Jump to content

Noka ya Okavango

Go tswa ko Wikipedia


Noka ya Okavango ke noka ee mo borwa bophirima jwa Aforika. Ke noka ya bone ee tona mo bogareng jwa borwa botlhaba jwa Aferika, e elelela kwa borwa botlhaba 1,600 km (990 mi). E simolola mo Angola, kwa e itsegeng e le noka ya Cubango. Fa pejana mo borwa e aga bontlha bongwe jwa molelwane wa Namibia, gape e bo e elelela mo Botswana, le go tshologela kwa lefelong la diphologolo la Moremi.

Pele fa e tsena mo Botswana, noka e wela selekalekanyo sa 4 m, go kgabaganya selekanyo sa dikhilomethara di le 1.2 tsa bophara jwa noka, mo maphothophothong aa latelanag a Popa, a bonala fa noka e nale selekanyo sa metsi se se kwa tlase, jaaka noko ya komelelo.[1]

Go ntshetsa ntlheng ya moteng ga beisene, makgobokgobo ga a na kgwelo kwa lewatleng. Mo boemong jwa se, e kgwela kwa morageng wa sekaka sa Kalahari, se itsege ka leina la makgobokgobo a Okavango kgotsa Okavango Alluvial Fan. Ka paka ya pula e elelela kwa nokeng ya Boteti mme e re morago e tselegele kwa lefelong la Makgadikgadi le le rotloetsang kgolo ya lefelo ka paka ya dipula la makgobokgobo kwa lesome la makgolokgolo a dinonyane tsa Flamingo di kgobokanelang teng ka paka ya selemo.[2] Bontlha bongwe jwa go elela ga yone bo tlatsa lekadiba la Ngami. Go itsege ka dilo tsa tlholego, noka ya Okavango e nale lefolo la diphologolo la Moremi.

Kgotlhang ya metsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Mafatshe a Namibia le Botswana a nale tlwaelo ya leuba mme gape ka ditlamorago tse, go ntse go nale matshwenyego ka ga dikgotlhang tse di ka tlhagogang ka go dirisiwa ga metsi a noka. Namibia e agile motswedi wa metsi, wa selekanyo sa boleele jwa dikhilomethara tse makgolo a mararo,gape e ntshitse kgang ya go simolotse khutlola ya go aga kakana ee tsamaisang metsi ya boleele jwa selekanyo sa dikhilometha tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano ee isang metsi go tswa nokeng go ya Namibia go fokotsa leuba.

Botswana, le fa go ntse jalo o dirisa makgobokgobo a Okavango go ngoka bajanala gammogo le go a dirisa e le motswedi wa metsi. Lephata la Water Affairs mo Botswana le tlhalositse gore 97% ya metsi e latlhega ka ntata ya kaologo, ka jalo lefatshe ga le kake la kgone go ka latlhegelwa ke bontlha bongwe jwa metsi.

Namibia, ka jalo, e tlhalositse gore e tla goga sepatlo sa metsi aa mo nokeng, gape le lebaganye le metsi aa elelang mo lefatsheng la bone. Go itebaganya le dikgang tsa go nna jalo,ka ngwaga wa 1994 Angola, Namibia le Botswana a dumalane ka mokwalo wa go simolodisa lekalana la Permanent Okavango River Basin Water Commission (OKACOM), go tlisa dikgakololo mo mafatsheng ka boraro ka ga ditsela tse di botoka tsa go dirisa didirisiwa tsa noka ya Okavango ka manontlhotlho.

Morwalela

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa mongwe a ka akanya ka makgobokgobo jaaka ditshika tsa setshidi se setona, ka jalo pelo ya sone e botona jwa selekanyo sa lekgolokgolo, makgolo a mabedi le masome a matlhano a dikhilomethara go ya mafelong a kwa godimo a Angola. Selekanyo se se a oketsega mme ga nngwefela mo ngwageng fa lefatshe la Angola le nelwa ke pula gararo ee fetang ee nang mo Botswana jaaka go ntse, ee romelang metsi aa mantsi mo Aferika ee reng morago e tshololele metsi a yone mo makgobokgobong a Okavango. Se se kaiwa e le morwalela mme eseng jaaka kwa mafatsheng a sele kwa morwalela o nang le ditshenyo tse di sa siamang, mo Okavango morwalela o nna o amogelwa.

Le fa dipula tsa kwa Angola di tshologa ka Firekgong, metsi a tsaya kgwedi yotlhe go tsamaya selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolokgolo a noka ya Okavango. Gape a boa a tsaya kgwedi tse nne go tlhotlha ka dimela le metswedi ya bofelo ee selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano a makgobokgobo. Ka ditlamorago morwalela o kwa godimo tlhata ka kgwedi ya Seetebosigo le Phatwe, ka nako ya fa Botswana a le mo pakeng ya mariga. Gape makgobokgoba a tlala gararo go fetla selekanyo sa one, a ngoka diphologolo go tswa bokgakala le gaufi gape a dira Aferika gore a nne nngwe ya lefelo la diphologolo .

Kwa bophareng jwa yone fa morwalela o le montsi mo ngwageng makgobokgobo a atlologa selekanyo sa makgolo le masome a matlhano a dikhilomethara go kgabaganya go tswa botlhaba go ya bophirima. Go fa mogopolo ka fa go leng selagana ka teng, fa mongwe a ka ne a lebisisa bontlha bongwe jwa makgobokgobo a le kgakajana,fa o ya le bontlha bongwe jwa one mongwe o ka lemoga gore bogodimo bo farologana le bonnye godimo ga selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolo le masome a matlhano a dikhilomethara a le kwa tlase ga selekanyo sa 2m. Ka jalo mmu o monnye o o ka baka phetlogo ee tona.[3]

kitso ee kwadilweng go tsweng:

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Siyabona Africa Travel (Pty) Ltd, "Popa Falls | Okavango River | Botswana" webpage: TravelZA-PopaFalls
  2. C. Michael Hogan (2008) Makgadikgadi , The Megalithic Portal, ed. A. Burnham [1]
  3. https://web.archive.org/web/20090719112055/http://blog.africabespoke.com/okavango-delta-part-2/ Okavango River Flooding

Dikgoge tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Coordinates: 18°57′43″S 22°29′04″E / 18.96194°S 22.48444°E / -18.96194; 22.48444