e bile e le bone ba ba tshabelelwang ke lehuma.Maloko ka bontsi go tswa Werda le metse e e mabapi ba kaile fa Mme Rachel Podise e le ene motho wa ntlha go tla ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho o, le go tlhalosetsa maloko a mangwe ka mosola wa mokgatlho.Ka bopelotelele le botlhaga jwa gagwe, peo e a e jwadileng e wetse mo mmung o o siameng. Kwa bokhutlong bangwe ba maloko ba ne ba rotloediwa ka go abelwa ditlankana tsa go dira ka natla.

Baithuti ba tshwenya ka Boimana[fetola | Fetola Motswedi]

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Werda a re boeteledipele jwa motse le sekolo ba tshwenngwa ke boimana jo bo tsweletseng jwa baithuti ba sekolo se segolwane sa Tapologo.Rre Tuelo Kesenkile o buile jalo jaaka a ne a ntsha pego ya komiti ya VDC mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke Tona wa Dikgaolo, Lebonaamang Mokalake a re o kopa batsadi go ema ka dinao ba tshwaraganela bana le barutabana gore ba kgone go fetsa dithuto tsa bone.O supile gape gore se se tshwenyang le go feta ke gore bontsi jwa baithuti ba ba imileng ke ba mophato wa ntlha le wa bobedi ba dingwaga tse di sa lekanang gore ba tlhakanele dikobo le gore gape go supagala ba sa imisiwe ke baithuti ba bangwe.Rre Kesenkile a re se ke kgwetlho e e tlhokang tshwaragano e e nonofileng mo batsading le botsamaisi jwa sekolo le boeteledipele jwa motse ka kakaretso a lebeletse gore ngwaga o tsamaile kgwedi tse tlhano mme go setse go dule baithuti ba le batlhano Rre Kesenkile o ne gape a tlhalosetsa Tona gore go lobaka ba kopile gore Kgosi wa motse a thapelwe mothusi le mophepafatsi wa diofisi mme le mo nakong eno ba setse ba letile ba ise ba fiwe karabo.Mo go tse dingwe Kgosi wa motse, Rre Keleofile Phihadu o kopile banana go tswelela ba dirisa mananeo a puso jaaka la LIMID le CEDA Young Farmers go tlhabolola matshelo.Kgosi Phihadu o rotloeditse ba ba iseng ba kgone go bona dikolo le ditiro kgotsa go simolola dikgwebo gore ba inaakanye le lenaneo la Ipelegeng le a supileng le tsweletse sentle mo motseng.Sengwe sa tse Kgosi a supileng di tshwenya ke gore morafe o sale o abetswe ditsha tsa bonno mme ba palelwa ke go tlhabolola fa bontsi e le bothata jwa gore go tlhaela ditlamelo segolo bogolo metsi a tlatsa ka gore ba ba kgonneng go aga ba ne ba sokola ka go ne go se motlhofo go bona metsi.Kgosi Phihadu a re e sale goromente a tsaya tsamaiso ya dikokelwana go na le tlhaelo ya melemo mme a re se se nametsang ke gore ba botsogo ba supile fa ba tlaa dira bojotlhe go tokafatsa seemo.Kgosi o lebogetse puso go thapa dingaka tse di thusang bolwetse mo dikokelwaneng ka go farologana jaaka ya Werda.Kgosi a re o tshwenngwa gape ka dishabini ka di tsweletse ka go rekisa majalwa a tsenngwang metswako e e borai mo matshelong a batho le gone go rotloetsa ditiro tsa borukuthi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Retrieved 2013-09-11.

Coordinates: 25°16′6″S 23°16′30″E / 25.26833°S 23.27500°E / -25.26833; 23.27500