Semitwe

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motse wa Semitwe)
Semitwe is located in Botswana
Semitwe
Lefelo la Semitwe

Semitwe ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomitara dile masome matlhano kwa bokone bophirima jwa Francistown, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mane ,masome a matlhano le boraro.[1]

Letlhoko la bogosi le Ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

Mothusa Tona ya Dikgaolo, Mme Botlogile Tshireletso o dumalane le banni ba motse wa Semitwe mo kgaolong potlana ya Tutume gore motse wa bone o godile e bile o lekanwe ke go nna le kgosana.Mme Tshireletso ne a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi. O ne a araba selelo sa bone sa gore fa e sale ka ngwaga wa 2005, ba bolelelwa ke mopalamente wa bone wa nako eo gore kgotla ya bone e tlaa godisiwa maemo, ba ntse ba lebile tsela. Mme Tshireletso o ne a ba solofetsa gore o tlaa sala kgang eo morago ka e bile dikgang tsa bogosi di wela ka fa tlase ga lephata la gagwe. O tsweletse a ba bolelela gore kgodiso ya kgotla ke selo se se tlhokanang le madi, ka jalo e ka nna ya nama e tshwerwe ke letlhoko la madi. Banni ba ne ba ikuela ka tsela ya lekgarapana ya Semitwe/Orapa e ba reng e tsaya lebaka go gopiwa.E rile mokwaledi mogolo wa kgaolo Potlana ya Tutume, Mme Betty Bangale a ba araba, a ba tlhalosetsa gore go gopiwa ga tsela ya Semitwe/Orapa go dirwa ka dikompone tse di ikemetseng ka nosi.

A re ba kile ba ntsha ikopelo ya go gopa tsela eo, mme ka maswabi dikompone tsotlhe di ne di lopa madi a a kwa godimo go feta a ba nang nao. Mme Tshireletso o tsamaya le metse e e mo kgaolong ya Tonota Bokone ga mmogo le Nkange go lekodisa sethaba ka thulaganyo ya go hudusiwa ga ditirelo tsa metsi go ya ko go ba koporasi ya metsi ya Water Utilities.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-06.

Coordinates: 20°56′27″S 27°4′49″E / 20.94083°S 27.08028°E / -20.94083; 27.08028