Segwapa

Go tswa ko Wikipedia
Sliced beef biltong
Homemade beef biltong sticks

Segwapa ke nama e e omisitsweng, e e tlholegang thata mo borwa jwa africa. Segwapa se dirwa ka nama e e sa butswang, e ka nna nama ya kgomo, ya podi, kana ya phologolo. Nama e e a segelelwa, e bo e tshelwa letswai. Letswai le thusa go gamola metsi mo nameng le gone go thusa gore nama e e omelele e bile e seka ya bola. Segwapa se kgona go tshelwa pherefere gore se babe, kana sa tlogelwa fela ka letswai se sa lokwa pherefere. Se tle se tsenngwe metswako e mengwe fela jaaka bo bo konofole go se natefisa.

Ga segwapa se sena go omelela lobaka e ka nna dibeke tse pedi se anegilwe mo letsatsing, se tlaabo se siametse go ka jewa. Mme se ka jewa fela se ntse se omeletse, kana sa besiwa mo magaleng a molelo. Se ka nna gape sa apeiwa jaaka o ka apaya nama se be se thugiwa go dira seswaa sa segwapa. Segwapa se se apeilweng le go thugiwa se ka jewa se le sosi kana sa shaba bogobe jwa mabele.

Nama e e dirang segwapa e ka segelelwa bosesanyane kgotsa bokima pele fa e ka omisiwa. Seswaa se se thugilweng fa se apewa se kgona no natefisiwa ka go ntsenngwa diguruntu ka go farologana ga tsone.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]