Kanye

Go tswa ko Wikipedia


Kanye
Kanye is located in Botswana
Kanye
Kanye (Botswana)
Kgaolo
Borwa
Setshaba
48,028 (2022)[1]
Elevation
1,306 m (4,288 ft)

Kanye ke motse-setoropo oo kwa borwa jwa lefatshe la Botswana, o dikilometara di ka nna masome a ferabobedi le boraro mo borwa-bophirima jwa toropokgolo Gaborone.[2] Motse o ke one boremelelo jwa botsamaise jwa kgaolo ya Borwa, go ya ka palo batho ya ngwaga wa 2011,motse o o na le batho ba le dikete di le nne le botlhano, le lekgolo le masome a ferabongwe le metso e merataro, se se o dira motse wa boferabobedi ka bogolo mo lefatsheng. [3] Kanye ke one motsemogolo wa baNgwaketse, ba ba thibeletseng mo karolong e o ka dingwaga tsa 1970. Ke one motsemogolo o o fetang e menngwe ka sebaka se o se tsereng o nniwa ke morafe.[4]

Popego[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Kanye o ikadile mo dithabeng di le mmalwa, tse di sireleditseng motse o mo metlhabeng ya sekaka sa Kalahari. Dithaba tse di jwelelela kwa sekgweng sa Aferika Borwa.[5] Gaufi le motse o, go na le mogogoro oo bidiwang Kanye gorge, o o neng o dirisiwa ke morafo e le lefelo la go ipitlha ka nako ya dikgogakgogano mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng.[6]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Kanye o tlhomilwe ka dingwaga tsa bo 1970 ke Kgosikgolo Makaba wa BaNgwaketse. O ne a fudusetsa morafe wa gagwe kwa Kanye morago ga go latlhegelwa mo ntweng kgatlhananong le morafe o gaufi wa BaKwena, ba nonotsha thaba e e neng e ntse e le teng ya Kanye Hill ka lorako. Ka 1978, motse wa Kanye o ne wa tlhaselwa ke ke Barolong ba kopane le ba Griqua, mme BaNgwaketse ba kgona go thiba tlhaselo e, ba bo ba bolaya moeteledipele wa ba ba neng ba ba tlhasetse. [7] Batsumi le bagwebi ba maEuropa ba ne ba simolola go etela motse wa Kanye ka dingwaga tse di makgolo a le lesome le boferabongwe, mme ba simolola go thibelela fa go busa Kgosi Gaseitsewe o o nnileng kgosi ya baNgwaketse ka ka 1845.[8] Ka ngwaga wa 1852, mogwe wa bagwebi ba kwa ga Mmamosadinyana Joseph McCabe, a tlola sekaka sa Kalahari go tswa borwa a ya bokone, a simolola kwa Kanye a felela kwa nokeng ya Ngami. [9]

E ne ya re ka ngwaga wa 1854 ka kgwedi ya Seetebosigo, Robert Moffat a feta ka motse wa Kanye a ya kwa Matebeleng kwa bokone. Ene le bapati ba gagwe ba fitlhetse motse o sentswe, Bangwaketse ba nna mo matlotleng ka ntlha ya ntwa ya bone le Maburu.[10] Ka dingwaga tsa 1980, motse wa Kanye wa bo a agilwe sesha ebile o atlega mo go tsa go gweba ka dinaka tsa tlou, matlalo a diphologolo le diphuka tsa bo mmantshe.[11] Le ntswa motse wa Kanye o ne o etelwa kgapetsa ke barongwa, letsholo le tlhomamisitswe semmuso ka ngwaga wa 1871, fa lekgotla la London Missionary Society le ne le romela moemedi. [8] Ka 1887, morago ga go tlhomiwa ga Bechuanaland Protectorate ka 1885, go ne ga bulwa di ofisi tsa sepodisi tse di neng di gogwa ko pele ke ba ga Mmamosadinyana.[12] Ka ngwaga wa 1899 , ka ntwa ya bobedi ya Maburu, BaNgwaketse ba tsalana le Ba kgwa ga Mmamosadinyana, ka sebaka sengwe motse wa Kanye wa ya ntweng ka masole a feta makgolo a matlhano ka fa tlase ga ketelelopele ya ga Herbert Plumer. [13] Ka dingwaga tse di makgolo a a masome mabedi, Kanye ya nna one motse wa ntlha mo Bechuanaland Protectorate go simolodisa diporojeke tsa go nosetsa le dipompo tsa morafe. Moepo wa asbestos o ne wa bulwa ka dingwaga tsa bo 1920.[11] Mothusa tautona wa pele o o neng gape a nna tautona wa bobedi wa Botswana, Quett Masire o tsholetswe mo Kanye ka ngwaga wa 1926, kgwedi ya Phukwi ele masome a mabedi le bone, mme a bolokelwa mo motseng o a goletseng mo go one morago ga go tlhokafala Seetebosigo a le masome mabedi le bobedi ka ngwaga wa 2017.

