Jump to content

Minnette Vári

Go tswa ko Wikipedia

Minnette Vári (o tshotswe  ka ngwaga wa 1968) ke motaki wa mo Afrika Borwa yo o itsegeng thata go tsenya ditshwantsho tsa gagwe tsa di-bidio. O tsholetswe kwa Pretoria, Vári o ne a ithutela botaki kwa Yunibesithing ya Pretoria kwa a neng a bona dikirii ya gagwe ya master. O nna kwa Johannesburg ebile o berekela teng.

Tiro Ya gagwe Ya botshelo Jotlhe[fetola | Fetola Motswedi]

Vári o ntse a bontsha tiro ya gagwe go tloga kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1990, a tsaya karolo mo dipontshong tsa setlhopha tse di akaretsang Second Johannesburg Biennale (1997), Venice Biennale (2001 le 2007), le 10th Biennale ya Havana (2009). Dipontsho tsa gagwe di akaretsa monographic solo exhibition o o kwa Art Museum wa Lucerne, Switzerland (2004), Vigil kwa Elga Wimmer Gallery, New York (2007), Chimera kwa Basel Art Unlimited (2003) le bosheng, Songs of Excavation kwa Goodman Gallery kwa Johannesburg (2013). Fa e sale ka ngwaga wa 1998 Vári o ntse a bereka thata ka media wa dijithale le ditshwantsho tse dikgolo tsa bidio, gantsi a akaretsa dikarolo tsa tiragatso ka go tsenya mmele wa gagwe mo metsweding e e fetotsweng le mo ditshwantshong tsa hisetori tsa bokwadi. Mo godimo ga moo, ka metlha Vári o dira motseletsele wa ditshwantsho tse a di takileng, le tse a di takileng tse di amanang thata le porojeke ya gagwe ya dibidio. Tiro ya gagwe e ne ya amanngwa le dipontsho le dikhonferense tse di neng di sekaseka ditlhogo tsa boitshupo le mmele, diphetogo, dipolotiki, ditlhamalakane, kgobalo ya maikutlo le hisetori. Tiro ya gagwe e go builweng ka yone mo dikgatisong tse ke ya Art cities of the future, [1]South African Art Now[2] le 10 years 100 Artists, Art in a Democratic South Africa.[3]


Bona gape

Botaki jwa go tsenya dilo

Go tsenya dibidio

Bidio ya Botaki

Go penta

Maina a bataki ba bidio

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Reid Shier, Antawan I. Byrd (2013). Art cities of the future : 21st Century Avant-Gardes. London: Phaidon Press. ISBN 9780714865362. Retrieved 24 February 2016.
  2. Williamson, Sue (2009). South African art now. Collins Design. p. 79. ISBN 9780061343513. Retrieved 24 February 2016.
  3. Perryer, Sophie (2004). 10 years 100 artists, art in a democratic South Africa. Cape Town: Bell-Roberts. p. 1978. ISBN 9781868729876. Retrieved 24 February 2016