Mogoditshane
Mogoditshane | |
---|---|
Kgaolo | Kweneng |
Setshaba | 57,637 |
Elevation | 1,022 m (3,353 ft) |
Mogoditshane ke motse o o fithelwang mo Kgaolong ya kweneng mo Botswana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2010 dipalo di godile fela thata mme se se baka gore ditlamelo di atlamele batho bogautshwane. Banni ba motse yo bontsi jwa bone ke Bakwena go tswa kwa kgaolong ya Kgaolo ya Kweneng ke motse yo o gaufi le motsemogolo wa Botswana Gaborone.Bontsi jwa banni ba motse o ba berekela kwa toropokgolo Gaborone.
Setlhopha sa Mogoditshane sa kgwele ya dinao
[fetola | Fetola Motswedi]Sethopha sa kgwele ya dinao ya Mogoditshane ke Mogoditshane Fighters . Se kile sa tshameka le ditlhopha ka mefutla ya tsone mo Botswana mme gape se kile sa tshameka mo dikgaisanong tsa Mascom Premier League le ntswa se ile sa seke sa dira bontle le morago sa gogelwa ntle.Gompieno se tsamekela kwa dikgaisanong tse di kwa tlase mme di sala morago tsa Mascom Premier League. Mo bo leng teng jwa sone se santse se kile sa gapa dietsele di le mmalwa.
Ba ngongoregetse kabo ya lefatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Batho ba Tsolamosese kwa Mogoditshane ba ntshitse matshwenyego tebang le kabo ya lefatshe mo kgaolong eo.Ba rotse maikutlo mo phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa bone Rre Patrick Masimolole bosheng.Ba re lekgotla la kaboditsha la Mogoditshane ga le a ba rerisa ka peo ya ditsha kwa Tsolamosese.Ba re lefatshe le a rekisiswa, e bile ditsha tsa batho di fokodiwa ke bagolwane ba lekgotla la kaboditsha ntle le therisano e e tshwanetseng, mme selo seno se bakile dikgotlhang mo baagisaning ka jaana ditsha dingwe di pagama tsa ba bangwe Mongwe wa banni Rre Pule, o tlhalositse fa dingwaga di se kae tse di fetileng go ne ga dirwa tumalano ya gore ba ba beilweng ba tlaa tshwanela go duela tuelo e potlana.A re go ne go dumalanwe gape gore tsela ya go duela e tlaa dumalanwa gore ba kgone go tshegetsa ditsha tsa bone.
Le fa go ntse jalo ditumalano ga di diragale, ka jaanong ba tewa gore ba duele madi a mantsi gore ba neelwe ditlankana tsa ditsha.A re ditsha tse di sa tlhabololwang tse di neng di neetswe banni ga di a tlhabololwa ka jalo di nna maiphitlho a dirukutlhi, a tla a re dikgang tsa go nna jalo ditshwanetse go tsenngwa leitlho go tila gore banni ba tlhokofadiwe.Rre Pule o boletse gape gore ofisi ya kabo ditsha e tshwanetse go fefosa go baya ditsha, gore batho ba age. Mme Juliet Moumakwa o ne a dumalana le Rre Pule a re lekgotla la kaboditsha le mo gakolotse gore a se ka a nama a tlhabolotse setsha sa gagwe ka o filwe setsha se go lebegang se le fa go rulaganyeditsweng go aga tsela teng.Mme Moumakwa a re o ne a emetse ofisi ya kaboditsha dingwagangwaga go mo rebola gore a age.Mongwe wa batho ba koo Rre Quite Ndope, o akgoletse Rre Masimolole go bo a bone go tlhokega go tla go bua ka kgang e ya lefatshe, e ope a se keng a ba fa sebaka sa go bua ka yone[1].
Banni ga ba na go thubelwa matlo
[fetola | Fetola Motswedi]Mopalamente wa Mogoditshane a re puso e boetse morago kgang ya go thubela banni bangwe ba go tweng ke bo maipayafela matlo.Rre Patrick Masimolole o boleletse jalo banni ba dikgotlana tsa Khudiring, Nkoyaphiri le Tlapalanoga jaaka a ne a buisa diphuthego tsa kgotla.A re tona wa lephata la ditsha le matlo o solofeditse fa ba tlaa iketla pele ka kgang eo mme e tlaa sekwasekwa. O boletse fa a ne a dira maiteko go kwalela tona yoo go kopela banni bao maitshwarelo ka kgang eo ka jaana e ne le ene e sa mo jese diwelang.Rre Masimolole o ne gape a itsise banni fa kokelwana ya Tsolamosese e fedile e bile e setse e filwe le mookamedi. A re dilotlele tsa kago eo e e nenag le phaposi ya pelage di tlaa fiwa ba khansele ya Kweneng mme e tla dirisisiwa mo bogaufing.A re kopile eo e filwe gape koloi e e rwalang balwetsi mme a kopa morafe go dirisanya le ba meste e e gaufi sentle fa ba tsile go kopa dithuso kwa kokelong eo ka e le ya Batswana botlhe.
Banni ba ne ba lekodisiwa gape fa kago ya sekole se segolwane le yone e tlaa simolodisiwa mo bogaufing ka jaana go emetse rakonteraka go fudugela kwa setshang. Kago eo e en e tshwanetse go simolola ngogola mme ga nna le tiego ka jaana puso e ene e tshwanela go buisanya le beng ba ditsha s di amegang.Rre Masimolole a re tego e en ya bakwa gape ke gore setsha se se neng se beilwe se ne se le sennye mme ba tshwanela ke go kopa gore se okediwe.O boletse fa puso e ntshitse madi a P500 million go aga sekole seo e bile maikaelelo e el gore ngwaga o o tlang a simolola se bo se ka amogela baithuti ba ntlha.O ne a ba lekodisa gape fa tsela ya mela e merataro e e ralalang motse e tlaa dirwa mme a roltoesta banni go ipaakanyetse go tsenya ditala le gone go ya go rekisetsa bao ba ba tlaa hirwang dijo gore le bone ba kgone go itshetsa.Rre Masimolole o en ba itsisie gape fa puso e e dumalane gore Mogoditshane a dirwe kgaolo potlana a tlhalosa fa jaanong banni ba tlaa akola ditlamelo bogaufi[2].
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Archive copy". Archived from the original on 2011-07-11. Retrieved 2012-04-09.
{{cite web}}
: CS1 maint: archived copy as title (link) - ↑ http://www.dailynews.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20080604