Helen Paul

Go tswa ko Wikipedia

Helen Paul ke motshameki wa metlae,moopedi le motshameki wa difilimi[1][2] wa kwa lefatsheng la Nigeria. Ebile gape ke motshameki wa metlae yo itsegeng ka leina la Tatafo,[3]o itsege gape ka lentswe le okareng la ngwana.[4]

O ne a aloga ka dithutego tse di ko godimo mo go tsa Theater Arts mo sekolong se segolwane sa Unibesithi ya Lagos.[5][6]

Tiro Ya gagwe Ya botshelo jotlhe[fetola | Fetola Motswedi]

Paul o berekile  ele modiri yo o ikemetseng ka nosi le moanedi wa nako e e tletseng mo matlong a le mmalwa a dikgang tsa Nigeria. Tseno di akaretsa Lagos Television (LTV 8), Continental Broadcasting Service (CBS), le M-Net (moo a dirang mmogo le JARA mo Africa Magic).[7]

Paul o simolotse jaaka motho wa metlae yo o sa utlweng mo thulaganyong ya radio ya Wetin Dey mo Radio Continental 102.3FM, Lagos. O ne a itsege mo thulaganyong e le "Tatafo", ngwana yo o botlhale yo o buang le go sotla ka dikgang tsa loago ka tsela e e tshegisang. O ne gape a neelana ka mananeo a TVC le Naija FM 102.7.[8]

Ka kgwedi Phukwi ngwaga wa 2012, Paul o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha e e bidiwang Welcome Party, e e nang le dipina tsa Afro-Pop tse di akaretsang "Boju Boju", "Vernacular", "Gbedu", "God Forbid", pina ya Afro RnB e e bidiwang "Children of the World", le "Use Calculator", pina e e buang ka matshosetsi a leroborobo la mogare wa  HIV-AIDs. Morago ga moo o ne a gatisa dipina di le mmalwa, go akaretsa le "Take It Back". Ka ngwaga wa 2018, o ne a ntsha mantswe le ditshwantsho tsa pina ya gagwe e e bidiwang "Never Knew", pina e e bolelang ka dingwaga tsa gagwe tsa go gola le kgatelopele ya gagwe ya tiro go fitlha jaanong.[9][10]

Paul o ne a bula lebenkele le le rekisang diaparo tsa lenyalo kwa Lagos ka ngwaga wa 2012 le le bidiwang Massive Fabrics and Bridals.[11] Go tswa foo one a tswelela ka go bula mabenkele a mangwe a mararo a lebenkele la gagwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa Lagos.

Ka ngwaga wa 2014, o ne a bula sekolo sa dibaesekopo le theatre se se bidiwang Helen Paul Theatre and Film Academy.[12] E na le studio sa go bina, studio sa go ipaakanya, studio sa go rekota, studio sa go ikatisa, studio sa ditshwantsho, laeborari ya dijithale, studio sa go rulaganya le hosetele ya baithuti.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Paul o nyetswe ke Femi Bamisile ebile ba na le bana ba basimane ba le  babedi.[13]

Ka ngwaga wa 2019,[14] o ne a bona dikerii ya gagwe ya bongaka ya Theatre Arts kwa Yunibesithing ya Lagos, e a neng a e remelela mo go mmaagwe.[15] Ka ngwaga wa 2021, o ne a fudugela le ba lelwapa la gagwe kwa lefatsheng la United States.[16][17] Ka ngwaga wa 2022, o ne a itsisiwe ele mogolwane wa tsa bodiragatsi, Mmino, le Lephata la itlosobodutu kwa sekolong se segolwane se se bidiwang Heart International University kwa United States. [18][19][20]


Difilimi tse a tsereng karolo mo go tsone[fetola | Fetola Motswedi]

  • 2011 – The Return of Jenifa – role of Tunrayo
  • 2012 – A Wish– lead role, a woman who battles cancer
  • 2011 – Damage – cameo role
  • 2012 – The Place: Chronicle of the Boo
  • 2014 – Alakada2 – supporting role
  • 2014 – Akii The Blind– supporting role
  • 2012 – Osas (Omoge Benin – comic act
  • 2012 – Igboya
  • Mama Pu– lead role
  • 2016 – Jacob's Mansion
  • 2016 – Full House
  • 2017 – Samba
  • 2018 – Ghetto Bred
  • 2018 – The bridal shower
  • 2019 – kasanova

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. [1] Akande, Victor (27 May 2012). "A-list comedians for 'Helen Paul & Tatafo Live'". The Nation. Lagos, Nigeria. Retrieved 11 November 2012.
  2. [2] Adetu, Bayo (6 August 2010). "Growing Up Was Tough". P.M. News. Lagos, Nigeria. Retrieved 11 November 2012.
  3. "Comedian Helen Paul bags a Ph.D". Vanguard News. 29 March 2019. Retrieved 16 March 2022.
  4. Close Kettle, James (2 November 2012). "The rising stars of world standup". The Guardian. London, UK. Retrieved 11 November 2012
  5. Online, Tribune (3 September 2022). "Helen Paul bags presidential lifetime achievement award in US". Tribune Online. Retrieved 3 April 2023
  6. babtunde, Saka. "Celebrity Helen Paul was Born out of". newsliveng.com. Retrieved 9 April 2019.
  7. Jara: Helen Paul". Africa Magic Official Website – Jara: Helen Paul. Retrieved 5 December 2017
  8. Falae, Vivian (13 July 2017). "This is why we ♥love♥ Helen Paul". Legit.ng – Nigeria news. Retrieved 9 April 2019.
  9. Amoran, Moyosola (20 July 2012). "Tatafo Veers into Music". P.M. News. Lagos, Nigeria. Retrieved 11 November 2012.
  10. Ogunjimi, Opeoluwani (11 August 2012). "Helen Paul drops Boju Boju". Vanguard. Lagos, Nigeria. Retrieved 11 November 2012.
  11. "Helen Paul Opens Bridal Boutique in Lagos. - Ariyatoday.Com". Archived from the original on 26 December 2014. Retrieved 26 December 2014.
  12. "Helen Paul Opens Multi-Million Naira Film Academy". bellanaija.com. 15 October 2014. Retrieved 12 February 2017
  13. Ikeji, Linda (24 November 2014). "Popular comedienne Helen Paul gives birth to baby boy – Welcome to Linda Ikeji's Blog". lindaikeji.blogspot.com. Retrieved 12 February 2017.
  14. "Helen Paul Reveals She Was Born Out of Rape". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. 6 April 2019. Retrieved 17 March 2022
  15. "...everything Late Oshofa said about me is coming to pass - Helen Paul". Vanguard News. 6 April 2019. Retrieved 9 February 2021
  16. "People predicted I won't get MC jobs when I relocated to America — Helen Paul". Punch Newspapers. 29 April 2022. Retrieved 3 April 2023
  17. "I Have No Plans To Return To Nigeria – Helen Paul". thewillnews.com. 22 October 2022. Retrieved 3 April 2023
  18. "Helen Paul Appointed Professor At US Varsity". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. 30 May 2022. Retrieved 3 April 2023.
  19. www.premiumtimesng.com https://www.premiumtimesng.com/entertainment/naija-fashion/533606-helen-paul-appointed-professor-at-u-s-university.html?tztc=1. Retrieved 3 April 2023. {{cite web}}: Empty citation (help): Missing or empty |title= (help)
  20. "I Have No Plans To Return To Nigeria – Helen Paul". thewillnews.com. 22 October 2022. Retrieved 3 April 2023