Michelle Dede

Go tswa ko Wikipedia


Michelle Dede ke moanelwa-motlaleletsi wa thelebišene le motshameki wa difilimi wa kwa lefatsheng la Nigeria. O ne a ntsha  filimi ya Flower Girl, a boa gape a tsaya karolo mo ditshwantshong tsa Desperate Housewives Africa,  a tlhagelela gape ka ngwaga wa 2017 mo ditshwantshong tsa What Lies Within.[1]

Botshelo jwa gagwe jwa pele le Dithuto[fetola | Fetola Motswedi]

Michelle Dede o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi ale masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa 1984 kwa lefatsheng la Jeremane(Germany), o tsholelwa mo lwapeng la ga Brownson Dede, yo e leng Morongwa wa kwa Nigeria gape ele moemedi wa pele wa boditšhabatšhaba kwa Ethiopia.[2][3] Michelle  O ne a simolola dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa lefatsheng la Brazil, a fetsa dithuto tsa gagwe  tse dilatelang  kwa Australia le kwa Ethiopia ka go latelana. Moragonyana o ne a ya kwa United Kingdom go ya go ithuta go roka (Fashion Design) le Marketing kwa American College  ko  London, U.K.., O na le setlankana sa dikirii ya tsa tlhaeletsano(Communications) le P.R go tswa mo sekolong se le sengwe hela le dithutego tsa gagwe tse dingwe tse dikgolo.[4]

Tiro Ya Botshelo Jotlhe[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya gagwe e simolotse morago ga go ya malatsing a boikhutso kwa Nigeria[5] ka ngwaga wa 2006, a na le Olisa Adibua, o ne a nna moamogedi wa kgatiso ya ntlha ya Big Brother Nigeria, e e leng motseletsele wa thelebišene ya kwa Nigeria o o theilweng mo motseletseleng wa Big Brother. Moragonyana o ne a nna motlhami-mmogo wa baesekopo ka ngwaga wa 2013 e e bidiwang Flower Girl pele a tshameka karolo a bidiwa Tari Gambadia mo ditshwantshong tsa  Desperate Housewives Africa. O ne a supa fa Oprah Winfrey e le motho yo o mo tlhotlheleditseng go nna moanelwamogolo wa thelebišene[6]. Ene ya re ka ngwaga wa  2017, Dede a nna moanelwa-mogolo mo filiming e e tshosang ya terama ya kwa Nigeria e e bidiwang What Lies Within ana le Paul Utomi, Kiki Omeili le Tope Tedela. [7]Ka ngwaga wa 2018 o ne a Tsaya karolo mo Moms at War.[8]

Difilimi Tse a tsereng karolo mo go tsone[fetola | Fetola Motswedi]

Mosetsana wa Palesa (2013)

Basadi ba ba Tlhokang Thuso ba Afrika (2015)

Se se Mo Teng (2017)

Bommè ba mo Ntweng (2018)

Efa (2019)

The Therapist (2021)[9]

Botshelo jwa gagwe Jwa Sephiri[fetola | Fetola Motswedi]

Dede ke kgaitsadie mokwadi wa metlae Najite Dede le moemedi wa khampani ya bontle, Emmaus Beauty.[10][11]

Dietsele le Ditlhopo[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. What Lies Within
  2. Michelle Dede was born on 23 March in Germany, to the family of Brownson Dede, a Nigerian diplomat and former ambassador to Ethiopia.
  3. Michelle Dede was born on 23 March in Germany, to the family of Brownson Dede, a Nigerian diplomat and former ambassador to Ethiopia.
  4. She also holds a post-graduate degree in Communications and P.R from the same institution.
  5. Her career started following a holiday in Nigeria.
  6. She cites Oprah Winfrey as her inspiration as a T.V host.
  7. , Dede starred in the Nigerian drama thriller film What Lies Within with Paul Utomi, Kiki Omeili and Tope Tedela.
  8. In 2018 she starred in Moms at War.
  9. The Therapist (2021)
  10. Dede is a sister to comedian Najite Dede and brand ambassador for a beauty company, Emmaus Beauty.
  11. Dede is a sister to comedian Najite Dede and brand ambassador for a beauty company, Emmaus Beauty.