Hlotse

Go tswa ko Wikipedia

Hlotse (e itsege gape ele Leribe) ke toropo ya mmaraka e e botlhokwa kwa Lesotho. E fa Nokeng ya Hlotse, gaufi le molelwane wa Afrika Borwa. Toropo ena e ne ya agiwa ka ngwaga wa 1876 ke morongwa wa kwa Boritane e bong Moruti John Widdicombe. E ne e le lefelo la bokoloniale go fitlha Lesotho e bona boipuso. Palo ya batho ka ngwaga wa 2016 e ne e le 38,558.[1]

Leina le lengwe, la Leribe, le tswa mo go Leribe Mission ya puo ya Fora, e e tlhomilweng ka ngwaga wa 1859 ke François Coillard. Hlotse gape e bidiwa Leribe ka gonne ke motsesetoropo wa kampa mo kgaolong ya Leribe.

Ntlokgolo ya Basotho ya Help Lesotho e kwa Hlotse.

Mafelo a a kgatlhisang[fetola | Fetola Motswedi]

Mafelo a mararo a a farologaneng a go ka etelwang kwa go one ke Leribe Craft Centre, sefikantswe se se fa pele ga ofisi ya Tsamaiso ya Kgaolo, le lefelo la bogologolo la sesole.

Lefelo la Botaki la Leribe le rekisa dilwana tsa boboa, tse di dirilweng ka diatla go simolola ka dibaga go fitlha ka dijase. Lefelo la ditiro tsa diatla le fa thoko ga tsela fa motho a tsena mo Hlotse. Sefikantswe se se fa pele ga kago ya Tsamaiso ya Kgaolo se simolotse ka nako ya puso ya Seesimane ya Lesotho. E mo karolong e e fa gare ya toropo. Lefelo la bogologolo la masole le lone le ne le le teng ka nako ya puso ya Baesemane mme le mo karolong e e fa gare ya toropo.



Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

[1][fetola | Fetola Motswedi]

Dikgolagano tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

[2]

  1. http://www.bos.gov.ls/Census_Pre_Results_2006.htm
  2. Hlotse travel guide from Wikivoyage