Adora Oleh

Go tswa ko Wikipedia

Adora Oleh ke mogasi mo sesupa ditshwantsho sa British Born Nigerian ebile e le motshwari mmogo wa bobedi wa MTN Project Fame o neng a tsamaisa mo dingwageng tse tlhano.[1][2]Ka Tshipi kgwedi ya Sedimonthle e tlhola matsatsi a le borobabobedi ngwaga wa 2013, Adora o ne a ikgapela seetsele sa mogasi wa mme yo itsegeng thata mo kabo dietsele ya Nigerian Broadcaster e neng e tshwaretswe ko Lagos.[3] O ne ne a etle a tshware lenaneo la gagwe la dipuisano- "The Adora Oleh Show" mo Vox Africa,lenaneo la itlosobodutu le le itebagantseng le dikao tse di siameng le borakgwebo ba ba dirang makhubu (segolobogolo itlosobodutu, feshene, le kgwebo).

Botshelo jwa pele le Thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Adora Oleh o tsholetswe a bo a golela ko Surrey,Engelane e le ene yo mogolo mo baneng ba bararo ba batsadi ba gagwe. Adora o ithutile molao kwa yunibesithing mme gape o na le Dipoloma go aloga ga dikirii ya Media Law and Journalism le e nngwe ya go aloga ga dikirii tsa Public Relations go tswa kwa London School of Journalism. [4]

Tiro Ya botshelo jwa gagwe jotlhe[fetola | Fetola Motswedi]

Go amogela baeng le bobegadikgang[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a bereka kwa MTV Base ka ngwaga wa 2002. A na le Joseph Benjamin, o ne a tsamaisa Project Fame West Africa, lenaneo la thelebišene la mmino ka ngwaga wa 2009 mme e ne e le moamogedi ka dingwaga di le 5 tse di latelanang. Adora ka ngwaga wa 2012 o ne a simolola go dira jaaka moanedi wa thelebišene mo American TV Station mo Fox News. Mo tirong ena, o ne a bega ka go tsholwa ga ngwana wa ntlha wa segosi wa ga Prince Williams. Morago ga moo o ne a tlhagelela mo seteisheneng sa thelebišene sa feshene, ebong TOPSHOP TV kwa Lontone jaaka Mokwaledi wa Feshene koo a sekasekang mekgwa ya feshene e e botlhokwa fa a botsolotsa batlhami le dimotlelara tsa maemo a a kwa godimo. Ene le kgaitsadie, Chika Oleh le bangwe ka ene ba Chiad TV Productions, e leng komponi e e tlhagisang thelebišene le ditiragalo. The Adora Oleh Show e ne e tlhagisiwa ke kompone ya gagwe mme ya gasiwa mo AIT, DSTV Nigeria Silverbird TV le SKY's VOX Africa UK.[5] E ne e le moamogedi wa lenaneo la Nigeria's Top Model le le tlhamilweng ke Tyra Banks.


Go dira bomotlelara[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2012 Adora e ne e le mongwe wa karolo ya baatlhodi ba mo go tsa Lagos Fashion and Design Week: Young designers of the year. Mo tiragalong eo, o ne gape e le mmamoratwa wa motlhami wa feshene wa Mo-Nigeria yo o tsholetsweng kwa California, Emmy Collins wa ntlha wa mosadi wa feshene.[6]


Dikgele le Botsamaisi[fetola | Fetola Motswedi]

Adora o ne a nna Moemedi wa Aforika ka ngwaga wa 2013 mo Guinness "Snapp" , seno sa apole. [7][8] O ne a tlhophiwa kwa Exquisite Lady of the Year Awards ka ngwaga wa 2013 ele 'Brand Ambassador of the Year' go nna moemedi wa SNAPP.[9]

Ka ngwaga wa 2013, o ne a tlhophiwa mo kgaolong ya Most Popular Female TV Presenter [10] kwa the Nigerian Broadcasters Merit Awards. Adora o ne a tsaya sekgele seo a se isa gae ka ene ele ene mofenyi.[11]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Ononye, Ifeoma. "Modelling Has Been Steady Part Of My Career – Adora Oleh". DAILY INDEPENDENT. Retrieved 11 May 2024.
  2. Emea, Agatha. "Nigeria: I Am Living my Dream – Adora Oleh". All Africa. All Africa. Retrieved 11 May 2024.[1]
  3. Bellanaija.com. "Adora Oleh, Uti Nwachukwu, Karen Igho & Toke Makinwa at the 2013 Nigerian Broadcasters Merit Awards in Lagos". Bellanaija.com. Retrieved 9 May 2020
  4. Diagbare, Remi (13 March 2011). "Most Desirable- Single Ladies under 40 sassy and savvy". Vanguard Newspaper. Retrieved 10 May 2020.
  5. "Modelling Has Been Steady Part Of My Career - Adora Oleh | Independent Newspapers Nigeria". www.independent.ng. Retrieved 2020-11-15.
  6. Aiki, Damilare (2012-11-07). "2012 MTN Lagos Fashion & Design Week: Emmy Collins". BellaNaija. Retrieved 2020-11-15.
  7. Aiki, Damilare (2012-09-24). ""It begins with a SNAPP!" Guinness Nigeria launches Refreshing Beverage for Ladies of Style – Photos of Adora Oleh, Toke Makinwa, Freeze, Eku Edewor, Mai Atafo & More". BellaNaija. Retrieved 2020-11-15.
  8. Onos (2013-04-25). "BN Exclusive: Media Personalities Toolz, Adora Oleh & Dolapo Oni are the New Ambassadors for Snapp!". BellaNaija. Retrieved 2020-11-15.
  9. BellaNaija.com (2013-09-16). "Stephanie Linus, Adora Oleh, Ms. Jaie, Chioma Chukwuka-Akpotha, Maria Okanrende, Toyin Lawani & More Nominated for the 2013 Exquisite Lady of the Year Awards | View the Full List". BellaNaija. Retrieved 2020-11-15.
  10. "Nigerian Broadcasters Merit Award unveils award categories for 2013 | Premium Times Nigeria". 2013-08-04. Retrieved 2020-11-15.
  11. Bellanaija.com. "Adora Oleh, Uti Nwachukwu, Karen Igho & Toke Makinwa at the 2013 Nigerian Broadcasters Merit Awards in Lagos". Bellanaija.com. Retrieved 9 May 2020