Notwane F.C.

Go tswa ko Wikipedia
Notwane
Setshwantsho:Notwane FC.png
Leina ka botlaloNotwane Football Club
Maina a tshamekoSechaba, Makhete, Toronto,
Team e Bosisi
Tshimologo1965
LebalaBotswana National Stadium
Gaborone, Botswana
Palo25,000
ModulasetiloPhillip Tiroyamodimo
MotsamaisiOupa A. Kowa
LekiBarclays Premiership

Notwane FC ke setlhopha sa kgwele ya dinao se se tswang kwa Botswana se remeletse mo Gaborone. Se reeletswe ka noka ya Notwane[1]. Setlhopha sa Notwane ke sa GMG Global Investments, e e leng karolo ya GMG Holdings ebile ba ne ba dira diaba tse ditona ba reka batshameki ba pele ba setlhopha sa bosechaba sa Aforika borwa, motshameki wa pele wa Orlando Pirates Benedict Vilakazi le motshameki wa pele wa Mamelodi Sundowns Manqoba Ngwenya.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Notwane e simolodisitswe ka ngwaga wa 1965 ya bo ya tshameka mo setlheng sa ntlha sa liki ya Botswana e kgolwane. Ba ne ba lelelwa ke selepe sa magagane ka ngwaga wa 2015 fa ba tla fologa mo liking eo e le lantlha mo ditsong.[2]

Setlhopha se se ne sa sekisa lekgotla la tsamaiso ya kgwele ya dinao la Botswana ebong Botswana Football Association ka 1992 morago ga gore BFA e letelele setlhopha sa Township Rollers go tsena mo liking. [2][3]

Notwane e ne ya tlhatlosediwa kwa liking e kgolwane gape ka 2017.[4][5] Le fa go le jalo, Notwane e ne ya tlhagelwa ke mathata a madi mo go ileng ga tsenya kgotlhang ya tsa madi fa gare ga yone le mokatisi 'Pio' Paul ka 2018.[6]

Diphitlhelelo[fetola | Fetola Motswedi]

  • Botswana Premier League: 3 1978, 1996, 1998
  • Botswana Challenge Cup: 4 1978, 1995, 1997, 2006
  • Botswana Independence Cup: 2 2003, 2004

Tiragatso mo dikgaisanyong tsa CAF[fetola | Fetola Motswedi]

  • CAF Champions League: ba iponagaditse ga raro 1997- Tikologo ya ntlha 1999-Tikologo e e simololang 2000-Tikologo e e simololang
  • CAF Confederation Cup: ba iponagaditse gangwe fela 2007-Tikologo e e simololang
  • CAF Cup Winners' Cup: ba iponagaditse ga raro 1979-Tikologo ya ntlha 1996-Tikologo ya bobedi 1998-Tikologo ya ntlha

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Notwane". Botswana Premier League.
  2. 2.0 2.1 "Notwane on the Brink of Disaster". The Botswana Gazette. 18 June 2015.
  3. "Archive copy". Archived from the original on 2018-11-14. Retrieved 2024-05-01.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)
  4. "Notwane, BR Highlanders back to Premier League".
  5. "Pio Paul is not happy with shabby treatment". Global Post. 13 March 2018.
  6. "Paul set for fresh legal battle as Notwane cuts salary". 9 November 2018.