Jump to content

Solomon Tshekisho Plaatje

Go tswa ko Wikipedia

Solomon Tshekisho Plaatje (09 Diphalane 1876 - 19 Seetebosigo 1932) e ne e le rramatlhale wa Afrika Borwa, mmegadikgang, moitse-dipuo, rradipolotiki, moranolodi le mokwadi. Plaatje e ne e le leloko la ba ba simolotseng lekoko la South African Native National Congress (SANNC) gape e le Mokwaledi-Kakaretso wa ntlha wa leloko le e neng morago ya nna African National Congress (ANC). Mmasepala wa Selegae wa Sol Plaatje, o o akaretsang toropo ya Kimberley, o reeletswe ka ene, fela jaaka Yunibesithi ya Sol Plaatje, e e butsweng ka 2014, teng ko Kimberley.[1]

Plaatje o belegwe kwa Doornfontein gaufi le Boshof, Orange Free State (e jaanong e itsegeng jaaka Free State Province, nngwe ya diporofense di le robong tsa Afrika Borwa). Solomon Plaatje e ne e le ngwana wa borataro mo go barwa ba le robedi. Leina la ga rremogolo wa gagwe e ne e le Selogilwe Mogodi (1836 -1881). Mothapi wa gagwe wa molemirui wa mosweu, o o neng a bitswa Groenewald, o ne a mo fa leina la motshameko are ke Plaatje ('Setshwantsho') ka 1856. Lelapa la gagwe le ne la simolola go dirisa leina leno jaaka sefane. Batsadi ba gagwe, Johannes le Martha e ne e le maloko a setšhaba sa Batswana. E ne e le Bakeresete mme ba ne ba berekela barongwa kwa diteisheneng tsa borongwa mo Aforika Borwa. E rile Solomon a le dingwaga di le nne, lelapa la gagwe le ne la fudugela kwa Pniel, gaufi le Kimberley kwa Cape Colony. Lelapa le ile la ya go berekela morongwa wa Mojeremane, Ernst Westphal o e neng e le rremogolo wa moitse-dipuo, Ernst Westphel le mosadi wa gagwe Wilhelmine. Fa a le koo o ne a amogela thuto ya borongwa. Fa a ne a feta baithuti ka ene o ne a fiwa thuto e e oketsegileng ya sephiri ke Mohumagadi Westphal, yo gape a neng a mo ruta go tshameka piano le violin le go mo ruta go opela.[4] Ka February 1892, a na le dingwaga di le 15, o ne a nna morutabana wa moithuti, tiro e a neng a e dira dingwaga di le pedi.

  1. Address by the President of South Africa during the announcement of new Interim Councils and names of the New Universities, 25 July 2013, retrieved 25 July 2013.