Simi Drey

Go tswa ko Wikipedia
Simi Drey
Tsalo
Simileoluwa Audrey Adejumo

(1998-06-05) 5 June 1998 (age 25)
London, United Kingdom
LetsoBritish-Nigerian
Alma materUniversity of Wales
TiroActress, TV presenter
Dingwaga tsa a le mo tirong2015–present
MosadiJulian Flosbach (2023)
MasikaSoji Adejumo (father)
O fetheletseFuture Awards Africa, Best OAP

Simileoluwa Audrey Adejumo o itsageng thata ka leina la Simi Drey( o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale masome a mabedi le botlhano) ke modiragatsi wa British le Nigeria, ele modiragatsi wa sesupo ditshwantsho.[1] Ka 2019, o ikgapetse Future Awards Africa go bo a dirile bontle thata mo go tsa OAP( Sesupo ditshwantsho tsa motshikinyego le seromamowa).[2][3] Ka 2016 one a tsenelela mo tshamekong wa sesupo ditshwantsho tsa motshikinyego tsa Nollywood e bidiwa Tinsel, one a tshameka ele Amanda.

Tsa Botshelo[fetola | Fetola Motswedi]

Simi Audrey Adejumo o tshotswe ka kgwedi ya seetetebosigo e tlhola malatsi ale masome le botlhano kwa London, United Kingdom mme sentle o tlholega kwa Ibadan, Oyo State, mo lesikeng la ga Ologun Kutere.[4] O tshotswe ele ngwana yo o mogolwane mo baneng bale batlhano ba ga Professor David Olusoji Adejumo, yo ekileng ya bo ele modulasetilo wa Oyo State Universal Basic Education, le Mma Emilomo Adejumo. Simi mo bonnyeng jwa gagwe o nnile thata kwa United Kingdom le batsalwa ka ene. Gape o tsene sekolo se se botlana le se segolwane gone kwa.[5] Rrragwe ntatemogolo wa ga Simi Mogolwane Oladele Adebayo Ajose ene ele kgosana ya Lagos yo eneng ele mokhanselara wa ntlha wa Obafemi Awolowo University.[6]

O ne a utlwana thata le mmemogolo wa gagwe, mogolwane Audrey Olatokunbo Ajose, wa Nigeria ebile ele mobegadikgang yo eneng ele mogolwane wa Scandinava go simolola ka ngwaga wa 1987 go fitlhela ka ngwaga wa 1991 , abo a rotloetsa Simi go ithuta ka tsa Bobegadikgang. ka 2014 , o ne a fetsa dithuta tsa gagwe ka Degree tsa ntlha mo go tsa Bobegadikgang le maranyane le dipuisanyo kwa University ya Wales, United Kindgom.[7]

Tsa Mmereko[fetola | Fetola Motswedi]

Simi o sale a nna le keletso ya bobegadikgang go simolola ale mmotlana. Ha santse ale ko sekolong se segolwane one a fitlhela a bereka ele mofetodi wa dibuka tsa bana ba sekolo, ele GMag.[8] Ka 2011, ha santsane ale ko Mmadikolo, thuto tsa gagwe di simolola sentel fa a bona tiro ya gagwe ya ntlha kwa seromamoweng kwa Wales sebidiwa Calon FM. Ka kgwedi ya Phalane e ntse ele ngwaga o mongwe fela, Simi o ne aya Nigeria aya go nna mongwe wa baithuti ba tsa bobegadikgang ko sesupo ditshwantshong sa HiTV, Lagos State.[9] Erile fa a fetsa tIro ya gagwe ya tsa baithuti ba bobegadikgang abo a fudugela kwa Nigeria go ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe teng. Go tseeng maemo a go dira tsa bobegadikgang ka 2013, o ne a fudugela ruri kwa Nigeria. Erile go tswa NYSC, one a berekela Cool TV dingwaga dile bobedi ele pinagare ya motshameko wa The late Night show, pele ga a tsena mp Spice TV abo e nna pinagare ya motshameko wa Flagship le Bargain Hunters ka 2016.[10]

