Bonnie Hart

Go tswa ko Wikipedia


Bonnie Hart ke motaki wa kwa Australia, motlhami wa difilimi, le molwela ditshwanelo tsa batho ba bong bo sele, o tshotswe a na le androgen insensitivity syndrome, Ke  moeteledipele wa Intersex Peer Support Australia. Hart o diragatsa mo nageng ya gaabo le mo lefatsheng lotlhe, gape o bua ka dikgang tsa batho ba bong bo le bongwe mo nageng ya gaabo le mo lefatsheng lotlhe. Ene ya re ka ngwaga wa 2016, Gay News Network ya lefatshe la Australia e ne ya mo tsenya mo lekalaneng la bone la "25 LGBTI people to watch in 2017".[1][2]

Botshelo jwa gagwe jwa pele[fetola | Fetola Motswedi]

Hart o tlhalosa ka fa a neng a bolelelwa ka teng gore o ne a simolola tsa tlhakanelo dikobo ya “batho ba bong bo bo le bongwe a santse a le monnye thata", ka go tsenelela mo go tsa kalafi ga batho ya bong bo le bongwe ba le bantsi. Le fa a ne a dumela e le ka bo ngwana, o ne a sa itse gore e ya go nna ditlamorago tsa botshelo jotlhe jwa gagwe.[3] Hart o tlhalosa ka  fa kgetholole e "dirang gore go nne le maemo" a ditshereganyo tse di ntseng jalo, "Go na le poifo ya gore batho ba tla bo ba sa tlwaela ka gonne mebele ya bone e farologane, mme poifo eo e kopane le go tlhoka kitso ya gore go ntse jang go tshela jaaka mogolo o na le mebele eo ntle le karo, e dira gore go nne le thulaganyo ya go dira karo".[4] Fa a ntse a gola, Hart o ne a sa itse gore kgaitsadie, Phoebe Hart, le ene o ne a na le bolwetse jwa androgen insensitivity syndrome.[5]

Tiro Ya gagwe Ya botshelo Jotlhe[fetola | Fetola Motswedi]

Hart ke "motshameki wa maemo a a kwa godimo yo o nang le maatla a a kwa godimo" gape ke  motshameki yo o nang le mekgwa e e farologaneng, a kopanya go dira difilimi ka tsa segologolo  le ka analoko, mmino le botaki jwa ditshwantsho.[6] Ke mothei-mmogo wa Venting Gallery le Foundation for Contemporary Music le Culture[7] kwa Brisbane, Queensland, mme gape o tshameka le di-ditlhopha tse di akaretsang X-wave le the Unaustralians.[8][9] Mo bidiong ya Orchid, My Intersex Adventure, Hart le kgaitsadie ba ne ba lebagana le dikgobalo tsa maikutlo tse di bakilweng ke dikaro tse di simolotseng le go boloka diphiri tse di amanang le tsone.[10][11]

Tirisanommogo[fetola | Fetola Motswedi]

Hart ke moporesidente wa Intersex Peer Support Australia..[12] O tlhageletse mo ditshwantshong tsa motshikinyego di le dintsi tse dikhutshwane, go akaretsa le tsa QLife le National LGBTI Health Alliance,[13] le SBS.[14][15][16] mme o botsolotswa thata, go akaretsa le mo thelebišeneng ya bosetšhaba.[17][18]


Dibuka tse di tlhophilweng[fetola | Fetola Motswedi]

.Jones, Tiffany; Hart, Bonnie; Carpenter, Morgan; Ansara, Gavi; Leonard, William; Lucke, Jayne(2016).Intersex Stories and Statistics from Australia(PDF).Cambridge, UK: Open Book Publishers. ISBN 978-1-78374-208-0. Achieved from the original.(PDF). Retrieved 2 February 2016[fetola | Fetola Motswedi]

Go amogelwa[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2016, Gay News Network ya Australia e ne ya akaretsa Hart mo "batho ba LGBTI ba ba tshwanetseng go lebelelwa thata ka 2017."[19]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Domingo, Reg (9 December 2016). "25 LGBTI people to watch in 2017". Gay News Network. Retrieved 19 January 2017.[dead link]
  2. "Intersex inclusion in the 2014 Sydney Mardi Gras Parade". Organisation Intersex International Australia. 3 March 2014. Archived from the original on 11 April 2023.
  3. Copland, Simon (15 December 2016). "The medical community's approach to intersex people is still primarily focused on 'normalising' surgeries". SBS. Retrieved 19 January 2017.
  4. Domingo, Reg (9 December 2016). "25 LGBTI people to watch in 2017". Gay News Network. Retrieved 19 January 2017.[dead link]
  5. Graham, Liz (2 February 2012). "I'm proud to be a hermaphrodite". body+soul.
  6. Bonnie Hart Bio". Venting Gallery. Archived from the original on 31 January 2017. Retrieved 19 January 2017.
  7. [1]
  8. "Bonnie Hart Bio". Venting Gallery. Archived from the original on 31 January 2017. Retrieved 19 January 2017.
  9. "The Audio Pollen Social Club @ 199 Boundary Street, West End, Brisbane, 10.02.13". Collapse Board. 26 February 2013.
  10. First Hand Films 'Interview with Phoebe Hart". ATOM Awards. Melbourne, Australia. Retrieved 26 October 2010.
  11. "Film Synopsis". Orchids, My Intersex Adventure. 3 October 2010. Retrieved 26 October 2010.
  12. What's new with the AISSG Australia?". Androgen Insensitivity Syndrome Support Group Australia
  13. Bonnie Hart talks about intersex". Organisation Intersex International Australia. 27 May 2015.
  14. Copland, Simon (15 December 2016). "The medical community's approach to intersex people is still primarily focused on 'normalising' surgeries". SBS. Retrieved 19 January 2017.
  15. "Senate Committee wants end to intersex sterilisation". Star Observer. 29 October 2013. Retrieved 16 May 2016
  16. Busby, Cec (28 October 2013). "Intersex advocates address findings of Senate Committee into involuntary sterilisation". Gay News Network. Archived from the original on 15 January 2016. Retrieved 20 January 2017.
  17. Skinner, Anthea (24 June 2011). "Intersex conditions; a social paradox". Australian Broadcasting Corporation Ramp Up
  18. Chaleyer, Rani (10 March 2015). "Intersex: in the LGBTI". SBS The Feed. Archived from the original on 5 July 2015. Retrieved 20 January 2017.
  19. Domingo, Reg (9 December 2016). "25 LGBTI people to watch in 2017". Gay News Network. Retrieved 19 January 2017.[dead link]


Dikgolagano tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

[2]