Diketo (motshameko)

Go tswa ko Wikipedia

'Diketo, e gape e itsegeng jaaka Magave, UPuca', kgotsa Puca, ke nngwe ya metshameko e le lesome e e itsegeng mo bathong ba ba tlholegileng mo Aforika Borwa le Lesotho.[1][2][3] E tshwana le motshameko wa Jacks.

Melao[fetola | Fetola Motswedi]

Diketo gantsi di tshamekiwa ke batshameki ba le babedi mme e ka tshamekiwa ka matlapa kgotsa dimmabole. Motshameki o latlhela lejwe le le bidiwang "mokinto" mo moyeng mme go tswa foo a bo a leka go ntsha majwe a le mantsi ka mo go ka kgonegang ka teng go tswa mo kgolokweng pele ga a le tshwara gape ka seatla se le sengwe. Go tswa foo ba busetsa majwe a mo mosimeng, leje le le lengwe ka nako, go fitlha maje otlhe a le lesome a boela mo mosimeng. Motshameki a ka kgona go tsamaisa leje fela fa "gho"/"mokinto" e le mo moyeng, le pele ga a le tshwara gape ka seatla se le sengwe. Go tswa foo motshameki o ntsha maje otlhe gape a bo a a busetsa gape mo mosimeng, jaanong a a baya a le mabedi ka nako e le nngwe, jalo le jalo. Fa motshameki a palelwa ke go tshwara gho, ke motshameki yo o latelang. Motshameki yo o kgonang go dira metshameko e le lesome ya go ntsha matlapa a bo a a busetsa kwa morago ka thulaganyo, o a fenya.[4]

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Indigenous Games Promotion and Training". Western Cape Government. Retrieved 2019-04-11.
  2. Mafika (2015-09-25). "Indigenous Games Festival promotes unity in South Africa". Brand South Africa. Retrieved 2019-04-11.
  3. "Games hone skills". News24. 2015-04-30. Retrieved 2019-04-11.
  4. "Indigenous games" (PDF). Retrieved 2019-04-11.