E ntse ele ngwaga o mongwe fela , o ne a tsenelela mo motshamekong wa The Govenor mo Nollywood, a tshameka el Ify Ochello. Abo a ntse a tswelelal ale mo mmotshamekong o molele mo Nollywood wa Tinsel. F a antse ale mo Tinsel, o ne a neelwa mameo a go tshameka ele Amanda mo motshamekong wa Happy Fathers Day (2016) le ya bobedi ele Another Fathers Day(2019).[11]

Ka Sedimonthole 2016, Simi one a dira bontlha jwa gagwe mo Seromamoeng sa Nigeria mo The Beat 99.9 Fm kwa eneng ele pinagare ya ya motshameko wa letsatsi la matlhatso le Tshipi dingwaga dile tharo pele a isiwa kwa motshamekong wa Morning Rush wa hagare ga beke yo oneng a a o eteletse pele le Osikhena Dirisu. Fa a antsane ale kwa Beat Fm. a tshwaraganetse le MTV Base, one a tlhopiwa go bega dikgang tsa MTV EMAs kwa Seville, Spain Ka Sedimonthole ka 2019.[12]

Ka 2019, Simi one a boela kwa sesupo ditshwantsho tsa motshikinyego abo e nna moemisi wa 53Extra ( ekile ya bo ele setheo sa 53) mp Africa Magic go fitlhela motlha wa yone wa bofelo ka 2020, erile foo atla a nna pinagare ya motshameko wa Movie Talk mo African Movie.[13]

Ene ele pinagare ya 2020 ya Headies Awards anale Osi Suave ene le modiragatsi wa tlhwatlhwa mo go opeleng mo ditiragatsong tsa borre.




Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Network, Her (2019-12-09). "Simi Drey & Faith History Announced as Hosts for Her Network Woman of the Year Awards 2019". Her Network. Retrieved 2024-02-22.
  2. TFAA (2019-11-26). "Burna Boy, Israel Adesanya, Timini Egbuson, Simi 'Drey' Adejumo, Tolani Alli, others emerge winners at The Future Awards Africa 2019". The Future Awards Africa. Retrieved 2024-02-22.
  3. Falade, Tomi (2022-06-04). "Five Times Simi Drey Hit Fashion Jackpot". Independent Newspaper Nigeria. Retrieved 2024-02-22.
  4. Nigeria, Guardian (2023-01-14). "Yanga Lotto unveils Nedu, Simi Drey as ambassadors". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. Retrieved 2024-02-22.
  5. Custodian, Culture (2018-07-08). "Simi Drey Unites With Ejiro Amos Tafiri". The Culture Custodian (Est. 2014.). Retrieved 2024-02-22.
  6. "Nigeria:Ajose, Alakija, Adele, Coker… The Who's Who of Lagos families". The Africa Report.com. Retrieved 2024-02-23.
  7. "SIMI DREY: I'm a huge seeker of adventures". The Nation News.
  8. MoveBackToNigeria (2016-08-26). "Move Back To Nigeria: Back For Good! Actress, Model, & TV Presenter Simi Drey Shares Her Story". Retrieved 2024-02-22.
  9. ""Nigeria is a mountain of gold," Simi Drey – Jara". “Nigeria is a mountain of gold,” Simi Drey – Jara. Retrieved 2024-02-22.
  10. Anu (2019-11-25). "Simi 'Drey' Biography | Profile | FabWoman". FabWoman | News, Celebrity, Beauty, Style, Money, Health Content For Women. Retrieved 2024-02-22.
  11. "Drey Simi | Actress". IMDb. Retrieved 2024-02-22.
  12. Woman Crush Wednesday: Simi 'Drey' Adejumo | EveryEvery". everyevery.ng. 2019-11-27. Retrieved 2024-02-23.
  13. "Curtains Close on Africa Magic's 53 Extra". Curtains Close on Africa Magic’s 53 Extra. Retrieved 2024-02-23.