Jump to content

Shan Morgan

Go tswa ko Wikipedia


Tebogo Steve Kekana ( 4 Phatwe 1958- 1 Phukwi 2021)[1] e ne e le moopedi gape e le mokwadi wa dipina wa moAferikaborwa. O simolotse leeto la gagwe la tsa kopelo mo dingwageng tsa bo 1980. o dirile a bo a fetsa dithuto tsa gagwe ko UNISACite error: The opening <ref> tag is malformed or has a bad name.

Botshelo le Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Kekana o tshotswe ko Zebediela, Transvaal. o tlhokile pono a le ngwaga di tlhano, a tsena sekolo sa batlhoka pono ko Pietersburg. lorato lwa gagwe la kopelo la gola mme a nna leloko la ditlhopha tsa bosetlabosheng ka dingwaga tsa gagwe tsa bonana.


ka ngwaga wa 1979 le wa 1980, Kekana o ne a fenya mo nne ka nako eo go itsege ka leina la SABC Black Music Award, seetsele sa rre yoo o gaisitseng mo kopelong. Pina ya ga rre Kekana ya "Raising My Family" ene e le pina e kgolo kwa Yuropa ka ngwaga wa 1979. ka tshhoboko, Kekana o rekotile dipina di feta 40.[2] Pina tsa gagwe tsa "The Bushman" le "Feel So Strong" ( a gokagane le Hotline) e ne e le dihiti mo Springbok Radio Chart tse di fitlhileng ko nomoreng ya lesome le boraro le ya borataro ka ngwaga wa 1982 le 1983.[3]


O dirile le batho ba akaretsa Ray Phiri, Nana Coyote, Joe Nina le Hotline a golagane le PJ Thandeka Powers. Steve Kekana e ne e le sealogane sa Yunibesithi kwa a dirileng dithuto tsa B Juris le LLB degrees. e ene e ele mmueledi gape e eloe morutinntshi kwa Yunibesithing ya Aferika-Borwa.


Kekana o tlhokafetse ka lebaka la tse di amanang le mafaratlhatlha a bolwetsi jwa COVID-19 ka ngwaga wa 2021 kgwedi ya Phukwi e rogwa a le ngwga di 62

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]
NGWAGA SEETSELE
1978-2021 O amogetse dietsele tsa Golden Disk di feta masome a le bosupa
1980 moopedi wa rre yo o gaisitseng (Radio Zulu)
1984 seetsele sa moaaferika- borwa wa monana yoo ntshang tlhogo (FOYSA)
1985 seetsele sa mongwe wa banana ba ba lesome ba ba gaisitseng sa mafatshefatshe (TOYP)
1986 OKTV award
2010 Mama Bheka Community Awards
2018 SAMA Lifetime Achievement Award (SAMA 24)
  1. Emmanuel Tjiya (1 July 2021). "Breaking: Legendary musician Steve Kekana has died". Sowetan Live. Retrieved 1 July 2021.
  2. www.music.org.za". Retrieved 5 August 2012.
  3. http://www.rock.co.za/files/springbok_top_20_%28K%29.html