Dikgotla tsa Kanye[fetola | Fetola Motswedi]

Motse o kgaogantswe ka dikgotla di le mmalwa. Kgotla nngwe le nngwe e na le kgosana e e okametseng tsamaiso ya setso ya kgotla eo. Dikgotla tse di kgaogantswe gape ka dikgotlana tse di nang le dikgosana. Tse di latelang ke dingwe tsa dikgotla tse di fitlhelwang mo Kanye, tse le tsone di kgaogantsweng ka dikgotlana tse dipotlana.

  • Ntsweng
  • Tloung
  • Kgwatleng
  • GooMongala
  • Goolobeko
  • Gasebako
  • Kgatleng
  • GooraSebego
  • Gooruele
  • Gookgano

Dikago tse dikgolo[fetola | Fetola Motswedi]

Puso[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Kanye le metse e e mabapi di kgaogantswe ka dikgaolo tsa botlhophi di le pedi, Bokone jwa Kanye le borwa jwa Kanye, tse ngwe le ngwe ya tsone e tlhophang moemedi a le mongwe go ya kwa palamenteng. Ka ditlhopho tsa sechaba tsa go tlhopha moemedi kwa palamenteng le ma khanselaraa ka ngwaga ya 2019, kgwedi ya Phalane e le masome mabedi le boraro, Motlotlegi Thapelo H. Letsholo o ne a tlhophiwa ele moemedi wa Kanye North, fa motlotlegi Dr. L Kwape a ne a tlhophiwa go emela Kanye South. [14] Mapalamente ka bobedi ke ba phathi ya Botswana Democratic Party. Ka dithopho tsa ngwaga wa 2014 tsa sechaba, kgaolo ya Kanye North e ne ya fenngwa ke Patrick Ralotsia wa Botswana Democratic Party, mme Kanye South yone ya fenngwa ke Abram Kesupile wa Umbrella for Democratic Change. [15]

Itsholelo ya motse wa Kanye[fetola | Fetola Motswedi]

Palo ya batho ba Kanye le tlhaloso ya motse go ya ka pego ya ngwaga wa 2011 ya palo batho, di supa fa Kanye ele motse setoropo. Motse ke lefelo le le tlhophilweng go nna jalo le na le boeteledipele jwa morafe, boeteledipele jwa kgaolo le khansele ya kgaolo. Motse o o na le bagogi ba morafe (kgosi, moemedi wa kgosi kana kgosana) le go nna teng ga dikago dingwe jaaka dikolo, dikokelwana, di ofisi tsa sepodisi, kgogo ya metsi jalo jalo.[3]

Dipalamo[fetola | Fetola Motswedi]

Mofuta wa mosepele go tsena le go tswa mo Kanye ke ka ditsela tse dikgolo. Kanye o lomagana le Gaborone ka tsela ya A10, tsela ya A2 le yone e ralala motse o. Tsela ya A2 ke botlha bongwe jwa tsela ya Trans-Kalahari, e e amanyang Walvis Bay, Namibia le Pretoria, South Africa.[16] Fa godimo ga seo motse wa Kanye o dirisa maemelo a difofane a Kanye Airport (ICAO: FBKY), e e leng nngwe ya maemelo a mabedi fela mo kgaolong ya borwa (yone le e e ikemetseng ka nosi ya Jwaneng Airport, e e dirisanang le moepo wa diteemane wa Jwaneng) [17]

Batlotlegi go tswa kwa Kanye[fetola | Fetola Motswedi]

  • Rre Quett Masire - Tautona wa pele wa Botswana
  • Kgosi Seepapitso wa bone- Moemedi wa lefatshe la Botswana ko lefatsheng la China e bile e le moeteledi-pele wa Ntlo ya Dikgosi
  • Rre Archibald Mogwe - tona wa mafatshe a sele
  • Rre Kentse Nchi Rammidi- Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone gape le mothusa-tona wa dikgaolo le metse
  • Rre Morulaganyi Kgasa- mokwadi wa Thanodi ya Setswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages" (PDF). Statistics Botswana. 2022.
  2. "botswanabeckons.com". www.botswanabeckons.com. Retrieved 2022-10-31
  3. 3.0 3.1 2011 Population & Housing Census Preliminary Results Brief Tempolete:Webarchive, Census Office of Botswana. Retrieved 16 October 2016.
  4. Kanye, Botswana Tourism. Retrieved 16 October 2016.
  5. Sillery, Anthony. (1952). The Bechualand Protectorate. Oxford University Press. p. 196. ISBN 0313239703
  6. Places > Southern > Kanye > THE KANYE GORGE, Botswana Beckons. Retrieved 15 October 2016.
  7. Sillery, p. 133.
  8. 8.0 8.1 Sillery, p. 138.
  9. Sillery, p. 26.
  10. Sillery, p. 31.
  11. 11.0 11.1 Morton,Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla. Part Themba.(2008). Historical Dictionary of Botswana .Scarecrow Press. p.161 ISBN 0810864045
  12. Sillery, p. 139.
  13. Sillery, p. 94.
  14. https://www.parliament.gov.bw/
  15. PARLIAMENTARY RESULTS, Elections Botswana. Retrieved 15 October 2016.
  16. Map of Botswana, Siyabona Africa. Retrieved 16 October 2016.
  17. Location codes 1-2 of 2 in Southern, Botswana, Great Circle Mapper. Retrieved 15 October 2016.