Jeremy Wafer

Go tswa ko Wikipedia

Jeremy Wafer (o tshotswe ka ngwaga wa  1953) ke mmetli le modiri wa ditshwantsho wa mo Afrika Borwa.[1]

Ka Ga Gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Jeremy Wafer o tsholetswe  kwa Durban ka ngwaga wa 1953, ke ngwana wa ga Mme Laura le Rre Michael Wafer, o goletse kwa Nkwalini, kwa Zululand, mme o tsene sekolo   kwa Yunibesithing ya Natal, Pietermaritzburg (a dira dithutego tsa B.A Fine Art 1979) le kwa Yunibesithing ya Witwatersrand (a dira dithutego  tsa B.A. Hons. in Art History 1980 le M.A. Botaki jo bo Botlhokwa, 1987). O ne a ruta kwa Lephateng  la Botaki  kwa Technikon Natal le kwa Technikon Witwatersrand pele a tlhophiwa  ka ngwaga wa  2004 go nna Porofesa  wa Motlhakanelwa kwa Sekolong sa Botaki sa Yunibesiti ya Witwatersrand, Johannesburg kwa a leng Porofesa wa bodiragatsi jwa Botaki.


Tiro ya gagwe e beilwe kwa National Museum of African Art, Smithsonian Institution, Washington DC, South African National Gallery, Johannesburg Art Gallery le kwa dimusiamong tse dingwe tse dintsi, dikokoanyo tsa sephiri  le tsa kgwebo.

Dipontsho di akaretsa dipontsho tsa go boela morago kwa Yunibesithing ya Stellenbosch le kwa Durban Art Gallery ka ngwaga wa 2002 le kwa KZNSA Gallery, Durban ka ngwaga wa 2009, palo ya dipontsho tsa setlhopha tse di rulagantsweng go akaretsa Panoramas of Passage e e neng ya etela US ka 1995, Earth and Everything kwa Arnolfini, Bristol UK, 1996, Johannesburg Biennale 1997, 20: Two decades of South African Sculpture 2010 kwa Nirox Foundation, Johannesburg, Earth Matters kwa Smithsonian Museum of African Art, Washington DC 2013, le Basel Art Fair ka 2009 le 2014. Palo ya dipontsho tsa gagwe e akaretsa Tropic kwa Project Space Leeds, UK ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2010, Paradise kwa Goodman Gallery ngwaga wa 2009, Survey kwa WAM ngwaga wa 2013, le Strata kwa Goodman, Johannesburg ka Phukwi ngwaga wa 2014.

O nnile le seabe mo ditirong tsa boditšhabatšhaba tse di akaretsang Thami Mnyeni Foundation kwa Amsterdam, Civitella Ranieri kwa Umbertide, Italy, South Project kwa Melbourne, Australia, Brande kwa Denmark, Ampersand kwa New York mme bosheng jaana, ke mo tsaa karolo ya setlhopha sa patlisiso sa UK/AU/SA se se bidiwang Witness se a leng leloko la motheo wa sone, o ne a nna morutisi yo o etang kwa Yunibesithing ya Monash ka dipontsho kwa Linden Art Centre, Melbourne. O na le maemo a B go tswa go South African National Research Foundation (NRF), mo go a ntlha go abelwa mo lephateng la gagwe.

O ne a abelwa dimpho di le mmalwa go akaretsa le Standard Bank National Drawing Prize ka ngwaga wa 1987, Vita Award ka 2002, Kebble ka ngwaga wa 2004, le Sasol Wax Prize ka ngwaga wa  2006.


Tiro ya gagwe, go tloga kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1990, e emetswe ke Goodman Gallery kwa Johannesburg, Cape Town le kwa moseja.


Jeremy o nyetswe ke Colleen yo a dirang le ene mo diporojekeng tse dintsi tsa botaki mme o na le bana ba le babedi, ka bobedi ke baithuti ba Wits, Mary Wafer motaki kwa Johannesburg le Alexander Wafer motlhatlheledi wa Geography kwa Wits.


O ne a tlhama segopodiso sa AIDS sa "Wall of Hope" (a na le Georgia Sarkin), se se neetsweng go gopola Gugu Dlamini, kwa Durban, Afrika Borwa.[2]


Malomaagwe  Wafer, Richard Wafer, o ne a tlhokafala mo sekepeng sa HMS Jaguar fa a ne a leka go namola ditsala tsa gagwe.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Cm Philippa Hobbs, Elizabeth Rankin, Printmaking: In a Transforming South Africa, New Africa Books, 1997, p80. ISBN-0-86486-334-9
  2. https://en.m.wikipedia.org/w/index.php?title=Jeremy_Wafer&wprov=rarw1#cite_ref-2