Jump to content

Carla Meninsky

Go tswa ko Wikipedia

Carla Meninsky ke motlhami wa bogologolo wa metshameko ya ditshwantsho tsa motshikinyego le morulaganyi yo o neng a dira ka dingwaga tsa ntlha tsa Atari VCS [1]ga mmogo  le Carol Shaw (mmopi wa 3-D Tic-Tac-Toe le River Raid), Meninsky e ne e le mongwe wa maenjenere ba basadi ba le bararo kwa Atari, Inc. go tlhabolola dikhatereji[2] . Moragonyana o ne a nna mmueledi wa thoto ya botlhale.


Tshimologo Ya Botshelo[fetola | Fetola Motswedi]

Mmaagwe  Meninsky e ne e le morulaganyi mme fela Carla ene  o ne a ithuta go dira dithulaganyo kwa sekolong se segolwane, o ne a tlogela go ithuta dipalo a bo a  simolola go ithuta thutotlhaloganyo ya boboko le go dira dimotlelara tsa boboko kwa Yunibesithing ya Stanford. Ka ntlha ya botaki jwa gagwe, Meninsky o ne a kgatlhegela thata ponelopele mme kwa bofelong a boela kwa go rulaganyeng le toro ya botshelo jotlhe ya go dira didirisiwa tsa ditshwantsho.[3]

O ne a simolola tiro ya gagwe ya kwa Yunibesithi kwa Stanford a ithuta dipalo mme kwa bofelong a fetogela mo go tsa thutotlhaloganyo ka gore e ne e utlwala e kgatlhisa[3] go feta. O ne a ithuta Fortran ya motheo kwa sekolong se segolwane go tswa mo go mmaagwe, yo e neng e le morulaganyi, mme ka seno o ne a simolola go kgatlhegela ditshwantshiso tsa khomputara.[3]


Atari, Inc.[fetola | Fetola Motswedi]

Meninsky o ne a ikgolaganya le  Atari morago ga go aloga kwa Yunibesithing ya Stanford ka dikirii ya thutotlhaloganyo.

Mo  Atari 2600 o ne a kwala metshameko ya mabelo Indy 500 le Dodge 'Em (e e tshwanang le ya 1979 Head On coin-op go tswa Sega), a 1981 port of Atari's Warlords, le 2600 version of Star Raiders (e kwa tshimologong e neng e dirilwe ke Doug Neubauer mo Atari 8-bit computer)[3]. Moragonyana o ne a bereka mo sedirisiweng sa Tempest se se neng sa se ka sa ntshetswa mo bathong  mme go na le dikaelo tsa sone.[4]

Go dira molao[fetola | Fetola Motswedi]

Meninsky o ne a berekela Electronic Arts (EA) le bagatisi ba bangwe ba metshameko mme kwa bofelong a simolola Komponi ee leng  ya gagwe e e atlegileng ya go dira dithulaganyo tsa dikonteraka. Fa a ntse a kwala dikonteraka le go bona ditshwanelo tsa thoto ya botlhale di tlhokomologiwa ke dikompone tse dingwe, o ne a simolola go kgatlhegela molao wa thoto ya botlhale[3]. Meninsky o alogile kwa George Washington University Law School mme jaanong o dira molao wa thoto ya botlhalefi[5]. Jaaka Molekane wa Lenaneo la Ditshono tsa Kgatlhego ya Setšhaba wa EPIC, Meninsky o ne a neela bosupi fa pele ga U.S. Senate ka ngwaga wa 2002.[6]


Dikgatiso[fetola | Fetola Motswedi]

Meninsky, Carla. "Locked Out: The New Hazards of Reverse Engineering". The John Marshall Journal of Computer & Information Law Vol. XXI Summer 2003 No. 4. Retrieved 2015-05-23.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Fulton, Steve (August 21, 2008). "Atari: The Golden Years — A History, 1978–1981". Gamasutra. Retrieved December 4, 2010
  2. Crawford, Chris (2003). Chris Crawford on Game Design. New Riders Games. pp. 223, 437. ISBN 0-13-146099-4.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 3.4 "A conversation with Carla Meninsky". willnicholes.com. 12 November 2011. Retrieved 2023-02-10.
  4. Yarusso, Albert. "Programmers: Carla Meninsky". AtariAge. Archived from the original on October 16, 2012. Retrieved December 3, 2010
  5. Meninsky, Carla. "Computer Programs and Copyright: Using Technological Measures to Lock out Competition". Munich Intellectual Property Law Center. Retrieved 2011-03-27.[permanent dead link]
  6. Rotenberg, Marc; Meninsky, Carla. "EPIC Statement on Biometrics and Identify Theft". Electronic Privacy Information Center. Archived from the original on 2020-11-17. Retrieved 2011-03-27