Solly Malatsi

Go tswa ko Wikipedia

Mmoba Solomon "Solly" Malatsi (o tshotswe ka ka kgwedi ya Sedimonthole a le tlhola malatsi ale masome a mabedi ka ngwaga wa 1985), ke lepolotiki la lefatshe la Aferika Borwa o tlholegang kwa Limpopo. E sale e nna leloko la Khuduthamaga ya sechaba ya Aferika Borwa go simologa ka ngwaga wa 2014 ka kgwedi ya Motsheganong.O sale a dirile mo boeteledipele jwa Democratic Alliance (DA) e le mothusa moeteledipele go sikmologa ka ngwaga wa 2013.O ne gape e le moeteledipele wa mokgatlho go simologa ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2022, o ne a tshwere maemo a, go tswa ka Seetebosigo 2018 go fitlha ka Ngwanatsele 2020. Malatsi gape e ne e le e le Mogakolodi wa Palamente go Moeteledipele wa Palamente wa DA. O ne a na le maemo gape mo komiting e potlana ya DA .

Botshelo le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Malatsi o tsholetswe kwa Ga-Dikgale mo kgaolong ya pele ya Transvaal. O tsene sekolo kwa Phiri Kolobe High School mme a tswelela kwa sekolong se segolo sa Limpopo (University of Limpopo) kwa a alogileng ka dithuto tsa Bachelor of Administration. Malatsi o ne gape a aloga ka dithutego tsa Honours mo dithutong tsa sepolotiki kwa sekolong se segolo sa Witwatersrand. Malatsi ke sealogane mo Lenaneong la Baeteledipele ba Basha la DA.[1]

Tiro ya sepolotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Malatsi o ne a nna mmatlisisi wa palamente wa DA ka 2008[1].Morago o ne a dira jaaka mmueledi wa Tona ya Dipalamo le ditiro tsa sechaba ya kgaolo ya Kapa Bophirima (Western Cape Provincial),Robin Carlisle,go simologa ka ngwaga wa 2009 go feleletsa ka wa 2011.Mo bogareng jwa 2011 le 2014,o ne a direla jaaka mmueledi wa rateropo ya Cape Town Patricia de lille.

Tiro ya Palamente[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Motsheganong 2014, o ne ya nna mopalamente wa DA mme morago o ne a tlhophiwa go nna setlhopha sa bagakolodi ba ba tlhopilweng ke lekoko le le seng mo pusong ya Dikago (Minister of Human Settlements)[2]

Ka ngwaga wa 2018, ka kgwedi ya Seetebosigo, Malatsi o ne a tlhophiwa go nna mmueledi wa setshaba wa DA, a tla morago ga Phumzile van Damme..O ne a tlhophiwa gape go nna mopalamente labobedi ka kgwedi ya Motsheganong ka 2019.O ne a nna a nna mogakolodi o tlhophilweng lekoko lele seng mo pusong la Bo Tautona ka Seetebosigo.E rile ka Phalane ka ngwaga wa 2019,o ne a tlhophiwa go nna mogakolodiwa moeteledipele wa palamente wa DA yo o itlhophetsweng,John Steenhuisen.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

.

  1. 1.0 1.1 Mabotja, Reabetswe (10 June 2014). "Malatsi makes the province proud". reviewonline.co.za. Retrieved 10 April 2020.
  2. Chabalala, Jeanette (15 June 2018). "Solly Malatsi appointed as additional DA national spokesperson ahead of elections". News24. Retrieved 10 April 2020.
  3. Mkhwanazi, Siyabonga (31 October 2019). "DA's Steenhuisen appoints Natasha Mazzone as party's new Chief Whip". IOL. Retrieved 10 April 2020.