Motloutse River

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Motloutse e e mo Botswana, ke noka e e tsenang ka noka ya Limpopo. Lefelo le le bophara jwa dikhilomethara tse 19,053 (7,356 sq mi). Noka ya Letsibogo mo Motloutse e agilwe go thusa toropo ya madirelo mo Selibe Phikwe le mahelo a a mabapi,a a nang le bokgoni jwa go ka nosediwa. [1]

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa go ne go dirwa dipatatlisiso mo lefelong leno ka Herikgong ngwaga wa 1989, pele ga go agiwa letamo, go ne ga bonwa mefuta e le lekgolo le masome a le mabedi a dinonyane, tse bontsi jwa tsone e neng ele tse dinnye tse di jang tshekenegi. Palo e kgolo ya dinonyane tsa metsi e ne ya bonwa ka ntlha ya go nna teng ga matamo a a sennela ruri mo nokeng ya Motloutse kwa tlase ga noka go tswa mo e kopanelang teng le noka ya Letlhakane. Mefuta ya dinonyane e ne e tlwalesegile mo kgaolong eo.[2] Pele ga letamo le agiwa,mefuta ele metlhano kgotsa go feta ya dithapi e ne e fudugela kwa godimo ga noka ya Limpopo e tsena mo go ya Motloutse fa gona le merwalela. Noka ya Letsibogo e ne e solofetswe go tshegetsa palo ya dithlapi tse di tshwanang tsa ko letamong la Shashe.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. The Letsibogo Dam on the Motloutse has been built to serve the industrial town of Selebi-Phikwe and surrounding local areas, with potential for use in irrigation.
  2. The species of bird were generally typical for the region.
  3. The Letsibogo dam was expected to support a permanent fish population similar to that of the Shashe Dam.